Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsamaya mo Tseleng ya Bothokgami

Tsamaya mo Tseleng ya Bothokgami

Tsamaya mo Tseleng ya Bothokgami

“Fa e le nna, ke tla tsamaya mo bothokgaming jwa me.”—PESALEMA 26:11.

1, 2. (a) Ke ka ntlha yang fa bothokgami jwa motho e le karolo ya botlhokwa mo kgannyeng ya bolaodi jwa Modimo? (b) Dibopiwa tse di botlhale di ka bontsha jang gore di eme bolaodi jwa ga Jehofa nokeng?

FA Satane a ne a tsuologa kwa tshimong ya Edene, o ne a tsosa kgang ya lobopo lotlhe ya gore a Modimo o na le tshwanelo ya go laola dibopiwa tsa gagwe tsotlhe. Nako nngwe moragonyana, Satane o ne a bolela gore batho ba ne ba ka direla Modimo fa fela ba ne ba ka solegelwa molemo ke go dira jalo. (Jobe 1:9-11; 2:4) Ka gone, bothokgami jwa batho ke karolo ya botlhokwa mo kgannyeng ya gore a Jehofa o na le tshwanelo ya go busa lobopo lotlhe.

2 Le fa bolaodi jwa Modimo bo sa ikaega ka bothokgami jwa dibopiwa tsa gagwe, batho le barwa ba Modimo ba semoya ba ka bontsha gore ba eme kae mo kgannyeng eno. Jang? Ka go tlhopha go tsaya tsela ya bothokgami kgotsa go sa e tseye. Ka jalo, bothokgami ke sengwe sa konokono se motho a ka atlholwang ka sone.

3. (a) Jobe le Dafide ba ne ba batla gore Jehofa a tlhatlhobe a bo a atlhole eng? (b) Go ka bodiwa dipotso dife malebana le bothokgami?

3 Jobe o ne a bolela jaana a tlhomamisegile: “[Jehofa] o tla ntekanya bokete mo dikaleng tse di tlhomameng mme Modimo o tla itse bothokgami jwa me.” (Jobe 31:6) Kgosi Dafide wa Iseraele ya bogologolo o ne a kopa Jehofa gore a tlhatlhobe bothokgami jwa gagwe fa a ne a rapela a re: “Nkatlhole, Jehofa, gonne ke tsamaile mo bothokgaming jwa me, mme ke ikantse Jehofa, gore ke tle ke se ka ka kgwetlha.” (Pesalema 26:1) A bo go le botlhokwa jang ne gore le rona re tsamaye mo tseleng ya bothokgami! Mme bothokgami ke eng, le gone go tsamaya mo tseleng ya jone go kaya eng? Ke eng se se tla re thusang gore re nne re na le bothokgami?

“Ke Tsamaile mo Bothokgaming Jwa Me”

4. Bothokgami ke eng?

4 Bothokgami bo kaya go ikanyega, go tlhoka molato le go nna tshiamo. Le fa go ntse jalo, bothokgami ga se go dira se se siameng fela. Ke go nna le boitsholo jo bo siameng kgotsa go ineela ka pelo yotlhe mo Modimong. Satane o ne a belaela maitlhomo a ga Jobe fa a ne a raya Modimo a re: “Ntsha seatla sa gago, tsweetswee, mme o [ame Jobe] go fitlha kwa lerapong la gagwe le nama ya gagwe mme o bone gore a ga a na go go tlhapatsa fa pele ga gago.” (Jobe 2:5) Kwantle ga go dira se se tshwanetseng, bothokgami gape bo tlhoka gore pelo ya motho e bo e mo tlhotlheletsa ka tsela e e siameng.

5. Ke eng se se bontshang gore go nna re thokgame ga go tlhoke gore re bo re itekanetse?

5 Le fa go ntse jalo, go nna le bothokgami ga go tlhoke gore motho a bo a itekanetse. Kgosi Dafide o ne a sa itekanela e bile o ne a dira diphoso di le mmalwa tse di masisi mo botshelong jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, Baebele e mo tlhalosa e le motho yo o neng a tsamaya “ka bothokgami jwa pelo.” (1 Dikgosi 9:4) Ka ntlha yang? Ka gonne Dafide o ne a rata Jehofa. Pelo ya gagwe e ne e ineetse mo Modimong. O ne a dumela diphoso tsa gagwe, a amogela kgalemo a bo a baakanya ditsela tsa gagwe. Ee ruri, tsela e Dafide a neng a ineetse e bile a rata Jehofa Modimo wa gagwe ka pelo yotlhe ka yone e bontsha gore o ne a thokgame.—Duteronome 6:5, 6.

6, 7. Go tsamaya mo bothokgaming go akaretsa eng?

6 Motho ga a tshwanela go bontsha bothokgami mo karolong e e rileng fela ya botshelo, jaaka mo bodumeding. Bothokgami bo ama tsela yotlhe ya botshelo jwa rona. Dafide o ne a “tsamaya” mo bothokgaming jwa gagwe. The New Interpreter’s Bible ya re “lediri ‘tsamaya’ le kaya ‘tsela ya botshelo’ kgotsa ‘mokgwa wa botshelo.’” Mopesalema o ne a opela jaana ka batho “ba ba se nang molato mo tseleng ya bone”: “Go itumela ba ba bolokang dikgakololo tsa [Modimo]; ba nna ba mmatla ka pelo yotlhe. Tota ga ba a dira tshiamololo epe. Ba tsamaile mo ditseleng tsa gagwe.” (Pesalema 119:1-3) Bothokgami bo tlhoka gore o nne o leka go dira thato ya Modimo ka dinako tsotlhe o bo o tsamaye mo tseleng ya gagwe.

7 Go tsamaya ka bothokgami go tlhoka go ineela ka boikanyegi mo Modimong, tota le fa maemo a le thata. Bothokgami jwa rona bo bonala fa re itshokela diteko, re nna re nonofile le fa re lebane le mathata, kgotsa re gana dithaelo tsa lefatshe le le boikepo. Re ‘ipedisa pelo ya ga Jehofa’ ka gonne o kgona go araba ene yo a mo kgobang. (Diane 27:11) Go a utlwala he go bo re ka ikemisetsa jaana jaaka Jobe: “Nka se tlose bothokgami jwa me mo go nna go fitlha ke swa!” (Jobe 27:5) Pesalema ya bo26 e bontsha se se tla re thusang go tsamaya mo bothokgaming.

“Itshekise Diphilo Tsa me le Pelo ya Me”

8. Kopo ya ga Dafide ya gore Jehofa a mo tlhatlhobe diphilo le pelo e go ruta eng?

8 Dafide o ne a rapela jaana: “Ntlhatlhobe, tlhe Jehofa, mme o nteke; itshekise diphilo tsa me le pelo ya me.” (Pesalema 26:2) Diphilo di kwa tengteng ga mmele. Ka tsela ya tshwantshetso, diphilo di emela dikakanyo le maikutlo a motho a a kwa tengteng. Mme pelo ya tshwantshetso ke motho wa kafa teng a feletse—maitlhomo a gagwe, maikutlo a gagwe le tsela ya gagwe ya go akanya. Fa Dafide a ne a kopa Jehofa gore a mo tlhatlhobe, tota o ne a rapelela gore dikakanyo le maikutlo a gagwe a a kwa teng a sekasekiwe a bo a tlhatlhobiwe.

9. Jehofa o itshekisa pelo le diphilo tsa rona tsa tshwantshetso jang?

9 Dafide o ne a kopa gore diphilo tsa gagwe le pelo di itshekisiwe. Jehofa o itshekisa jang se re leng sone kafa teng? Dafide o ne a opela jaana: “Ke tla baka Jehofa, yo o nneileng kgakololo. Ruri, diphilo tsa me di ntshiamisitse mo masigong.” (Pesalema 16:7) Seo se kayang? Se kaya gore kgakololo ya Modimo e ne e fitlha kwa dikarolong tse di kwa tengteng tsa ga Dafide e bo e nna koo, e siamisa dikakanyo le maikutlo a gagwe a a kwa tengteng. Go ka nna jalo le ka rona fa re akanya ka go anaanela kgakololo e re e bonang mo Lefokong la Modimo, mo baemeding ba gagwe le mo phuthegong ya gagwe mme re e letla gore e nne kwa tengteng ga rona. Go rapela Jehofa ka metlha gore a re itshekise ka tsela eno go tla re thusa gore re tsamaye mo bothokgaming.

‘Bopelonomi Jwa Gago Jwa Lorato bo fa Pele ga Me’

10. Ke eng se se neng sa thusa Dafide go tsamaya mo boammaaruring jwa Modimo?

10 Dafide o ne a tswelela jaana: “Bopelonomi jwa gago jwa lorato bo fa pele ga matlho a me, mme ke tsamaile mo boammaaruring jwa gago.” (Pesalema 26:3) Dafide o ne a itse ditiro tsa Modimo sentle tsa bopelonomi jwa lorato, mme o ne a tlhatlhanya ka tsone a di anaanela. O ne a opela jaana: “Baka Jehofa, wena moya wa me, mme o se ka wa lebala ditiro tsotlhe tsa gagwe.” Dafide o ne a tswelela jaana, a gopola nngwe ya “ditiro” tsa Modimo: “Jehofa o diragatsa ditiro tsa tshiamo le ditshwetso tsa boatlhodi mo go botlhe ba ba tsiediwang. O ne a itsise Moshe ditsela tsa gagwe, le bomorwa Iseraele a ba itsise ditiro tsa gagwe.” (Pesalema 103:2, 6, 7) Gongwe Dafide o ne a gopotse ka go tsiediwa ga Baiseraele ke Baegepeto mo motlheng wa ga Moshe. Fa e le gore go ntse jalo, go akanya ka tsela e Jehofa a neng a itsise Moshe ditsela tse a neng a tlile go ba golola ka tsone go tshwanetse ga bo go ile ga ama Dafide pelo mme ga mo nonotsha gore a ikemisetse go tsamaya mo boammaaruring jwa Modimo.

11. Ke eng se se ka re thusang go tsamaya mo tseleng ya bothokgami?

11 Go ithuta Lefoko la Modimo ka metlha le go tlhatlhanya ka se re se ithutang mo go lone, le gone go tla re thusa gore re tsamaye mo tseleng ya bothokgami. Ka sekai, go gopola gore Josefa o ne a sia fa mosadi wa ga Potifaro a ne a batla go dira boitsholo jo bo sa siamang le ene ruri go ka re kgothaletsa gore re sie fa batho ba batla go dira boitsholo jo bo sa siamang le rona kwa tirong, kwa sekolong kgotsa gongwe le gongwe fela. (Genesise 39:7-12) Go tweng fa re raelwa go dirisa tshono ya gore re hume kgotsa re tume re bo re nne le maemo mo lefatsheng? Re na le sekai sa ga Moshe, yo o neng a gana kgalalelo ya kwa Egepeto. (Bahebera 11:24-26) Kwantle ga pelaelo, go nna re gopotse boitshoko jwa ga Jobe go tla re thusa go nonotsha maikemisetso a rona a go nna re ikanyega mo go Jehofa le fa re lwala kgotsa re wetswe ke mathata. (Jakobe 5:11) Go tweng fa re bogisiwa? Ee, go gopola tiragalo ya ga Daniele a le mo mongobong wa ditau go ka re kgothatsa fela thata!—Daniele 6:16-22.

“Ga ke A Nna le Batho Ba ba Se Nang Boammaaruri”

12, 13. Ga re a tshwanela go tsalana le batho ba ba ntseng jang?

12 Dafide o ne a bolela jaana a bua ka kgang e nngwe gape e e ileng ya nonotsha bothokgami jwa gagwe: “Ga ke a nna le batho ba ba se nang boammaaruri; e bile ga ke tsene le ba ba fitlhang se ba leng sone. Ke tlhoile phuthego ya badirabosula, mme ga ke nne le baikepi.” (Pesalema 26:4, 5) Tota Dafide o ne a ka se ka a nna le baikepi. O ne a tlhoile ditsala tse di bosula.

13 Go tweng ka rona? A re gana go nna le batho ba ba se nang boammaaruri ka go lebelela thelebishene, dibidio, difilimi, le go dirisa Internet kgotsa ka ditsela tse dingwe? A re nnela kgakala le batho ba ba fitlhang se ba leng sone? Bangwe kwa sekolong kgotsa kwa re berekang teng ba ka itira e kete ke ditsala tsa rona mme ba na le maikaelelo a boferefere. A ruri re batla go nna ditsala tse di gaufi le batho ba ba sa tsamayeng mo boammaaruring jwa Modimo? Batlhanogi le bone ba ka ipolela ba le peloephepa mme tota ba batla go re faposa mo go direleng Jehofa. Go tweng fa go na le bangwe mo phuthegong ya Bokeresete ba ba tshelang matshelo a boitimokanyi? Le bone ba fitlha se tota ba leng sone. Jayson, yo jaanong e leng motlhanka wa bodiredi, o ne a na le ditsala tse di ntseng jalo fa a sa le mosha. O bolela jaana ka bone: “Letsatsi lengwe mongwe wa bone o ne a nthaya a re: ‘Ga go botlhokwa gore re dirang gone jaanong ka gonne fa tsamaiso e ntšha e tla, re tla bo re setse re sule. Ga re kitla re itse gore re fetilwe ke eng.’ Mafoko ao a ne a dira gore ke itharabologelwe. Ga ke batle gore ke bo ke sule fa tsamaiso e ntšha e tla.” Jayson ka botlhale o ne a kgaotsa go tsalana le batho bao. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa jaana: “Lo se ka lwa tsiediwa. Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.” (1 Bakorintha 15:33) Eleruri go botlhokwa gore re se ka ra tsalana le batho ba ba bosula!

‘Ke Tla Bolela Ditiro Tsa Gago Tsotlhe Tse di Gakgamatsang’

14, 15. Re ka “tsamaya go dikologa sebeso sa [ga Jehofa]” jang?

14 Dafide o ne a tswelela a re: “Ke tla tlhapa diatla tsa me ka go tlhoka molato, mme ke tla tsamaya go dikologa sebeso sa gago, wena Jehofa.” Ka ntlha yang? “Go dira gore go ntshiwa ga ditebogo go utlwelwe kwa godimo, le go bolela ditiro tsa gago tsotlhe tse di gakgamatsang.” (Pesalema 26:6, 7) Dafide o ne a batla go nna a le phepa mo boitsholong gore a kgone go obamela Jehofa le go bolela kafa a ineetseng ka teng mo Modimong.

15 Sengwe le sengwe se se amanang le kobamelo ya boammaaruri mo motlaaganeng mme moragonyana kwa tempeleng e ne e le “setshwano se se tshwanang tota e bile e le moriti wa dilo tsa selegodimo.” (Bahebera 8:5; 9:23) Sebeso se ne se tshwantshetsa gore Jehofa o ne a iketleeditse go amogela setlhabelo sa ga Jesu Keresete gore batho ba rekololwe. (Bahebera 10:5-10) Re tlhapa diatla ka go tlhoka molato re bo re “tsamaya go dikologa sebeso sa [ga Jehofa]” ka go bontsha tumelo mo setlhabelong seo.—Johane 3:16-18.

16. Go bolelela ba bangwe ditiro tsa Modimo tse di gakgamatsang go re solegela molemo jang?

16 Fa re akanya ka melemo yotlhe ya thekololo, a ga re ikutlwe re batla go leboga Jehofa le Morwawe yo o tsetsweng a le esi go tswa pelong? Ka jalo, ka dipelo tse di lebogang, a re itsiseng ba bangwe ditiro tse di molemo tsa Modimo—go simolola ka go bopiwa ga motho kwa tshimong ya Edene go fitlha ka go tsosolosiwa ga dilo tsotlhe mo lefatsheng le lesha la Modimo. (Genesise 2:7; Ditiro 3:21) Mme a bo tiro ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa e sireletsa jang ne semoyeng! (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Go nna re tshwaregile mo go yone go re thusa gore re nne re na le tsholofelo ka isagwe, mme tumelo ya rona mo ditsholofetsong tsa Modimo e nne e nonofile, le gone re se ka ra felelwa ke lorato lo re ratang Jehofa le batho ba bangwe ka lone.

“Ke Ratile Bonno Jwa Ntlo ya Gago”

17, 18. Re tshwanetse ra ikutlwa jang ka dipokano tsa Bokeresete?

17 Motlaagana, o o neng o na le sebeso se go ntshediwang ditlhabelo mo go sone, e ne e le lefelo la konokono la kobamelo ya ga Jehofa kwa Iseraele. Dafide o ne a rapela jaana a bontsha gore o itumelela lefelo leo: “Jehofa, ke ratile bonno jwa ntlo ya gago le lefelo le go nnang kgalalelo ya gago mo go lone.”Pesalema 26:8.

18 A re rata go kopanela kwa mafelong a re ithutang ka Jehofa kwa go one? Holo nngwe le nngwe ya Bogosi e na le thulaganyo ya ka metlha ya thuto ya semoya mme ke lone lefelo la kobamelo ya boammaaruri mo setšhabeng. Mo godimo ga moo, re na le dikopano tsa rona tsa ngwaga le ngwaga, dikopano tsa potologo le dikopano tse di kgethegileng tsa letsatsi le le lengwe. Kwa dipokanong tse di ntseng jalo go buiwa ka “dikgakololo” tsa ga Jehofa. Fa re ithuta go “di rata fela thata,” re tla tlhoafalela go nna teng kwa dipokanong mme re tla reetsa ka tlhoafalo fa re le koo. (Pesalema 119:167) A bo go lapolosa jang ne go nna le badumedi ka rona ba ba ratang gore dilo di re tsamaele sentle e bile ba re thusa go tswelela re le mo tseleng ya bothokgami!—Bahebera 10:24, 25.

‘O se Ka wa Tlosa Botshelo Jwa Me’

19. Dafide o ne a sa batle go fitlhelwa a na le maleo afe?

19 E re ka Dafide a ne a lemoga sentle ditlamorago tsa go tlogela go tsamaya mo boammaaruring jwa Modimo, o ne a kopa jaana: “O se ka wa tlosa moya wa me mmogo le baleofi, le fa e le botshelo jwa me le batho ba ba nang le molato wa madi, ba go nang le boitshwaro jo bo repileng mo diatleng tsa bone, le ba seatla sa bone sa moja se tletseng pipamolomo.” (Pesalema 26:9, 10) Dafide o ne a sa batle go balelwa le banna ba ba boikepo ba ba nang le boitshwaro jo bo repileng kgotsa ba ba dirisang pipamolomo.

20, 21. Ke eng se se ka re gogelang mo tseleng ya ba ba sa rateng Modimo?

20 Gompieno lefatshe le tletse ka mekgwa e mentsintsi ya boitsholo jo bo sa siamang. Thelebishene, dimakasine le difilimi di rotloetsa boitsholo jo bo sa siamang jo e leng “kgokafalo, boitshekologo, boitshwaro jo bo repileng.” (Bagalatia 5:19) Bangwe ba ile ba fetoga makgoba a ditshwantsho tse di hepisang, tse gantsi di gogelang mo boitsholong jo bo sa siamang. Basha ke bone ba ba amiwang thata ke tlhotlheletso e e ntseng jalo. Kwa dinageng dingwe, go tlwaelegile gore batho ba bong jo bo sa tshwaneng ba intshe mmogo, mme basha ba tlhotlhelediwa go dumela gore ba tshwanetse go latela mokgwa oo. Basha ba le bantsi ba a ratana, le fa ba sa le bannye gore ba ka tsena mo lenyalong. Go ise go ye kae, ba tsenelela mo boitsholong jo bo sa siamang mo ba felelang ba dirile kgokafalo, e le gore ba kgotsofatse dikeletso tsa tlhakanelodikobo tse ba simololang go nna le tsone.

21 Bagolo le bone ba ka tlhotlhelediwa go dira bosula. Ditirisano tsa kgwebo tse di dirwang ka go tlhoka boikanyegi le tlwaelo ya go dira ditshwetso tsa motho a ikakanyetsa a le esi, di supa go se nne le bothokgami. Go tsamaya mo ditseleng tsa lefatshe ruri go tla re katosetsa kgakala le Jehofa. A re ‘tlhoeng se se bosula mme re rate se se molemo’ gore re tswelele re tsamaya mo tseleng ya bothokgami.—Amose 5:15.

“A ko O Nkgolole O bo O Nkutlwele Botlhoko”

22-24. (a) Mafoko a a konelang a Pesalema 26 a go kgothatsa jang? (b) Go tla sekasekwa serai sefe mo setlhogong se se latelang?

22 Dafide o ne a konela mafoko a a neng a a bolelela Modimo jaana: “Fa e le nna, ke tla tsamaya mo bothokgaming jwa me. A ko o nkgolole o bo o nkutlwele botlhoko. Lonao lwa me ruri lo tla ema mo lefelong le le sebatla; ke tla baka Jehofa fa gare ga boidiidi jo bo phuthegileng.” (Pesalema 26:11, 12) Dafide o ikemiseditse go tsamaya mo bothokgaming jwa gagwe mme gape o kopa gore a gololwe. A bo seo se kgothatsa jang ne! Le fa re le baleofi, Jehofa o tla re thusa fa re ikemiseditse go tsamaya mo tseleng ya bothokgami.

23 E kete tsela e re tshelang ka yone e ka bontsha gore re tlotla le go anaanela bolaodi jwa Modimo mo karolong nngwe le nngwe ya botshelo jwa rona. Mongwe le mongwe wa rona a ka kopa Jehofa ka thapelo gore a tlhatlhobe a bo a itshekise dikakanyo le maikutlo a gagwe a a kwa teng. Re ka nna re beile boammaaruri jwa Modimo fa pele ga matlho a rona ka metlha ka go ithuta Lefoko la gagwe ka tlhoafalo. Ka jalo, a re lekeng ka natla go se nne le ditsala tse di bosula mme re galaletse Jehofa mo gare ga boidiidi jo bo phuthegileng. A re tlhoafaleng mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa, le ka motlha re sa letle lefatshe go tsenya kamano ya rona e e molemo le Modimo mo kotsing. Fa re ntse re dira bojotlhe jwa rona go tsamaya mo tseleng ya bothokgami, re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla re amogela.

24 E re ka bothokgami bo ama dikarolo tsotlhe tsa botshelo, re tshwanetse go itse ka serai sengwe se se kotsi—go nwa bojalwa mo go feteletseng. Kgang eno e tla sekasekwa mo setlhogong se se latelang.

A o A Gakologelwa?

• Ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore dibopiwa tse di botlhale di atlholwe go ya ka bothokgami jwa tsone?

• Bothokgami ke eng, mme go tsamaya mo tseleng ya jone go akaretsa eng?

• Ke eng se se tla re thusang go tsamaya mo tseleng ya bothokgami?

• Fa re batla go nna re na le bothokgami, re tshwanetse go itse le go tila dikotsi dife?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

A ka metlha o kopa Jehofa gore a tlhatlhobe dikakanyo tsa gago tse di kwa tengteng?

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

A o nna o beile ditiro tsa ga Jehofa tsa bopelonomi jwa lorato fa pele ga matlho a gago?

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Fa re boloka bothokgami le fa re lekwa, re ipedisa pelo ya ga Jehofa

[Ditshwantsho mo go tsebe 17]

A o dirisa dithulaganyo tsa ga Jehofa tse di ka go thusang go tsamaya mo tseleng ya bothokgami?