Mareko 13:1-37

13  Ya re a tswa mo tempeleng mongwe wa barutwa ba gagwe a mo raya a re: “Moruti, bona! gore maje ano ke a mofuta ofe le gore dikago+ tseno ke tsa mofuta ofe!”  Le fa go ntse jalo, Jesu a mo raya a re: “A o bona dikago tse dikgolo tseno?+ Leje ga le kitla le tlogelwa ka gope fano le le mo godimo ga leje le lengwe+ mme le sa digelwa fa fatshe.”+  Mme ya re a ntse mo Thabeng ya Lotlhware bolebana le tempele, Petere+ le Jakobe le Johane le Anderea ba simolola go mmotsa kwa thoko ba re:+  “Re bolelele, Dilo tseno di tla diragala leng, mme ke eng se e tla nnang sesupo sa fa dilo tseno tsotlhe di laoletswe go tla mo bokhutlong?”+  Jalo Jesu a ba raya a re: “Disang gore ope a se ka a lo timetsa.+  Ba le bantsi ba tla tla ka leina la me, ba re, ‘Ke nna ene,’ mme ba tla timetsa ba le bantsi.+  Mo godimo ga moo, fa lo utlwalela ka dintwa le dipego tsa dintwa, lo se ka lwa tshoga; dilo tseno di tshwanetse go diragala, mme e be e ise e nne bokhutlo.+  “Gonne setšhaba se tla tsogologela setšhaba le bogosi bo tsogologele bogosi,+ go tla nna dithoromo tsa lefatshe+ mo mafelong ka go latelana, go tla nna le ditlhaelo tsa dijo.+ Tseno ke tshimologo ya ditlhabi tsa tlalelo.+  “Mme lona, itiseng; batho ba tla lo isa kwa dikgotlatshekelong+ tsa mafelo a lo leng mo go one, mme lo tla itewa mo disinagogeng+ lo bo lo emisiwa fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me, go nna bosupi mo go bone.+ 10  Gape, mo ditšhabeng tsotlhe dikgang tse di molemo+ di tshwanetse go rerwa pele.+ 11  Mme fa ba lo goga gore ba lo ise, lo se ka lwa tlhobaela go sa le pele kaga se lo tla se buang;+ mme le fa e le eng se lo se newang mo nakong eo, buang sone, gonne ga se lona ba lo buang, mme ke moya o o boitshepo.+ 12  Mo godimo ga moo, morwarramotho o tla neela morwarraagwe mo losong, le rre ngwana wa gagwe,+ mme bana ba tla tsogologela batsadi ba bo ba dira gore ba bolawe;+ 13  mme lo tla nna ba ba tlhoilweng ke batho botlhe ka ntlha ya leina la me.+ Mme yo o itshokileng go ya bokhutlong+ ke ene yo o tla bolokwang.+ 14  “Le fa go ntse jalo, fa lo tshogana ka lo bona selo se se ferosang sebete+ se se bakang kgakgabalo+ se eme fa se sa tshwanelang gone (a mmadi a dirise temogo),+ foo a ba ba kwa Judea ba simolole go tshabela kwa dithabeng.+ 15  A monna yo o kwa godimo ga ntlo a se ka a fologa, le fa e le go tsena mo teng a ya go tsaya sepe mo ntlong ya gagwe;+ 16  mme a monna yo o mo tshimong a se ka a boela kwa dilong tse di kwa morago a ya go tsaya seaparo sa gagwe sa kafa ntle.+ 17  A bo go latlhega basadi ba ba baimana le ba ba anyisang masea mo malatsing ao!+ 18  Nnang lo rapele gore go se ka ga diragala ka nako ya mariga;+ 19  gonne malatsi ao e tla nna malatsi a pitlagano+ e e leng gore ga e ise e ko e nne gone go tswa tshimologong ya popo e Modimo a neng a e bopa go fitlha ka nako eo, mme e se kitla e nna gone gape.+ 20  Tota e bile, fa Jehofa+ a ne a sa khutshwafatsa malatsi ao, go ka bo go se na nama epe e e tla bolokwang. Mme ka ntlha ya ba ba tlhophilweng+ ba a ba tlhophileng+ o khutshwafaditse malatsi.+ 21  “Foo, ka tsela e e tshwanang, fa mongwe a ka lo raya a re, ‘Bonang! Keresete ke yo,’ ‘Bonang! Ke yole,’+ lo se ka lwa go dumela.+ 22  Gonne go tla tsoga boKeresete ba maaka le baporofeti ba maaka+ mme ba tla dira ditshupo le dikgakgamatso+ gore ba timetse, fa go kgonega, ba ba tlhophilweng.+ 23  Jaanong lona, disang;+ ke lo boleletse dilo tsotlhe go sa le pele.+ 24  “Mme mo malatsing ao, morago ga pitlagano eo, letsatsi le tla fifala, le ngwedi ga e na go ntsha lesedi la yone, 25  mme dinaledi di tla bo di wa kwa legodimong, le maatla a a mo magodimong a tla reketlisiwa.+ 26  Mme go tswa foo ba tla bona Morwa motho+ a tla a le mo marung ka maatla a magolo le kgalalelo.+ 27  Mme go tswa foo o tla romela baengele mme ba tla phutha ba ba tlhophilweng+ ba gagwe go tswa kwa diphefong tse nnè, go tswa ntlheng ya lefatshe go ya ntlheng ya legodimo.+ 28  “Jaanong ithuteng setshwantsho seno ka setlhare sa mofeige: Ka bonako fela fa kalana ya sone e nna nana mme e ntsha matlhare a yone, lo a itse gore selemo se gaufi.+ 29  Ka tsela e e tshwanang le lona, fa lo bona dilo tseno di diragala, itseng gore o gaufi, fa dikgorong.+ 30  Ammaaruri ke a lo raya ka re kokomana eno ga e na go feta ka gope go fitlha dilo tseno tsotlhe di diragala.+ 31  Legodimo+ le lefatshe di tla feta, mme mafoko+ a me one ga a na go feta.+ 32  “Ka ga letsatsi leo kgotsa nako ga go na ope yo o itseng, le fa e le baengele kwa legodimong kgotsa Morwa, fa e se Rara.+ 33  Nnang lo lebile, nnang lo tsogile,+ gonne ga lo itse gore nako e e tlhomilweng e leng.+ 34  Go tshwana le motho yo o tsayang loeto a ya nageng e e kgakala+ yo o neng a tlogela ntlo ya gagwe a ba a naya batlhanka ba gagwe taolo, mongwe le mongwe tiro ya gagwe, a ba a laela molebedi wa kgoro gore a nne a disitse. 35  Jalo nnang lo disitse,+ gonne ga lo itse gore mong wa ntlo o tla leng, e ka ne e le maitseboa kgotsa bosigogare kgotsa fa mokoko o lela kgotsa go sa le phakela;+ 36  gore fa a goroga ka tshoganyetso, a se lo fitlhele lo robetse.+ 37  Mme se ke se lo rayang ke se raya botlhe, Nnang lo disitse.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase