Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Bodiredi Jwa Gago bo Tshwana le Monyo?

A Bodiredi Jwa Gago bo Tshwana le Monyo?

BODIREDI jwa rona bo botlhokwa thata. Mme ga se mongwe le mongwe yo re mo rerelang yo o itseng ntlha eno. Tota le fa batho ba kgatlhegela se Baebele e se rutang, ga se ka dinako tsotlhe ba batlang go ithuta Lefoko la Modimo le rona.

Akanya ka Gavin yo o neng a tlhola a ya dipokanong kwa Holong ya Bogosi mme a sa batle go ithuta Baebele. Gavin a re o ne a sa itse Baebele go le kalo e bile a sa batle gore batho ba bangwe ba itse ka seo. O ne a tshaba gore mongwe o tla mo kopa gore a nne leloko la bodumedi bongwe e bile o ne a sa batle go akediwa. O akanyang? A go ne go ka kgonega go thusa Gavin? Akanya ka tsela e e molemo e dithuto tsa Baebele di ka amang motho ka gone. Jehofa o ne a raya Baiseraele a re: “Lefoko la me le tla rotha jaaka monyo, jaaka dipula tsa medupe mo bojannyeng.” (Duteronome 31:19, 30; 32:2) Mma re ithute go se kae ka monyo mme re o tshwantshe le bodiredi jwa rona gore re kgone go thusa “batho ba mefuta yotlhe.”—1 Timotheo 2:3, 4.

BODIREDI JWA RONA BO KA TSHWANA JANG LE MONYO?

Monyo o bonolo. Monyo ke marothodi a mannye a metsi a a nnang gone fa go le bongola. Mafoko a ga Jehofa a ne a “rotha jaaka monyo” jang? O ne a bua le batho ba gagwe ka bonolo le ka tsela e e bontshang gore o ne a amega ka bone. Re etsa sekao sa gagwe fa re sa kgale batho ka ntlha ya dilo tse ba di dumelang. Re ba kgothaletsa gore ba akanye le go itirela ditshwetso. Fa re bontsha batho gore re a ba kgatlhegela, ba tla amogela se re se buang e bile re tla nna le diphelelo tse di molemo mo bodireding.

Monyo o a lapolosa. Fa re akanya ka ditsela tse di farologaneng tsa go thusa batho go ithuta boammaaruri, bodiredi jwa rona bo tla ba lapolosa. Mokaulengwe Chris, yo a neng a kopa Gavin gore a ithute Baebele le ene, ga a ka a leka go mo pateletsa go dumela. Go na le moo, o ne a leka ditsela tse di farologaneng go dira gore Gavin a ikutlwe a phuthologile go bua ka Baebele. Chris o ne a bolelela Gavin gore Baebele e na le molaetsa wa botlhokwa thata le gore go ithuta ka molaetsa oo go tla mo thusa go tlhaloganya dilo tse a di ithutang kwa dipokanong. Go tswa foo, Chris o ne a mo tlhalosetsa gore ene o iponetse gore boporofeti jwa Baebele bo boammaaruri. Seo se ne sa dira gore ba tlotle kafa boporofeti jwa Baebele bo ileng jwa diragadiwa ka gone. Gavin o ne a itumelela metlotlo eno mo a neng a feleletsa a dumetse go ithuta Baebele.

Monyo o botlhokwa. Kwa Iseraele, go a direga gore go fete dikgwedi dipula di sa ne ka paka ya selemo. Fa monyo o seyo, dimela di a omelela di bo di swa. Jehofa o ne a bolelela pele gore mo nakong ya rona go tla nna le leuba, ke gore, batho ba tla nyorelwa “go utlwa mafoko a ga Jehofa.” (Amose 8:11) O ne a solofetsa gore batlodiwa ba ne ba tla nna jaaka “monyo o o tswang kwa go Jehofa” fa ba ntse ba rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi, ba engwe nokeng ke ba “dinku tse dingwe.” (Mika 5:7; Johane 10:16) Molaetsa o re o rerang ke karolo ya thulaganyo e e nayang botshelo e Jehofa a e dirileng go thusa batho ba ba nyoretsweng boammaaruri. A re tsaya molaetsa ono o le botlhokwa thata?

Monyo ke mpho e e tswang kwa go Jehofa. (Duteronome 33:13) Batho ba ba reetsang molaetsa wa rona ba segofala thata. Gavin o ne a segofala fa a ne a dumela go ithuta Baebele ka gonne e mo thusitse gore a bone dikarabo tsa dipotso tsa gagwe. O ne a gatela pele ka bonako, a kolobediwa mme gone jaanong o itumelela go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi le mosadi wa gagwe e bong Joyce.

Basupi ba ga Jehofa ba tlatsa lefatshe ka dikgang tse di molemo tsa Bogosi

TSAYA BODIREDI JWA GAGO BO LE BOTLHOKWA

Go tshwantsha tiro ya go rera le monyo go re thusa go tlhaloganya gore matsapa a mongwe le mongwe wa rona a a tsayang mo bodireding, a botlhokwa thata. Jang? Marothodi a le mmalwa ga a thuse go le kalo, mme fa a le mantsi thata, a dira gore mmu o nne bongola. Ka tsela e e tshwanang, re ka bona e kete matsapa a rona mo bodireding ga se a sepe. Mme fa a kopanngwa le a dimilione tse dingwe tsa batlhanka ba ga Jehofa, bosupi bo neelwa “mo ditšhabeng tsotlhe.” (Mathaio 24:14) A bodiredi jwa rona bo tla thusa batho ba bangwe? Boammaaruri ke gore, molaetsa wa rona o tshwana le monyo, ke gore, o bonolo, o a lapolosa e bile o botlhokwa thata!