Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Batho e Nna Baengele fa ba Swa?

A Batho e Nna Baengele fa ba Swa?

Baebele ya Reng

A Batho e Nna Baengele fa ba Swa?

MOSETSANYANA mongwe yo o bidiwang Argyro, o ne a tlhokafala a le dingwaga di le supa fela. Batsadi ba gagwe ba ba neng ba hutsafetse thata ba ne ba ntse ba mo lebeletse a le mo lekaseng, a apere diaparo tse di tshweu. Ka go leka go ba gomotsa, moruti o ne a ba raya a re: “Modimo o ne a batla moengele yo mongwe, mme a tsaya Argyro gore a ye go nna le ene. Gone jaanong moya wa gagwe o fofafofa go dikologa setulo sa bogosi sa Mothatayotlhe.”

Batho ba le bantsi ba dumela tota gore baengele ke meya ya batho ba ba suleng, le fa gone e le ditumelo di le mmalwa fela tse di amogelang kgopolo eno. Metswedi ya tshedimosetso e ile ya dira gore kgopolo eno e tume ka go bontsha mo dibaesekopong le mo thelebisheneng batho ba ba suleng ba ‘nna le diphuka’ gore e nne baengele ba ba tla thusang batho ba ba tshelang le go ba sireletsa.

A tota o ka lebelela gore baratiwa ba gago ba tla fetoga baengele fa ba tlhokafala? Baebele ya reng ka kgang eno? Go araba potso eo, mma re sekaseke pele gore Dikwalo Tse di Boitshepo tsone di a reng malebana le gore tota baengele ba ntse jang le gore seemo sa baswi ke sefe.

Baengele—Dibopiwa Tse di Kgethegileng

Baengele ke batlhanka ba ba nonofileng ba ba sa bonaleng ba Modimo ba ba nnang kwa lefelong la semoya. Botshelo jwa bone ga bo a ikaega ka batho. Baengele ke dibopiwa tsa semoya tse di bopilweng ke Modimo. Baebele ya re: “A [baengele ba] bake leina la ga Jehofa; gonne o ne a laola, me [ba] ne ba bopiwa.”Pesalema 148:2, 5.

Baebele e bontsha gore dibopiwa di le dintsi tsa kwa legodimong, tse di akaretsang boserafe le ditšheruba, ka boikobo di dira tiro e di e abetsweng go ya ka maemo a tsone le dikabelo tsa tsone. (Pesalema 103:20, 21; Isaia 6:1-7; Daniele 7:9, 10) A go ne go tshwanetse ga swa batho gore Modimo a tle a dire gore go nne le baengele? Tota kgopolo e e ntseng jalo ga e utlwale gotlhelele. Ka ntlha yang?

Baebele e bontsha gore baengele ba ile ba bopiwa nako e telele pele ga batho. Fa Jehofa a ne a bopa polanete e batho moragonyana ba neng ba tla nna mo go yone, baengele—ba ka tsela ya pako ba bidiwang dinaledi tsa moso—‘ba ile ba goa mmogo ka boipelo ba baka.’ (Jobe 38:4-7) Ka jalo, ba ne ba le teng makgolokgolo a dingwaga pele ga batho ba nna teng mo lefatsheng.

Mo godimo ga moo, baengele le batho ba farologana thata ka popego le ka seabe se ba nang le sone mo maikaelelong a ga Jehofa. * Modimo o ile a bopa batho go nna “kwa tlase go le gonnye mo baengeleng,” ka jalo go a tshwanela gore dibopiwa tseo tsa semoya di tsewe e le dibopiwa tse di fetang batho, tse di nang le botlhale le maatla a a fetang a batho. (Bahebera 2:7) “Lefelo la [baengele] le le tshwanetseng la bonno,” ke legodimo. (Jude 6) Fa e le batho bone, boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong e ne e le gore ba tshelele ruri mo lefatsheng. (Genesise 1:28; 2:17; Pesalema 37:29) Fa batho ba ntlha ba babedi ba ka bo ba ile ba ikobela Modimo, ba ka bo ba sa ka ba swa. Ka jalo, go tswa fela kwa tshimologong, batho le baengele ba ne ba na le seabe se se sa tshwaneng mo boikaelelong jwa Modimo.

Go Diragala Eng fa re Swa?

Dipotso tse dingwe tsa botlhokwa tse re tshwanetseng ra di sekaseka ke: Go diragala eng ka batho ba ba swang? A ba tswelela ba tshela mme e le ka sebopego se sengwe, gongwe ba nna baengele mo lefelong la semoya? Baebele e araba ka tsela eno e e motlhofo le e e tlhamaletseng: “Batshedi ba a itse gore ba tla swa, mme fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele.” (Moreri 9:5) Ka jalo, fa batho ba swa, ga ba tlhole ba le gone. Batho ba ba suleng, ga ba itse, e bile ga ba utlwe sepe gotlhelele.

A go na le tsholofelo ya gore ba tla boa ba tshela gape? Ee e gone! Baebele e bontsha gore tsholofelo ya bontsi jwa batho ba ba suleng ke gore ba tla tsosiwa mo baswing. Bontsi jwa baswi ba tla tsosiwa gore ba boe ba tshele e le batho mo lefatsheng la paradaise.—Luke 23:43; Johane 5:28.

Go na le batho ba se kae ba ba nang le tsholofelo ya go tsosediwa go ya go tshela kwa legodimong. Palo ya bone e nnye—144 000 fa e feletse. Le fa go ntse jalo, batho bano ba ba 144 000, ba farologane thata le dibopiwa tse di bidiwang baengele. Ka sekai, ba ba 144 000 ba tla busa le Keresete e le dikgosi le baperesiti ba ba sa sweng. Ba na le thata ya go nna baatlhodi. (1 Bakorintha 6:3; Tshenolo 20:6) A ke masea a a ileng a swa? Nnyaa. Ke balatedi ba ga Keresete ba ba ileng ba lekwa ka botlalo!—Luke 22:28, 29.

Akanya gape ka pharologanyo e e leng teng gareng ga baswi le baengele ba ba tshelang. Le fa batho ba ba suleng bone ba “sa itse sepe gotlhelele,” baengele ba itse sengwe le sengwe, ba kgona go utlwa e bile ba kgona go dira ditshwetso. Ba kgona go itlhophela se ba se batlang. (Genesise 6:2, 4; Pesalema 146:4; 2 Petere 2:4) Baswi ba tlhalosiwa e le batho ba ba ‘se nang maatla,’ mme baengele bone ba na le “maatla.” (Isaia 26:14; Pesalema 103:20) Mme gape fa bana ba ga Adame ba swa ka ntlha ya boleo le go sa itekanela, baengele ba ba boifang Modimo bone ba itekanetse e bile Jehofa o ba amogela ka botlalo.—Mathaio 18:10.

Kgopolo ya gore baengele ke meya ya batho ba ba suleng ke kgang fela e e itlhametsweng ke dithulaganyo tsa thelebishene kgotsa dibaesekopo mme gone kgopolo eno ga e tshegediwe ke Dikwalo. Boammaaruri jwa Baebele jo bo tlhalosiwang fano bo re thusa go tila dikgopolo dipe tse di sa siamang malebana le gore go diragala eng ka baratiwa ba rona ba ba swang. Mme e bile Baebele e re tlhomamisetsa gore baengele ba ba ikanyegang—ba ba bopilweng e le batlhanka ba ba nonofileng ba Modimo—ba kwa godimo ga batho mme ba iketleeditse go dira go rata ga ga Jehofa ka dinako tsotlhe. Se se itumedisang ke gore, go rata ga Modimo go akaretsa go dirisa baengele go sireletsa le go thusa batho ba ruri ba tlotlang Jehofa e bile ba batla go mo direla.—Pesalema 34:7.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Lefoko “moengele” le totatota le rayang “morongwa,” ka dinako tse dingwe le ka nna le bokao jo bo farologaneng, go akaretsa dibopiwa tse di farologaneng tsa semoya le e leng batlhanka ba Modimo ba batho. Le fa go ntse jalo, mo setlhogong seno, re batla go bua ka dibopiwa tseo tsa semoya tse gantsi Baebele e di bitsang e re ke baengele.

A O KILE WA IPOTSA GORE . . .

▪ A baratiwa ba rona ba ba suleng e setse e le baengele ba ba direlang Modimo kwa legodimong?—Moreri 9:5, 10.

▪ A bana ba swa ka go bo Modimo a batla baengele ba ba oketsegileng?—Jobe 34:10.

▪ A baswi ba ka boa ba tla go sireletsa batho ba ba tshelang?—Isaia 26:14.

[Mafoko a a mo go tsebe 29]

“A [baengele ba] bake leina la ga Jehofa; gonne o ne a laola, mme [ba] ne ba bopiwa.”—Pesalema 148:2, 5