Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Letlang Boitshoko bo Feleletse Tiro ya Jone”

“Letlang Boitshoko bo Feleletse Tiro ya Jone”

“Letlang boitshoko bo feleletse tiro ya jone, gore lo felele lo bo lo itekanele sentle ka ditsela tsotlhe, lo sa tlhaele mo go sepe.”—JAKOBE 1:4.

PINA: 135, 139

1, 2. (a) Go itshoka ga ga Gidione le masole a gagwe a a 300, go re ruta eng? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.) (b) Go ya ka Luke 21:19, ke eng fa go itshoka go le botlhokwa?

AKANYA fela kafa masole a Iseraele a a eteletsweng pele ke Moatlhodi Gidione a neng a lapile ka teng fa a ne a lwa ntwa e e matlho mahibidu kgatlhanong le baba ba bone. Gidione mmogo le masole a gagwe, ba ne ba taboga dikilometara di ka nna 32 bosigo jotlhe ba lelekisa Bamidiana le batshegetsi ba bone! Baebele e re bolelela se se neng sa direga morago ga moo. Ya re: “Kgabagare Gidione a tla mo Joredane, a e kgabaganya, ene le banna ba ba makgolo a le mararo ba ba neng ba na le ene, ba lapile.” Mme ba ne ba ise ba fenye e bile ba ne ba sa ntse ba tshwanelwa ke go lwa le masole a le 15 000. Go ne go fetile dingwaga di le dintsi Baiseraele ba ntse ba gateletswe ke baba bano, ka jalo, Baiseraele ba ne ba se kitla ba ineela. Gidione le masole a gagwe ba ne ba tswelela ka go lelekisa baba ba bone mme kgabagare ba ba fenya!—Baatlhodi 7:22; 8:4, 10, 28.

2 Le rona re mo ntweng e e matlho mahibidu le e e lapisang. Re lwa kgatlhanong le Satane, lefatshe la gagwe le makoa a rona. Bangwe ba rona re na le nako e telele re ntse re le mo ntweng eno. Jehofa o ile a re thusa go fenya dintwa di le dintsi. Le fa go ntse jalo, ga re ise re fenye ntwa ya makgaolakgang. Ka dinako tse dingwe re ka nna ra batla go ineela. Kgotsa re ka nna ra lapisiwa ke go nna re letetse go fedisiwa ga batho ba ba bosula. Jesu o ne a re tlhagisa gore re tla lebana le diteko tse dikgolo le pogiso e e setlhogo mo metlheng eno ya bofelo. Mme gape o ne a re fa re itshoka, re ka kgona go fenya. (Bala Luke 21:19.) Boitshoko ke eng? Ke eng se se ka re thusang go itshoka? Re ka ithuta eng mo bathong ba ba neng ba kgona go itshoka? Mme re ka ‘letla boitshoko gore bo feleletse tiro ya jone’ jang?—Jakobe 1:4.

BOITSHOKO KE ENG?

3. Boitshoko ke eng?

3 Mo Baebeleng, boitshoko bo akaretsa tsela e re akanyang le e re ikutlwang ka yone ka diteko tse re lebanang le tsone. Boitshoko bo re thusa go nna pelokgale, go ikanyega le go nna pelotelele. Buka nngwe ya re boitshoko ke nonofo e e re thusang go nna le tsholofelo le e e dirang gore re se ka ra itlhoboga fa re lebana le diteko. Bo re thusa gore re eme re nitame re sa tshikinyege le fa go ka nna thata jang. Gape bo re thusa gore re nne re itumetse le fa re lekwa le go leba ka kwa ga diteko tse re lebanang le tsone.

4. Ke eng fa lorato lo re thusa go itshoka?

4 Lorato lo re thusa go itshoka. (Bala 1 Bakorintha 13:4, 7.) Jang? Go rata Jehofa go re thusa go itshokela sengwe le sengwe se a se letlelelang. (Luke 22:41, 42) Lorato lo ka re thusa go itshokela makoa a Bakeresetemmogo le rona. (1 Petere 4:8) Fa re rata molekane wa rona wa lenyalo, seo se tla re thusa go itshokela “pitlagano” e tota le banyalani ba ba itumetseng ba lebanang le yone mme go dira jalo go tla nonotsha lenyalo la rona.—1 Bakorintha 7:28.

KE ENG SE SE KA GO THUSANG GO ITSHOKA?

5. Ke eng fa Jehofa e le ene fela a kgonang go re thusa go itshoka?

5 Kopa Jehofa gore a go neye maatla. Jehofa ke “Modimo yo o fang boitshoko le kgomotso.” (Baroma 15:5) Ke ene fela a tlhaloganyang ka botlalo maemo a rona, maikutlo a rona le tsela e re godileng ka yone. Ka jalo, o itse se re se tlhokang gore re kgone go itshoka. Baebele ya re: “O tla diragatsa keletso ya ba ba mmoifang, e bile o tla utlwa go goa ga bone ba kopa thuso, mme o tla ba boloka.” (Pesalema 145:19) Modimo o tla araba jang dithapelo tsa rona fa re mo kopa gore a re neye maatla a go itshoka?

Jehofa o re tlhaloganya ka botlalo e bile o itse se re se tlhokang gore re kgone go itshoka

6. Jehofa a ka re bulela jang “tsela ya go tswa”?

6 Fa re kopa Jehofa gore a re thuse go itshoka, o re solofetsa gore “o tla dira tsela ya go tswa.” (Bala 1 Bakorintha 10:13.) O dira seo jang? Ka dinako dingwe a ka re golola mo tekong. Mme gantsi o re naya nonofo gore re ‘itshoke ka botlalo le gore re itshware ka bopelotelele ka boipelo.’ (Bakolosa 1:11) E re ka Jehofa a itse tsela e re bopilweng, e re akanyang le e re ikutlwang ka yone, ga a kitla a tsamaya a letlelela gore re lekwe mo re ka palelwang ke go ikanyega.

7. Ke eng fa re tlhoka dijo tsa semoya gore re kgone go itshoka? Tshwantsha.

7 Nonotsha tumelo ya gago ka dijo tsa semoya. Ke eng fa dijo tsa semoya di le botlhokwa? Ka sekai: Motho o tlhoka go ja dijo tsa malatsi a le manè mo letsatsing le le lengwe gore a kgone go nna le maatla a go palama thaba e e kwa godimo go di feta tsotlhe mo lefatsheng. Seno se raya gore o tla tlhoka go ja go feta selekanyo se a tlwaetseng go se ja letsatsi le letsatsi. Le rona re tlhoka dijo tse dintsi tsa semoya gore re kgone go itshoka go ya bokhutlong. Re tshwanetse go ipha nako e ntsi ya go ithuta le go ya dipokanong. Go dira jalo go tla re thusa gore re nne le tumelo e e nonofileng.—Johane 6:27.

8, 9. (a) Go ya ka Jobe 2:4, 5, ke kgang efe ya botlhokwa e re lebanang le yone fa re lekwa? (b) O ka akanya ka tiragalo efe fa o lekwa?

8 Tswelela o ikanyega mo Modimong. Fa re lekwa, re a boga, mme ga se gone fela. Go ikanyega ga rona mo Modimong go a lekwa. Tsela e re itshwarang ka yone fa re lekwa e bontsha gore a re tsaya Jehofa e le Mmusi wa lobopo lotlhe. Re raya jang? Mmaba wa Modimo e bong Satane, o ne a tlhapatsa Jehofa a re batho ba mo direla fela ka gonne ba gabile sengwe. Satane o ne a re: “Sengwe le sengwe se monna a nang le sone o tla se ntsha mo boemong jwa moya wa gagwe.” Go tswa foo, Satane o ne a bua jaana ka Jobe: “Go na le moo ntsha seatla sa gago, tsweetswee, mme o mo ame go fitlha kwa lerapong la gagwe le nama ya gagwe mme o bone gore a ga a na go go tlhapatsa fa pele ga gago.” (Jobe 2:4, 5) A Satane o ne a fetola tatofatso eo ya gagwe? Nnyaa! Dingwaga di le dintsi fa Satane a sena go lelekwa kwa legodimong, o ne a sa ntse a latofatsa batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang. (Tshenolo 12:10) Gompieno Satane o sa ntse a re batho ba direla Modimo ka mabaka a bopelotshetlha. O eletsa go re bona re itatola Modimo le go emisa go mo direla.

9 Fa o lekwa, leka go bona tiragalo eno: Satane le madimona a gagwe ba ka fa letlhakoreng le lengwe. Ba lebeletse go bona gore o tla dira eng mme ba re o tlile go ineela. Ka fa letlhakoreng le lengwe go na le Jehofa, Kgosi ya rona e bong Jesu Keresete, batlodiwa ba ba tsositsweng le diketekete tsa baengele. Le bone ba a bona jaaka o ntse o kgaratlha mme ba a go rotloetsa! Ba itumelela go bona o kgona go itshoka e bile o ikanyega mo go Jehofa. Go tswa foo, o utlwa Jehofa a go raya a re: “Tlhalefa morwaaka, mme o ipedise pelo ya me, gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang.”—Diane 27:11.

Jesu o ne a tlhomile mogopolo mo tuelong ya go itshoka

10. O ka etsa Jesu jang ka go tlhoma mogopolo mo tuelong ya go nna o itshokile?

10 Tlhoma mogopolo mo tuelong. A re re o tsere loeto mme kwa o yang gone o ya go fitlha letsatsi le le latelang. O tshwanelwa ke go tsamaya bosigo jotlhe. Go lefifi tota! Mme gone, o a itse gore e se kgale letsatsi le tla tlhaba mme o tshwanetse go nna o tsamaya gore o fitlhe kwa o yang gone. Botshelo le jone bo ntse jalo. O ka nna wa tshwanelwa ke go lebana le mathata a a seng kana ka sepe a a ka go imelang. Jesu le ene a ka tswa a ne a ikutlwa jalo. Fa a ne a bolaelwa mo koteng ya tlhokofatso, o ne a tlontlolotswe e bile a le mo ditlhabing. E tshwanetse ya bo e ne e le nako e e thata go di gaisa tsotlhe mo botshelong jwa gagwe! Ke eng se se mo thusitseng gore a kgone go itshoka? Baebele ya re o ne a lebile “boipelo jo bo neng bo tlhomilwe fa pele ga gagwe.” (Bahebera 12:2, 3) Jesu o ne a tlhomile mogopolo mo tuelong ya go itshoka mme sa botlhokwa le go feta, o ne a tla nna le seabe mo go itshepiseng leina la Modimo le go ema bolaodi jwa gagwe nokeng. O ne a itse gore teko ke selo sa nakwana mme tuelo ya gagwe ya kwa legodimong yone e tla nnela ruri. Diteko tse o lebanang le tsone gone jaanong di ka tswa di go imela e bile di le botlhoko mme gone, se lebale gore ke tsa nakwana fela.

‘BA BA ILENG BA ITSHOKA’

11. Ke eng fa re tshwanetse go sekaseka dikao tsa batho ‘ba ba ileng ba itshoka’?

11 Ga se rona fela ba re tlhokang go itshoka. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana a kgothaletsa Bakeresete gore ba itshokele diteko: “Ganetsanang le ene, lo nonofile mo tumelong, lo itse gore tsone dilo tseo tse di leng malebana le dipogo di diragalela bakaulengwe botlhe ba lona mo lefatsheng.” (1 Petere 5:9) Dilo tse di ileng tsa diragalela batho “ba ba itshokileng,” di re ruta kafa re ka nnang re ikanyega ka gone, di re tlhomamisetsa gore re ka atlega e bile di re gopotsa gore Jehofa o tla re duela fa re ikanyega. (Jakobe 5:11) A re sekaseke dikao di le mmalwa. [1]—Bona ntlha e e kwa bofelong jwa setlhogo.

12. Re ithuta eng mo sekaong sa ditšheruba tse di neng di le kwa Edene?

12 Ditšheruba ke baengele ba maemo a a kwa godimo. Fa Adame le Efa ba sena go leofa, Jehofa o ne a naya bangwe ba baengele bano kabelo e ntšha mo lefatsheng. E ne e farologane le e ba neng ba e dira kwa legodimong. Sekao sa bone se re thusa go itshoka fa re neilwe kabelo e e seng motlhofo. Baebele ya re Jehofa o ne a “tlhoma ditšheruba kwa botlhaba jwa tshingwana ya Edene le bogale jo bo tsabakelang jwa tšhaka e e neng e itikolosa e sa kgaotse go disa tsela e e yang kwa setlhareng sa botshelo.” [2] (Bona ntlha e e kwa bofelong jwa setlhogo.) (Genesise 3:24) Baebele ga e bue sepe ka gore baengele bano ba ne ba ngongorega kgotsa ba tsaya gore tiro eo ke ya maemo a a kwa tlase. Ga ba a ka ba lapisiwa ke kabelo eo kgotsa ba itlhoboga. Go na le moo, ba ne ba nna mo go yone go fitlha e wela dingwaga di feta 1 600 moragonyana, gongwe ka nako ya Morwalela!

13. Jobe o ne a kgona go itshokela diteko tsa gagwe jang?

13 Jobe o ne a ikanyega. Ka dinako tse dingwe re ka utlwisiwa botlhoko ke dilo tse di kgobang marapo tse di buiwang ke tsala kgotsa mongwe wa losika. O ka tswa o lwala kgotsa o utlwile botlhoko ka gonne o swetswe ke mongwe yo o mo ratang. Le fa o ka diragalelwa ke eng, sekao sa ga Jobe se ka kgona go go gomotsa. (Jobe 1:18, 19; 2:7, 9; 19:1-3) Jobe o ne a sa itse gore ke ka ntlha yang fa a ne a boga, mme gone ga a ka a ineela. Ke eng se se neng sa mo thusa go itshoka? Sa ntlha, o ne a rata Jehofa e bile a sa batle go mo utlwisa botlhoko. (Jobe 1:1) Jobe o ne a batla go itumedisa Modimo ka dinako tsotlhe. Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a thusa Jobe gore a kgone go bona maatla a gagwe ka go mmolelela ka dilo tse di gakgamatsang tse a di bopileng. Jobe o ne a tlhomamisegile gore Jehofa o tla mo namola mo ditekong ka nako e e tshwanetseng. (Jobe 42:1, 2) Go ile ga nna fela jalo. “Jehofa [o ne] a golola Jobe mo boemong jwa botshwarwa jo a neng a le mo go jone . . . a simolola go naya Jobe dilo tsotlhe mo godimo ga tse a neng a na le tsone, di menagane sebedi.” Jobe o ne “a tsofetse e bile a kgotsofetse ka malatsi.”—Jobe 42:10, 17.

14. Go ya ka 2 Bakorintha 1:6, go itshoka ga ga Paulo go thusitse ba bangwe jang?

14 Moaposetoloi Paulo. A o boga botlhoko kgotsa o a ganediwa? A o mogolwane kgotsa molebedi wa potologo yo o nang le maikarabelo a mantsi a a go imelang? Fa go ntse jalo, sekao sa ga Paulo se ka go thusa. Paulo o ne a bogisiwa botlhoko e bile ka dinako tsotlhe o ne a tshwenyegile ka Bakeresete ba bangwe. (2 Bakorintha 11:23-29) Mme Paulo ga a ise a ko a ineele e bile sekao sa gagwe se ile sa kgothatsa ba bangwe. (Bala 2 Bakorintha 1:6.) Le wena sekao sa gago se ka kgothatsa ba bangwe.

A O TLA LETLA BOITSHOKO GORE BO ‘FELELETSE TIRO YA JONE’?

15, 16. (a) Ke “tiro” efe e boitshoko bo tshwanetseng go e feleletsa? (b) Naya dikai tsa kafa re ka ‘letlang boitshoko gore bo feleletse tiro ya jone’.

15 Morutwa Jakobe o ne a kwala jaana: “Letlang boitshoko bo feleletse tiro ya jone, gore lo felele lo bo lo itekanele sentle ka ditsela tsotlhe, lo sa tlhaele mo go sepe.” (Jakobe 1:4) Boitshoko bo ka feleletsa “tiro” ya jone jang mo go rona? Fa re lekwa, re ka nna ra lemoga gore re tshwanelwa ke go nna batho ba ba pelotelele, ba ba anaanelang kgotsa ba ba lorato. Fa re itshokela diteko, re tla ithuta go bontsha dinonofo tseno mme seo se tla tokafatsa botho jwa rona.

Fa re itshokela diteko, re tla nna batho ba ba botoka (Bona serapa 15, 16)

16 E re ka boitshoko bo re dira Bakeresete ba ba botoka, ga re kitla re tlola molao wa ga Jehofa fela gore re tswe mo tekong. Ka sekai, fa o lwantshana le dikakanyo tse di leswe, o se ka wa ineela! Kopa Jehofa gore a go thuse go di ntsha mo mogopolong wa gago. A o ganediwa ke mongwe mo lelapeng? O se ka wa itlhoboga! Ikemisetse go tswelela o direla Jehofa. Seo se tla dira gore o ikanye Jehofa le go feta. Se lebale gore, fa re batla go amogelwa ke Modimo, re tshwanetse go itshoka.—Baroma 5:3-5; Jakobe 1:12.

17, 18. (a) Tshwantsha botlhokwa jwa go itshoka go ya bokhutlong. (b) Re ka tlhomamisega ka eng fa bokhutlo bo ntse bo atamela?

17 Re tshwanetse go itshoka go ya bokhutlong, e seng fela ka nakwana. Akanya ka sekepe se se nwelang. Motho o tshwanetse go thumela kwa lotshitshing lwa lewatle gore a kgone go falola. Motho yo o ineelang ka bonako fela fa a simolola go thuma, o tla nwela. Motho yo o ineelang fa a setse a tloga a fitlha fa lotshitshing, le ene o tla nwela. Fa re batla go tshela mo lefatsheng le lesha, re tshwanetse go itshoka go ya bokhutlong. A re nneng le maikutlo a a tshwanang le a ga moaposetoloi Paulo fa a ne a re: “Ga re ineele.”—2 Bakorintha 4:1, 16.

18 Fela jaaka Paulo, re tlhomamisegile gore Jehofa o tla re thusa go itshoka go ya bokhutlong. Paulo o ne a re: “Re tswa re fentse ka botlalo ka ene yo o neng a re rata. Gonne ke tlhatswegile pelo gore le fa e le loso kgotsa botshelo kgotsa baengele kgotsa dipuso kgotsa dilo tse jaanong di leng fano kgotsa dilo tse di tlang kgotsa maatla kgotsa bogodimo kgotsa boteng kgotsa sebopiwa le fa e le sefe se sengwe, ga di ka ke tsa kgona go re kgaoganya le lorato lwa Modimo lo lo mo go Keresete Jesu Morena wa rona.” (Baroma 8:37-39) Gone ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe re a lapa. Mme a re etseng Gidione le masole a gagwe. Ba ne ba lapa mme ga ba ka ba itlhoboga. Ba ne ba nna “ba ba latelela”!—Baatlhodi 8:4.

^ [1] (serapa 11) O tla kgothadiwa ke go bala ka tsela e batho ba Modimo ba motlha wa rona ba ileng ba itshoka ka yone. Ka sekai, Yearbook ya 1992, 1999 le 2008 di na le dipego tse di kgothatsang tsa bakaulengwe ba kwa Ethiopia, Malawi, le Russia.

^ [2] (serapa 12) Baebele ga e tlhalose gore kabelo eo e ne e dirwa ke ditšheruba tse kae.