Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kalafi ya go Tshelwa Madi—A e Na le Isagwe e e Tlhomameng?

Kalafi ya go Tshelwa Madi—A e Na le Isagwe e e Tlhomameng?

 Kalafi ya go Tshelwa Madi—A e Na le Isagwe e e Tlhomameng?

“Go alafa ka go tshela motho madi go tla nna go tshwana le go tsamaya mo sekgweng sa dipula sa boboatsatsi, mo o kgonang go bona ditsela sentle mme gone o sa ntse o tlhoka go tsamaya ka kelotlhoko, e bile o sa ntse o ka kopana le dikotsi tse o sa itseng ka tsone e bile o sa di bone tse di ka tshwarang motho yo o seng kelotlhoko.”—Ian M. Franklin, porofesa wa tsa kalafi ya tshelo ya madi.

MORAGO ga gore leroborobo la AIDS le le neng la tlhasela lefatshe lotlhe le dire gore batho ba lebe madi ka leitlho le le bogale mo dingwageng tsa bo1980, go ne ga simolola ga dirwa maiteko a a gagametseng a go leka go fokotsa “dikotsi tseno tse di sa bonaleng.” Le fa go ntse jalo, go sa ntse go na le dikgoreletsi tse di seng kana ka sepe. Ka June 2005, Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo o ne wa bolela jaana: “Ditshono tsa gore motho a bone madi a a seng kotsi . . . di farologana fela thata mo dinageng tse di farologaneng.” Ka ntlha yang?

Mo dinageng di le dintsi ga go na thulaganyo e e laolwang sentle ya go tlhokomela gore go latelwa mekgwa e e babalesegileng ya go tsaya madi le dilo tse di tswang mo mading, go a tlhatlhoba, le go a romela kwa a tshwanetseng go ya teng. Ka dinako tse dingwe madi a bolokelwa mo mafelong a a kotsi—mo ditsidifatsing tsa mo gae tse di sa tlhokomelweng sentle le mo mabokosong a a tsenyang dijo tsa pikiniki! Fa go se na melao eno ya tshireletsego, balwetse ba ka lwatswa thata ke madi a a tserweng mo mothong mongwe yo o nnang bokgakala jwa dikilometara di le makgolokgolo le e leng go feta go tswa mo go bone.

Madi A a Se Nang Ditwatsi—Mokgele o go Seng Bonolo go o Fitlhelela

Dinaga dingwe di bolela gore madi a tsone a babalesegile tota. Le fa go ntse jalo, go sa ntse go le botlhokwa go nna kelotlhoko thata. Lokwalo lwa “Tshedimosetso e e Kwaletsweng Botlhe” lo lo rulagantsweng ke mekgatlho e meraro e e berekang ka madi kwa United States lo bolela jaana mo tsebeng ya lone ya ntlha: “TLHAGISO: Ka gonne madi le dikarolo tsa one di tserwe mo mading a batho, di ka nna tsa bo di na le ditwatsi tse di ka tshelanwang, tse di tshwanang le megare. . . . Le fa gone re ka leka go tlhopha madi ka kelotlhoko e bile go ka dirisiwa dilaboratori tsa maemo a a kwa godimo  go a tlhatlhoba, seno ga se reye gore ga a na kotsi gotlhelele.”

Ke gone ka moo Peter Carolan, mookamedimogolo wa International Federation of Red Cross and Red Crescent Societies, a reng: “Ga o ka ke wa tlhomamisediwa gore madi a o a newang ga a kotsi gotlhelele.” O oketsa jaana: “Ka metlha go tla aga go ntse go na le megare e mesha e ka nako eo go iseng go nne le tsela ya go e tlhatlhoba.”

Go tweng fa go ne go ka tlhaga mogare mongwe o mosha—mogare o, fela jaaka AIDS, o nnang o sa bonale ka lobaka lo loleele fa o le mo mothong mme o fetisetswa bonolo fela mo mothong yo mongwe ka go mo tshela madi? Fa Dr. Harvey G. Klein wa Setheo sa Bosetšhaba sa Boitekanelo sa kwa United States a ne a bua kwa khonferenseng ya dingaka kwa Prague, kwa Repaboliking ya Czech, ka April 2005, o ne a re seno se a tshosa. O ne a oketsa jaana: “Batho ba ba tsayang dikarolwana tsa madi ba tla bo ba sa ipaakanya le eseng go thibela leroborobo leno fela jaaka ba ne ba sa ipaakanya ka nako ele ya masimologo a leroborobo la AIDS.”

Diphoso le Malwetse a a Bakwang ke Tshelo ya Madi

Dikotsi tse dikgolo thata tse di amanang le go tshelwa madi tse balwetse ba ba mo dinageng tse di tlhabologileng ba lebanang le tsone ke dife? Diphoso le mathata a mangwe a a bakwang ke go sa dire sentle ga thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse. Fa lokwalodikgang lwa Globe and Mail lo ne lo bega ka patlisiso nngwe e e neng ya dirwa kwa Canada ka 2001 lo begile gore batho ba le diketekete ba ba neng ba tshelwa madi, a ne a batla a ba bolaya ka gonne “go ile ga tsewa disampole tsa madi mo molwetseng yo o neng a sa tshwanela, kgotsa go sa tsenngwa matshwao a a tshwanetseng mo disampoleng tsa madi, kgotsa go ile ga kopiwa madi a mofuta o sele gore a newe molwetse wa madi a mofuta o mongwe.” Diphoso tseno di ne tsa bolaya bobotlana batho ba le 441 kwa United States mo gare ga dingwaga tsa 1995 le 2001.

Batho ba ba amogelang go tshelwa madi a motho yo mongwe ba lebana le dikotsi tse di batlang di tshwana le tsa ba ba tsenngwang dirwe tsa batho ba bangwe. Thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse gantsi e na le go lwantsha dithishu tse e sa di itseng mo mmeleng. Ka dinako tse dingwe tshelo ya madi e ka dira gore thulaganyo ya mmele ya go itshireletsa mo malwetseng e se ka ya kgona go dira. Go gatelela thulaganyo eno ya mmele gore e se ka ya dira, go dira gore molwetse a tlhaselwe bonolo fela ke megare e e ka mo tsenang morago ga karo, e bile go tsosa le megare e mengwe e e neng e ntse e bobile. Ke gone ka moo Porofesa Ian M. Franklin, yo o nopotsweng mo tshimologong ya setlhogo seno, a kgothaletsang ba tsa kalafi gore “ba akanye gangwe, gabedi, le gararo pele ba tshela molwetse madi.”

Bomankge ba Tlhalosa Maikutlo a Bone

Ka jaana ba itse ka dilo tseno, palo e e ntseng e oketsega ya badiri ba tsa boitekanelo ba simolola go nna kelotlhoko thata ka kgang eno ya go tshela balwetse madi. Buka ya Dailey’s Notes on Blood e bega jaana: “Dingaka dingwe di dumela gore madi a a tswang mo mothong yo mongwe ke seokobatsi se se kotsi, le gore fa e ne e le gore fa go tlhatlhobiwa madi go dirisiwa melao e e tshwanang le e e dirisiwang go tlhatlhoba diokobatsi tse dingwe, a ne a tlile go thibelwa gore a se ka a tlhola a dirisiwa.”

Go ela kwa bofelong jwa ngwaga wa 2004, Porofesa Bruce Spiess o ne a bua jaana ka go tsenya dikarolo tsa madi mo balwetseng ba ba ariwang pelo: “Fa e le gore go na le ditlhogo [tse di buang ka kalafi] tse di tla go bolelelang gore go tshela molwetse madi go ka mo thusa, ditlhogo tseo di mmalwa thata.” Tota e bile o tlhalosa gore gantsi go tshela motho madi “mo e ka nnang ka metlha go ka mo ntsha kotsi go na le go mo thusa ntle le fa motho a gobaditswe ke sengwe,” mme seno se dira gore a “nne mo kotsing e kgolwane ya go tsenwa ke nyumonia, megare, go tshwarwa ke pelo le seterouku.”

Ba le bantsi ba a gakgamala fa ba utlwa gore melao e e laolang go dirisiwa ga madi e batla e sa tshwane mo dinageng tse di farologaneng. Bosheng jaana Dr. Gabriel Pedraza o ne a gakolola badirimmogo nae kwa Chile gore “go tshela molwetse madi ke kalafi ya maemo a a kwa tlase,” e go leng “thata go dira gore melao ya teng e latelwe ka go tshwana mo lefatsheng lotlhe.” Ke gone ka moo Brian McClelland, motsamaisi wa Ditirelo tsa Tshelo ya Madi kwa Edinburgh le Scotland, a neng a kopa dingaka go “gakologelwa gore go tshela motho madi ke go tsenya serwe se sengwe  mo mothong yo mongwe, mme ka gone ga se selo se se tshwanetseng go tsewa motlhofo fela.” O akantsha gore dingaka di tshwanetse go akanyetsa potso eno, “Fa e ne e le nna kgotsa ngwanake yo o tshwanetseng go tshelwa madi, a ke ne ke tla dumalana?”

Boammaaruri ke gore badiri ba le mmalwa ba tsa kalafi ba ikutlwa ka tsela e e tshwanang le ya mankge mongwe yo o ithutang ka madi, yo o neng a bolelela Tsogang! jaana: “Rona bomankge ba tsa ditshelo tsa madi, ga re rate go tshelwa madi e bile ga re rate go tshela batho ba bangwe madi.” Fa batho ba ba thapisitsweng sentle mo go tsa kalafi ba ikutlwa ka tsela eno, balwetse bone ba tshwanetse go ikutlwa jang?

A Mekgwa e e Dirisiwang mo Kalafing e Tla Fetoga?

O ka nna wa ipotsa gore, ‘Fa e le gore kalafi ya go tshela motho madi e na le dikotsi tse dintsi jaana, ke ka ntlha yang fa e sa ntse e dirisiwa thata jaana, bogolo jang fa e le gore go na le mekgwa e mengwe ya kalafi e e ka dirisiwang?’ Lengwe la mabaka ke gonne dingaka di le dintsi ga di batle go fetola ditsela tsa bone tsa go alafa, kgotsa ga di itse ka mekgwa e e dirisiwang gompieno ya kalafi e e seng ya tshelo ya madi. Go ya ka setlhogo sengwe se se mo makasineng wa Transfusion, “dingaka di tshela motho madi fela ka gonne e le one mokgwa o ba o rutilweng, kgotsa ka gonne ba bone dingaka tse dingwe di dira jalo, kgotsa ka gonne ‘ba akanya gore ba tshwanetse go dira jalo morago ga go tlhatlhoba molwetse.’”

Bokgoni jwa ngaka e e arang le jone bo tla laola gore molwetse o latlhegelwa ke madi a a kana kang. Dr. Beverley Hunt, wa kwa London, kwa Engelane, o tlhalosa gore “selekanyo sa go dutla ga madi mo bathong ba ba ariwang ga se tshwane mo gare ga dingaka tse di farologaneng, mme re ntse re leka thata go thapisa dingaka tse di arang gore di dirise mekgwa e e tshwanetseng ya go thibela go dutla ga madi fa ba ara.” Ba bangwe ba re mekgwa ya go alafa e e sa diriseng tshelo ya madi e ja madi a mantsi thata, mme gone dipego tse di tlhagang di bontsha gore ga go a nna jalo. Le fa go ntse jalo, dingaka di le dintsi di tla dumalana le mokaedi mongwe wa tsa kalafi e bong Dr. Michael Rose, yo o reng: “Molwetse lefa e le ofe yo o newang kalafi e e sa diriseng madi, totatota o newa kalafi ya maemo a a kwa godimodimo.” *

Kalafi ya maemo a a kwa godimodimo—a ga se sone se o se batlang? Fa go ntse jalo, o tshwana le batho ba ba go neileng makasine ono. Tsweetswee nna o bale gore o utlwe ka boemo jwa bone jo bo sa tlwaelegang fa go tla mo kgannyeng ya go tshelwa madi.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 19 Bona lebokoso la “Mekgwa e Mengwe ya Kalafi E e Sa Diriseng Tshelo ya Madi,” mo tsebeng ya 8.

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

‘Akanya gangwe, gabedi, le gararo pele o tshela molwetse madi.’—Porofesa Ian M. Franklin

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

“Fa e ne e le nna kgotsa ngwanake yo o tshwanetseng go tshelwa madi, a ke ne ke tla dumalana?”—Brian McClelland

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 7]

Loso lo lo Bakwang ke go Gobala ga Makgwafo ka Ntlha ya go Tshelwa Madi

Go gobala ga makgwafo ka ntlha ya go tshelwa madi, go go neng ga begwa lekgetlho la ntlha mo masimologong a dingwaga tsa bo1990, ke bolwetse jo bo diphatsa thata jo motho a nnang le jone morago ga go tshelwa madi. Gone jaanong go a itsiwe gore bolwetse jono bo bolaya batho ba le makgolokgolo ngwaga le ngwaga. Le fa go ntse jalo, bomankge ba dumela gore go tshwanetse ga bo go swa batho ba le bantsi go feta ba dipalopalo di ba begang, ka gonne badiri ba tsa kalafi ga ba kgone go lemoga matshwao a bolwetse jono. Le mororo go sa itsiwe sentle gore ke eng se se bakang bolwetse jono, go ya ka makasine wa New Scientist, madi a a bakang seno “go bonala a tswa mo bathong ba ba kileng ba tshelwa madi a mefuta e e farologaneng mo nakong e e fetileng, ba ba jaaka . . . batho ba ba ileng ba tshelwa madi makgetlho a le mantsinyana.” Pego nngwe e bolela gore bolwetse jono jwa go gobala ga makgwafo jaanong ke bongwe jwa mabaka a magolo a go bo batho ba swa ka ntlha ya go tshelwa madi kwa United States le Boritane, mme seno se dira gore bolwetse jono e nne “jone selo se segolo thata se ba mabolokelo a madi ba tshwenyegang thata ka sone, se segolo go feta le malwetse a a itsegeng a a tshwanang le HIV.”

 [Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Tsela e Madi a Dirilweng ka Yone

Gantsi batho ba ba abang madi ba aba madi ka boone. Le fa go ntse jalo, mo makgetlhong a le mantsi ba aba polasema. Le mororo dinaga dingwe di tshela motho madi ka boone, gantsi a aroganngwa ka dikarolo tsa one tse dikgolo pele a ka tlhatlhobiwa le go dirisiwa mo kalafing. Ela tlhoko dikarolo di le nnè tse dikgolo tsa madi, se di se dirang, le gore karolo nngwe le nngwe e na le diperesente di le kae mo mading.

POLASEMA e dira mo e ka nnang gareng ga diperesente di le 52 le di le 62 tsa madi a a feletseng. Ke seeledi se se mmala o o bosetlhanyana se disele tsa madi, diporoteine, le dikarolo tse dingwe tsa madi di nnang mo go sone e bile di tsamaisiwang ka sone.

Metsi a dira diperesente di le 91,5 tsa polasema. Diporoteine, di dira diperesente di le 7 tsa polasema (tse di akaretsang di-albumin, tse di dirang mo e ka nnang diperesente di le 4 tsa polasema; di-globulin, tse di dirang diperesente di le 3; le fibrinogen, e e dirang selekanyo se se kwa tlase ga peresente e le 1). Peresente e le nngwe le halofo e e setseng ya polasema e dirwa ke dikarolwana tse dingwe, tse di tshwanang le dikotla, dihoromone, digase tsa go hema, di-electrolyte, dibitamine, le leswe la naeterojene.

 DISELE TSE DITSHWEU TSA MADI di dira peresente e le 1 fela ya madi. Tsone di tlhasela le go senya lefa e le eng mo mmeleng se se ka nnang sa bo se le kotsi.

DIPOLATELETE di dira peresente e e kwa tlase ga e le 1 ya madi. Tsone di dira gore madi a reme, gore a se ka a tswa mo nthong.

DISELE TSE DIKHIBIDU TSA MADI di dira diperesente tse di fa gare ga 38 le 48 tsa madi. Tsone di dira gore dithishu di nne di tshela ka go tlisa okosejene mo go tsone le go tsaya khabonetaeokosaete.

Fela jaaka motho a kgona go ntsha dikarolwana tse di farologaneng mo polasemeng ya madi, dikarolo tse dingwe tse dikgolo tsa madi le tsone di ka kgona go aroganngwa go nna dikarolwana tse dinnye. Ka sekai, hemoglobin ke karolwana ya disele tse dikhibidu tsa madi.

[Setshwantsho]

POLASEMA

METSI 91,5%

DIPOROTEINE 7%

DI-ALBUMIN

DI-GLOBULIN

FIBRINOGEN

DIKAROLO TSE DINGWE 1,5%

DIKOTLA

DIHOROMONE

DIGASE TSA GO HEMA

DI-ELECTROLYTE

DIBITAMINE

LESWE LA NAETEROJENE

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Tsebe 9: Blood components in circles: This project has been funded in whole or in part with federal funds from the National Cancer Institute, National Institutes of Health, under contract N01-CO-12400. The content of this publication does not necessarily reflect the views or policies of the Department of Health and Human Services, nor does mention of trade names, commercial products, or organizations imply endorsement by the U.S. Government

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Mekgwa e Mengwe ya Kalafi E e Sa Diriseng Tshelo ya Madi

Mo dingwageng tse thataro tse di fetileng, Dikomiti Tsa Puisano le Dikokelo, tsa Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara, di ile tsa phasalatsa dibidio di le diketekete tsa Transfusion-Alternative Strategies—Simple, Safe, Effective ka dipuo di ka nna 25, ba di naya batho ba ba berekang ka tsa kalafi. * Bidio eno e bontsha dingaka tse di tumileng lefatshe ka bophara di tlotla ka ditsela tse di dirisiwang gone jaanong go alafa balwetse kwantle ga go ba tshela madi. Batho ba tsaya tsia se dingaka tseno di se buang. Ka sekai, fa ba setheo sa Ditirelo Tsa Madi Tsa Bosetšhaba (National Blood Service [NBS]) kwa United Kingdom ba sena go bona bidio eno go ela kwa bokhutlong jwa ngwaga wa 2001, ba ne ba romela lekwalo mmogo le khopi ya bidio eno, ba romelela batsamaisi botlhe ba mabolokelo a madi le bagakolodi ba ba berekang ka madi mo nageng yotlhe. Ba ne ba kgothalediwa go lebelela bidio eno ka gonne “ba le bantsi mo go tsa kalafi ba simolola go lemoga gore bongwe jwa boikaelelo jwa go naya molwetse kalafi e e molemo ke go se mo tshele madi fa go kgonega.” Lekwalo leno le ne la tlhalosa gore “molaetsa [wa bidio eno] o molemo thata mme ke o setheo seno sa NBS se o buelelang thata.”

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 57 Ikgolaganye le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa go bona bidio ya DVD e e reng Transfusion Alternatives—Documentary Series, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]

Go Kgaoganya Madi ka Dikarolwana tsa One—Go Dirisa Dikarolwana Tse Dinnye Tsa Madi mo Kalafing

Saense le botegeniki di dirile gore go kgonege go bona le go ntsha dikarolwana tse dinnye mo mading. Ka sekai, metsi a lewatle, a diperesente di le 96,5 tsa one e leng metsi, a ka kgaoganngwa gore go ntshiwe dilo dingwe mo go one, tse di tshwanang le magnesium, bromine, le letswai. Ka tsela e e tshwanang polasema ya madi, e e dirang karolo e e fetang halofo ya madi, diperesente di feta 90 tsa yone ke metsi, mme e ka kgona go kgaoganngwa gore go ntshiwe dikarolwana tse dingwe tse di akaretsang diporoteine, tse di tshwanang le albumin, fibrinogen, le di-globulin tse di farologaneng.

Ngaka e ka nna ya akantsha gore o alafiwe ka go newa karolwana nngwe ya polasema e e sa timolwang. Sekai sa kalafi eno ke fa go tlhotlhiwa poroteine e ntsi ya polasema, e e ntshitsweng ka gore go gatsediwe polasema e bo e tlhaolosiwa. Karolwana eno ya polasema e e seng seeledi e na le dilo di le dintsi tse di dirang gore madi a reme mme ke yone e gantsi e newang balwetse go emisa madi gore a se ka a dutla. Mefuta e mengwe ya kalafi e ka nna ya bo e le go dirisa molemo mongwe o o nang le karolwana nngwe ya madi, gongwe molwetse a newa go le go nnye fela ga molemo ono kgotsa a o newa ka bontsi. * Diporoteine dingwe tsa polasema di tsenngwa mo ditlhareng, mme nako le nako fa molwetse a tlhabiwa lemao o tsenngwa poroteine eno, e e ka kgonang go mo thusa go dira gore mmele o kgone go itshireletsa mo malwetseng fa a sena go tsenwa ke megare mengwe. Mo e ka nnang dikarolwana tsotlhe tsa madi tse di dirisiwang mo kalafing di na le diporoteine tse di fitlhelwang mo polasemeng ya madi.

Go ya ka makasine wa Science News, “ba tsa saense ba bone diporoteine di le makgolo a le mmalwa fela, mme go fopholetswa gore di tshwanetse tsa bo di le diketekete, mo mading a motho.” Fa kitso e ntse e oketsega mo isagweng malebana le tsela e madi a dirilweng ka yone, go ka nna ga dirwa melemo e mesha e e tswang mo diporoteineng tseno tsa madi.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 63 424ong mengwe go dirisiwa le dikarolwana dingwe go tswa mo mading a diphologolo.

[Setshwantsho mo go tsebe 6, 7]

Badiri bangwe ba tsa kalafi ba kelotlhoko thata fa ba ya go bereka ka madi