Mareko 5:1-43
5 Ebu, ba fitlha kwa moseja ga lewatle mo nageng ya Bagerasa.+
2 Mme e rile fela fa a sena go tswa mo mokorong monna yo o laolwang ke maatla a moya o o seng phepa a mo kgatlhantsha a tswa mo mabitleng a kgakologelo.+
3 Bonno jwa gagwe e ne e le mo mabitleng; mme go tla go fitlha mo nakong eo go ne go se na ope gotlhelele yo o neng a kgona go mmofa a mo gagamatsa le e leng ka keetane,
4 ka gonne ka makgetlo a le mantsi o ne a bofiwa ka mehiri le dikeetane, mme o ne a putlaganya dikeetane, le mehiri e ne tota e kumagana; mme go ne go se na ope yo o neng a na le nonofo ya go mo nolofatsa.
5 Mme o ne a goa mo mabitleng le mo dithabeng a sa kgaotse, bosigo le motshegare, e bile a itshegaka ka maje.
6 Mme fa a tshogana ka a bona Jesu a le kgakajana a siana a obama fa pele ga gagwe,
7 mme, e rile a sena go goa ka lentswe le le kwa godimo,+ a re: “Ke dirang ka wena, Jesu, Morwa Modimo Mogodimodimo?+ Ke a go ikanisa+ ka Modimo gore o se ka wa ntlhokofatsa.”+
8 Gonne o ne a ntse a o bolelela a re: “Tswa mo monneng yono, wena moya o o seng phepa.”+
9 Mme a simolola go mmotsa a re: “Leina la gago ke mang?” A mo raya a re: “Leina la me ke Mophato,+ ka gonne re bantsi.”+
10 Mme a mo rapela makgetlo a le mantsi gore a se ka a lelekela meya kwa ntle ga naga eo.+
11 Jaanong go ne go na le serapa se segolo sa dikolobe+ koo fa thabeng se fula.+
12 Jalo ya mo rapela, e re: “Re romele mo dikolobeng tseno, gore re tsene mo go tsone.”
13 Mme a e letla. Morago ga moo meya e e seng phepa ya tswa ya tsena mo dikolobeng; mme serapa seo sa thelesegela ka lepawa sa ya mo lewatleng, di ka nna dikete di le pedi, mme tsa nwela mo lewatleng ka go latelana.+
14 Mme badisa ba tsone ba tshaba ba ya go bega mo motseng le mo lefelong la selegae; mme batho ba tla go bona gore go ne go diragetseng.+
15 Jalo ba tla kwa go Jesu, mme ba bona monna yo o neng a laolwa ke madimona a ntse, a apere e bile mogopolo wa gagwe o itekanetse sentle, monna yono yo o neng a na le mophato; mme ba tsenwa ke poifo.
16 Gape, ba ba neng ba go bona ba ba bolelela kafa seno se neng sa diragalela monna yo o neng a laolwa ke madimona ka gone le kaga dikolobe.
17 Mme jalo ba simolola go mo rapela gore a tloge mo dikgaolong tsa bone.+
18 Jaanong ya re a palama mokoro, monna yo o neng a ntse a laolwa ke madimona a simolola go mo rapela gore a tsamaye le ene.+
19 Le fa go ntse jalo, a se ka a mo letla, mme a mo raya a re: “Ya gae kwa go ba losika lwa gago,+ mme o ba begele dilo tsotlhe tse Jehofa+ a di go diretseng le kafa a neng a go utlwela botlhoko+ ka gone.”
20 Mme a tsamaya a simolola go bolela mo Dekapolise+ dilo tsotlhe tse Jesu a di mo diretseng, mme batho botlhe ba gakgamala.+
21 Fa Jesu a sena go kgabaganyetsa gape ka mokoro kwa morago kwa losing lo lo kafa letlhakoreng le lengwe, boidiidi jo bogolo jwa phuthegela kwa go ene; mme o ne a bapile le lewatle.+
22 Jaanong mongwe wa badiredi ba ba okametseng ba sinagoge, yo leina la gagwe e neng e le Jairo, a tla mme, ya re a tshogana ka a mmona, a wela fa dinaong tsa gagwe+
23 a mo rapela makgetlo a le mantsi, a re: “Morwadinyana wa me o mo seemong se se maswe thata. Tsweetswee a o ka tla go mmaya diatla+ gore a fole mme a tshele.”+
24 Foo a tswa a tsamaya le ene. Mme boidiidi jo bogolo bo ne bo mo setse morago e bile bo mo pitlaganyetsa.+
25 Jaanong go ne go na le mosadi mongwe yo o neng a tsenwe ke kelelo ya madi+ dingwaga di le lesome le bobedi,+
26 mme o ne a tsentswe mo ditlhabing di le dintsi ke dingaka+ di le dintsi e bile o ne a dirisitse mahumo otlhe a gagwe mme go sa mo tswela mosola, go na le moo, a ntse maswe le go feta.
27 E rile a utlwa dilo tseno kaga Jesu, a tla kafa morago a le mo boidiiding a ba a ama+ seaparo sa gagwe sa kafa ntle;
28 gonne o ne a nna a re: “Fa nka ama fela diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle ke tla fola.”+
29 Mme ka yone nako eo motswedi wa gagwe wa madi wa kgala, mme a utlwa mo mmeleng wa gagwe gore o ne a fodisitswe pobolo e e hutsafatsang eno.+
30 Ka yone nako eo gape, Jesu a lemoga gore maatla+ a ne a dule mo go ene, mme a retologa mo boidiiding mme a re: “Ke mang yo o amileng diaparo tsa me tsa kafa ntle?”+
31 Mme barutwa ba gagwe ba mo raya ba re: “E ka re o bona boidiidi bo go pitlaganyetsa,+ o bo o re, ‘Ke mang yo o nkamileng?’”
32 Le fa go ntse jalo, o ne a lebaleba mo tikologong go bona yo o dirileng selo seno.
33 Mme mosadi yono, a tshogile e bile a roroma, ka a ne a itse se se neng se mo diragaletse, a tla a wela fa fatshe fa pele ga gagwe a ba a mmolelela boammaaruri jotlhe.+
34 A mo raya a re: “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse. Tsamaya ka kagiso,+ o bo o fole mo pobolong ya gago e e hutsafatsang.”+
35 Ya re a sa ntse a bua, banna bangwe ba ba tswang kwa legaeng la modiredi yo o okametseng wa sinagoge ba tla mme ba re: “Morwadio o sule! Ke ka ntlha yang o sa ntse o tshwenya moruti?”+
36 Mme Jesu, ya re a utlwa lefoko le le neng le buiwa, a raya modiredi yo o okametseng wa sinagoge a re: “Se boife, fela supa tumelo.”+
37 Jaanong a se ka a letla ope go ya le ene fa e se Petere le Jakobe le Johane morwarraagwe Jakobe.+
38 Jalo ba tla mo ntlong ya modiredi yo o okametseng wa sinagoge, mme a bona tlhakatlhakano e bile go le modumo le ba ba lelang e bile ba kuruetsa,
39 mme, fa a sena go tsena mo teng, a ba raya a re: “Ke ka ntlha yang fa lo tsosa tlhakatlhakano le modumo e bile lo lela? Ngwana yo mmotlana ga aa swa, mme o robetse.”+
40 Foo ba simolola go mo tshega ka tshotlo. Mme, fa a sena go ba ntshetsa botlhe kwa ntle, a tsaya rraagwe ngwana yo mmotlana yono le mmaagwe le ba ba neng ba na le ene, mme a tsena mo ngwana yo mmotlana a neng a le gone.+
41 Mme, ya re a tshwara seatla sa ngwana yo mmotlana yono, a mo raya a re: “Talitha kumi,” mo, fa go ranolwa, go rayang gore: “Morweetsana, ke a go raya, Tsoga!”+
42 Mme ka yone nako eo morweetsana yono a tsoga mme a simolola go tsamaya, gonne o ne a na le dingwaga di le lesome le bobedi. Mme ba se ka ba kgona go itshwara ka ntlha ya go tlhapelwa ke boitumelo.+
43 Mme a ba laela gangwe le gape gore ba se ka ba itsise ope+ ka seno, mme a laela gore a newe sengwe gore a je.

