Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ikanyega go Dira Gore Modimo a re Amogele

Go Ikanyega go Dira Gore Modimo a re Amogele

“Lo nne baetsi ba bao ka tumelo le bopelotelele ba ruang ditsholofetso.”—BAHEBERA 6:12.

PINA: 86, 54

1, 2. Jefetha le morwadie ba ne ba lebana le kgwetlho efe?

MOSETSANA o tabogela kwa go rraagwe. O itumeletse go mmona a boile go tswa kwa ntweng. O a bina e bile o itumetse ka gonne rraagwe o fentse. Se rraagwe a se dirang le se a se buang se tshwanetse sa bo se mo gakgamatsa tota. Rraagwe o gagoganya diaparo tsa gagwe a bo a goa a re: “Ijoo, morwadiaka! Ruri o dirile gore ke obege”! Rraagwe o mmolelela gore o solofeditse Jehofa sengwe se se tla fetolang botshelo jwa gagwe gotlhelele. Tsholofetso eo e tla dira gore a se ka a tsamaya a nyalwa kgotsa a nna le bana. Mme o araba rraagwe ka mafoko a a nametsang pelo, a mo kgothaletsa gore a dire se a se solofeditseng Jehofa. Se mosetsana yono a se buang se bontsha gore o tlhomamisegile ka pelo yotlhe gore sengwe le sengwe se Jehofa a se kopang, se molemo. (Baatlhodi 11:34-37) Fa rraagwe a bona tumelo e morwadie a nang le yone, o ikutlwa a le motlotlo tota ka gonne o a itse gore moya wa gagwe wa go intsha setlhabelo, o itumedisa Jehofa.

2 Jefetha le morwadie ba ne ba ikanya Jehofa ka botlalo le tsela e a dirang dilo ka yone. Ba ne ba ikanyega le fa go ne go le thata. Ba ne ba batla go amogelwa ke Jehofa e bile ba iketleeleditse go dira sepe fela gore a ba amogele.

3. Ke eng fa sekao sa ga Jefetha le morwadie se ka re solegela molemo gompieno?

3 Ka dinako tse dingwe go thata go ikanyega mo go Jehofa. Re tshwanetse go ‘lwa ntwa ka thata re lwela tumelo.’ (Jude 3) Go sekaseka kafa Jefetha le morwadie ba ileng ba lebana le dikgwetlho tsa botshelo ka gone, go tla re thusa go dira jalo. Ba kgonne jang go nna ba ikanyega mo go Jehofa?

GO NNA RE IKANYEGA LE FA RE LEBANA LE TLHOTLHELETSO YA LEFATSHE

4, 5. (a) Jehofa o ne a laela Baiseraele gore ba dire eng fa ba tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng? (b) Go ya ka Pesalema 106, go ile ga direga eng ka Baiseraele ka ntlha ya botlhokakutlo jwa bone?

4 Letsatsi le letsatsi, Jefetha le morwadie ba tshwanetse ba bo ba ne ba bona diphelelo tse di botlhoko tsa botlhokakutlo jwa Baiseraele. Dingwaga di ka nna 300 pelenyana, Jehofa o ne a laetse Baiseraele gore ba bolaye baobamedi botlhe ba maaka mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, mme ga ba a ka ba dira jalo. (Duteronome 7:1-4) Baiseraele ba le bantsi ba ne ba simolola go etsa Bakanana ba ba neng ba obamela medimo ya maaka e bile ba tshela botshelo jo bo leswe.—Bala Pesalema 106:34-39.

5 E re ka Baiseraele ba ile ba tlhoka kutlo, Jehofa ga a ka a ba sireletsa mo babeng ba bone. (Baatlhodi 2:1-3, 11-15; Pesalema 106:40-43) Go tshwanetse ga bo go ne go le thata gore malapa a a ratang Jehofa a nne a ikanyega mo go ene ka nako eo. Le fa go ntse jalo, Baebele e bontsha gore go ne go na le bangwe ba ba neng ba ikanyega ba ba jaaka Jefetha le morwadie, Elekana, Hana le Samuele. Ba ne ba ikemiseditse go itumedisa Jehofa.—1 Samuele 1:20-28; 2:26.

6. Batho ba itshwara jang gompieno, mme rona re tshwanetse go dira eng?

6 Gompieno batho ba sa ntse ba itshwara jaaka Bakanana. Botshelo jwa bone bo remeletse mo go rateng thobalano, madi le thubakanyo. Mme rona Jehofa o a re tlhagisa. O batla go re sireletsa mo tlhotlheletsong e e sa siamang fela jaaka a ile a dira ka Baiseraele. A re tla ithuta mo diphosong tsa bone? (1 Bakorintha 10:6-11) Re tshwanetse go dira ka natla go tila tsela e batho ba lefatshe leno ba akanyang ka yone. (Baroma 12:2) A re ikemiseditse go dira jalo?

JEFETHA O NE A NNA A IKANYEGA LE FA A NE A SWABISIWA

7. (a) Batho ba gaabo Jefetha ba ile ba mo tshwara jang? (b) Jefetha o ile a tsiboga jang?

7 Ka nako ya ga Jefetha, Baiseraele ba ne ba gateletswe ke Bafilisitia le Baamona ka gonne Baiseraele ba ne ba sa ikobele Jehofa. (Baatlhodi 10:7, 8) Mo godimo ga moo, Jefetha o ile a gwetlhiwa ke bomorwarraagwe le baeteledipele ba Iseraele. E re ka bomorwarraagwe ba ne ba mo fufegela e bile ba mo tlhoile, ba ne ba mo pateletsa gore a tswe mo nageng ya gaabo. (Baatlhodi 11:1-3) Jefetha ga a ka a letla gore boitshwaro jwa bone jo bo setlhogo bo mo ame. Re itse seo jang? Ka gonne e rile banna ba bagolwane ba mo kopa gore a ba thuse, o ne a dira jalo ka potlako. (Baatlhodi 11:4-11) Ke eng se se ka tswang se dirile gore Jefetha a tsiboge ka tsela eo?

8, 9. (a) Ke melaometheo efe e e mo Molaong wa ga Moshe e e ka tswang e ile ya thusa Jefetha? (b) Ke eng se se neng se le botlhokwa thata mo go Jefetha?

8 Jefetha e ne e le segatlhamela masisi e bile o ne a itse hisitori ya Iseraele mmogo le Molao wa ga Moshe sentle. Tsela e Jehofa a ileng a dirisana le batho ba Gagwe ka yone, e ile ya ruta Jefetha melao ya Modimo. (Baatlhodi 11:12-27) Jefetha o ne a dirisa kitso eo fa a ne a dira ditshwetso. O ne a itse sentle kafa Jehofa a ikutlwang ka teng ka go galefa le go ipusolosetsa le kafa Modimo a batlang gore batho ba Gagwe ba ratane ka teng. Mo godimo ga moo, o ne a ithutile tsela e a tshwanetseng go dirisana le ba bangwe ka yone, tota le batho ba ba neng ba mo tlhoile.—Bala Ekesodo 23:5; Lefitiko 19:17, 18.

9 Go ka direga gore Jefetha o ile a ithuta kafa Josefa a ileng a itshwarela bomorwarraagwe ka gone le fa gone ba ne ba mo tlhoile. (Genesise 37:4; 45:4, 5) Seno se ka tswa se ile sa mo thusa go dira dilo ka tsela e e itumedisang Jehofa. Bomorwarraagwe Jefetha ba ile ba mo utlwisa botlhoko tota. Selo sa botlhokwa e ne e se maikutlo a ga Jefetha, go na le moo, e ne e le go lwela leina la ga Jehofa le batho ba gagwe. (Baatlhodi 11:9) O ne a ikemiseditse go nna a ikanyega mo go Jehofa. Mme seo se ile sa dira gore Jehofa a mo segofatse a bo a segofatse le Baiseraele.—Bahebera 11:32, 33.

Ga re a tshwanela go emisa go direla Jehofa fela ka gonne re utlwisitswe botlhoko

10. Melaometheo ya Modimo e ka re thusa jang go itshwara jaaka Bakeresete?

10 A re tla ithuta mo sekaong sa ga Jefetha? Re tla tsiboga jang fa Bakeresetemmogo le rona ba re swabisa kgotsa fa re akanya gore ga ba re tshware sentle? Ga re a tshwanela go emisa go direla Jehofa fela ka gonne re utlwisitswe botlhoko. A re se ka ra emisa go ya dipokanong kgotsa go fetsa nako le Bakeresete ka rona, mme re etse sekao sa ga Jefetha ka go ikobela Jehofa. Go dira jalo go tla re thusa go fenya maemo a a thata gore le rona re nne dikao tse di molemo.—Baroma 12:20, 21; Bakolosa 3:13.

RE BONTSHA TUMELO KA GO INTSHA SETLHABELO

11, 12. Jefetha o ne a dira maikano afe, mme a ne a akaretsa eng?

11 Jefetha o ne a itse gore Modimo ke ene fela a ka kgonang go thusa Iseraele go fenya Baamona. O ne a solofetsa Jehofa gore fa a ka mo thusa go fenya, o tla mo naya “tshupelo e e fisiwang” e leng motho ope fela yo o tswang la ntlha mo ntlong go tla go mo kgatlhantsha fa a boa kwa ntweng. (Baatlhodi 11:30, 31) Seo se ne se kaya eng?

12 Re a itse gore Jefetha o ne a ka se ntshe morwadie setlhabelo ka gonne Jehofa ga a batle gore go ntshiwe setlhabelo ka batho. (Duteronome 18:9, 10) Mo Molaong wa ga Moshe, tshupelo e e fisiwang e ne e le mpho e e kgethegileng e motho a neng a e naya Jehofa ka pelo yotlhe. Ka jalo, Jefetha o ne a raya gore motho yo a mo nayang Jehofa, o tla direla Jehofa kwa motlaaganeng botshelo jwa gagwe jotlhe. Jehofa o ne a reetsa Jefetha a bo a mo thusa go fenya Baamona. (Baatlhodi 11:32, 33) Mme ke mang yo Jefetha a neng a tla mo naya Jehofa?

13, 14. Mafoko a ga Jefetha a a mo go Baatlhodi 11:35 a re ruta eng ka tumelo ya gagwe?

13 Akanya ka tiragalo e re buileng ka yone kwa tshimologong ya setlhogo seno. Fa Jefetha a boa kwa ntweng, motho wa ntlha go mo kgatlhantsha e ne e le morwadie yo o nosi fela! A Jefetha o ne a tla diragatsa maikano a gagwe? A o ne a tla naya Jehofa morwadie yo o rategang gore a direle kwa motlaaganeng botshelo jwa gagwe jotlhe?

14 Gape, melaometheo e e mo Molaong wa Modimo e tshwanetse ya bo e ile ya thusa Jefetha go dira tshwetso e e siameng. A ka tswa a ile a gopola mafoko a a mo go Ekesodo 23:19 a a neng a kgothaletsa batho ba Modimo go naya Jehofa mabutswapele. Gape Molao o ne o re fa motho a dirile maikano, “a se ka a tlola lefoko la gagwe. A dire go ya ka sotlhe se se duleng mo molomong wa gagwe.” (Dipalo 30:2) Jefetha o ne a tshwanetse go diragatsa maikano a gagwe le fa a ne a itse gore go tla direga eng ka ene le ka morwadie, fela jaaka Hana a ile a dira, yo a ka tswang a ne a tshela ka nako eo. E re ka morwadie a ne a direla kwa motlaaganeng, o ne a se kitla a nna le bana. Seno se ne se raya gore Jefetha o ne a se kitla a nna le moruaboswa. (Baatlhodi 11:34) Le fa go ntse jalo, Jefetha o ne a re: “Ke buletse Jehofa molomo wa me, mme ga ke kgone go boela morago.” (Baatlhodi 11:35) Jehofa o ne a amogela setlhabelo sa ga Jefetha mme a mo segofatsa. A o ne o tla dira se Jefetha a se dirileng?

15. Ke maikano afe a re ileng ra a dira, mme re ka bontsha jang gore re a ikanyega?

15 Fa re ne re ineela mo go Jehofa, re ile ra mo solofetsa gore re tla dira thato ya gagwe go sa kgathalesege se se diregang. Re ne re itse gore go dira jalo go ka se nne motlhofo ka dinako tsotlhe. Mme gone, re itshwara jang fa re kopiwa go dira selo se re sa se batleng? Fa re nna pelokgale e bile re ikobela Modimo, re bontsha gore re diragatsa maikano a rona. Go intsha setlhabelo go ka se nne motlhofo mme ka dinako tsotlhe Jehofa o a re segofatsa. (Malaki 3:10) Morwadia Jefetha o ne a ikutlwa jang? O ne a itshwara jang fa a utlwa maikano a ga rraagwe?

Re ka bontsha jang gore re na le tumelo e e tshwanang le ya ga Jefetha le morwadie? (Bona serapa 16, 17)

16. Morwadia Jefetha o ne a tsibogela jang maikano a ga rraagwe? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

16 Maikano a ga Hana a ne a sa tshwane le a ga Jefetha. Hana ene o ne a solofeditse Jehofa gore o tla ntsha morwawe e bong Samuele gore a ye go direla kwa motlaaganeng e le Monasirite. (1 Samuele 1:11) Monasirite o ne a kgona go nyala le go nna le lelapa. Mme morwadia Jefetha ene o ne a ntshitswe e le “tshupelo e e fisiwang,” ka jalo o ne a se kitla a nyalwa le go nna le bana. (Baatlhodi 11:37-40) Akanya fela! Gongwe o ne a ka nna a nyalwa ke monna yo o ba gaisang botlhe ka gonne rraagwe e ne e le moeteledipele wa Iseraele. Seo ga se a ka sa direga ka gonne o ne a tlile go direla mo motlaaganeng. Mosetsana yono o ne a tsiboga jang? O ne a bontsha gore tiro ya ga Jehofa e tla pele mo botshelong jwa gagwe ka go raya rraagwe a re: “Ntirela go ya ka se se duleng mo molomong wa gago.” (Baatlhodi 11:36) Ga a ka a nyalwa le go nna le bana ka gonne a ne a batla go direla Jehofa. Re ka etsa jang sekao sa gagwe sa go intsha setlhabelo?

Morwadia Jefetha o ne a intsha setlhabelo ka go sa nyalwe le ka go sa nne le bana ka gonne a ne a batla go direla Jehofa

17. (a) Re ka etsa jang tumelo ya ga Jefetha le ya morwadie? (b) Bahebera 6:10-12 e go kgothaletsa jang gore o intshe setlhabelo?

17 Basha ba le bantsi ba Bakeresete ba intsha setlhabelo ka go se tsene mo lenyalong kgotsa ka go se nne le bana gone jaanong. Ka ntlha yang? Ka gonne ba batla go dirisa nako ya bone e ntsi ba direla Jehofa. Bakeresete ba le bantsi ba ba godileng ba intsha setlhabelo ka go se fetse nako e ntsi ba na le bana kgotsa ditlogolwana tsa bone. Go na le moo, ba dirisa nako le maatla a bone mo tirong ya ga Jehofa. Bangwe ba bone ba bereka mo diporojekeng tsa go aga kgotsa ba ya kwa Sekolong sa Baboledi ba Bogosi le go fudugela kwa diphuthegong tse go tlhokegang baboledi kwa go tsone. Ba bangwe ba rulaganya go dira mo go oketsegileng ka paka ya Segopotso. Le ka motlha Jehofa ga a kitla a lebala ditlhabelo tsa batlhanka bano ba ba ikanyegang. (Bala Bahebera 6:10-12.) Wena o tla dira eng? A o tla intsha setlhabelo gore o kgone go direla Jehofa mo go oketsegileng?

RE ITHUTILE ENG?

18, 19. Pego ya Baebele ya ga Jefetha le morwadie e re rutile eng, mme re ka ba etsa jang?

18 Ke eng se se thusitseng Jefetha go lebana le dikgwetlho? O ne a latela kaelo ya ga Jehofa. Ga a ka a itetla go tlhotlhelediwa ke batho ba a neng a tshela le bone. O ne a nna a ikanyega mo Modimong le fa ba bangwe ba ne ba mo swabisa. Jehofa o ne a segofatsa Jefetha le morwadie ka gonne ba ne ba intsha setlhabelo e bile o ne a ba dirisa go tsweletsa pele kobamelo ya boammaaruri. Jefetha le morwadie ba ne ba tswelela ba ikanyega mo go Jehofa le fa ba bangwe ba ne ba sa tlhole ba ikanyega.

19 Baebele ya re: “Lo nne baetsi ba bao ka tumelo le bopelotelele ba ruang ditsholofetso.” (Bahebera 6:12) A re etseng sekao sa ga Jefetha le morwadie re itse gore fa re nna re ikanyega, Jehofa o tla re segofatsa.