Mareko 10:1-52

10  Fa a tswa koo a tloga mme a tla mo dikgaolong tse e leng molelwane wa Judea le ka kwa ga Joredane, mme gape boidiidi jwa phuthegela kwa go ene, mme ka a ne a tlwaetse go dira jalo a simolola go ba ruta gape.+  Jaanong Bafarasai ba ne ba atamela, gore ba mo leke, ba mmotsa gore a go ne go le kafa molaong gore monna a tlhale mosadi.+  Fa a araba a ba raya a re: “Moshe o ne a lo laela gore lo direng?”  Ba re: “Moshe o ne a letlelela go kwalwa ga lekwalo la go mo naya tsela le go mo tlhala.”+  Mme Jesu a ba raya a re: “O ne a lo kwalela taelo eno ka ntlha ya dipelo tsa lona tse di logwadi.+  Le fa go ntse jalo, go tswa kwa tshimologong ya popo ‘O ne a ba dira monna le mosadi.+  Ka lebaka leno monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe,  mme bobedi jono bo tla nna nama e le nngwe’;+ mo ba sa tlholeng ba le babedi, mme ke nama e le nngwe.  Jalo se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se ka a se kgaoganya.”+ 10  E rile a le mo ntlong+ gape barutwa ba mmotsa ka ga seno. 11  Mme a ba raya a re: “Le fa e le mang yo o tlhalang mosadi wa gagwe mme a nyala yo mongwe o mo direla boaka,+ 12  mme fa go direga gore mosadi, fa a sena go tlhala monna wa gagwe, a nyalwe ke yo mongwe, o dira boaka.”+ 13  Jaanong batho ba simolola go mo tlisetsa bana ba babotlana gore a ba ame; mme barutwa ba ba kgalema.+ 14  Fa Jesu a bona seno a galefa mme a ba raya a re: “Lesang bana ba babotlana ba tle kwa go nna; lo se ka lwa leka go ba thiba, gonne bogosi jwa Modimo ke jwa ba ba ntseng jalo.+ 15  Ammaaruri ke a lo raya ka re, Le fa e le mang yo o sa amogeleng bogosi jwa Modimo jaaka ngwana yo mmotlana ga a na go tsena mo go jone ka gope.”+ 16  Mme a tsaya bana ka mabogo mme a simolola go ba segofatsa, a ba baya diatla.+ 17  Ya re a tswa a tsena mo tseleng, monna mongwe a siana mme a wela ka mangole fa pele ga gagwe a ba a mo tlhoma potso a re: “Moruti yo o Molemo, ke eng se ke tshwanetseng go se dira gore ke rue botshelo jo bo sa khutleng?”+ 18  Jesu a mo raya a re: “Ke ka ntlha yang fa o mpitsa yo o molemo?+ Ga go na ope yo o molemo, fa e se a le mongwe, e bong Modimo.+ 19  O itse ditaelo tse di reng, ‘O se ka wa bolaya motho,+ O se ka wa dira boaka,+ O se ka wa utswa,+ O se ka wa ntsha bosupi jwa maaka,+ O se ka wa tsietsa,+ Tlotla rrago le mmago.’”+ 20  Monna yono a mo raya a re: “Moruti, dilo tseno tsotlhe ke di bolokile go tloga bosheng jwa me go ya pele.” 21  Jesu a mo leba mme a ikutlwa a mo rata mme a mo raya a re: “Selo se le sengwe se a tlhaela mo go wena: Tsamaya, o rekise dilo le fa e le dife tse o nang le tsone o bo o neye bahumanegi, mme o tla nna le letlotlo kwa legodimong, mme o tle o nne molatedi wa me.”+ 22  Mme a utlwa botlhoko fa a utlwa lefoko leno a ba a tswa a tsamaya a hutsafetse, gonne o ne a na le dithuo di le dintsi.+ 23  Fa Jesu a sena go lebaleba mo tikologong a raya barutwa ba gagwe a re: “A bo e tla nna selo se se thata jang ne gore ba ba nang le madi+ ba tsene mo bogosing jwa Modimo!”+ 24  Mme barutwa ba simolola go gakgamalela+ mafoko a gagwe. Fa Jesu a araba a ba raya gape a re: “Bongwanaka, a bo e le selo se se thata jang ne go tsena mo bogosing jwa Modimo! 25  Go motlhofo gore kamela e phololele ka letshoba la nnale go na le gore monna yo o humileng a tsene mo bogosing jwa Modimo.”+ 26  Ba tshwarwa ke kgakge le e leng go feta mme ba mo raya ba re: “Ke mang, totatota, yo o ka bolokwang?”+ 27  Jesu, a ba tlhomile matlho, a ba raya a re: “Mo bathong ga go kgonege, mme ga go a nna jalo mo Modimong, gonne dilo tsotlhe di a kgonega mo Modimong.”+ 28  Petere a mo raya a re: “Bona! Re tlogetse dilo tsotlhe mme re ntse re go setse morago.”+ 29  Jesu a re: “Ammaaruri ke a lo raya, Ga go ope yo o tlogetseng ntlo kgotsa bomorwarraagwe kgotsa bomorwadiarraagwe kgotsa mmaagwe kgotsa rraagwe kgotsa bana kgotsa masimo ka ntlha ya me le ka ntlha ya dikgang tse di molemo+ 30  yo o se kitlang a bona go menagane ga lekgolo+ jaanong mo lobakeng lono lwa nako, matlo le bomorwarraagwe le bomorwadiarraagwe le bommaagwe le bana le masimo, di na le dipogiso,+ mme mo tsamaisong e e tlang ya dilo, botshelo jo bo sa khutleng. 31  Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba e leng ba ntlha e tla nna ba bofelo, mme ba bofelo e tla nna ba ntlha.”+ 32  Jaanong ba ne ba le mo tseleng ba tlhatlogela kwa Jerusalema, mme Jesu o ne a tsamaya kwa pele ga bone, mme ba gakgamala; ba ba neng ba tla kwa morago ba simolola go boifa. A tseela ba ba lesome le bobedi kwa thoko gapegape mme a ba bolelela dilo tseno tse di laoletsweng go mo diragalela:+ 33  “Ke rona bano, re tlhatlogela kwa Jerusalema, mme Morwa motho o tla neelwa baperesiti ba bagolo le bakwadi, mme ba tla mo atlholela loso ba bo ba mo neye batho ba ditšhaba,+ 34  mme ba tla sotla ka ene ba bo ba mo kgwele mathe mme ba mo kgwathise ba bo ba mmolaye, mme malatsi a le mararo moragonyana o tla tsoga.”+ 35  Mme Jakobe le Johane, bomorwa Sebede+ ba babedi ba ya kwa go ene mme ba mo raya ba re: “Moruti, re batla gore o re direle le fa e le eng se re se go kopang.”+ 36  A ba raya a re: “Ke eng se lo batlang ke se lo direla?” 37  Ba mo raya ba re: “Re abele gore re nne, yo mongwe kafa seatleng sa gago sa moja mme yo mongwe ka fa go sa molema, mo kgalalelong ya gago.”+ 38  Mme Jesu a ba raya a re: “Ga lo itse se lo se kopang. A lo kgona go nwa senwelo se ke se nwang, kgotsa go kolobediwa ka kolobetso e ke kolobediwang ka yone?”+ 39  Ba mo raya ba re: “Re a kgona.” Foo Jesu a ba raya a re: “Senwelo se ke se nwang lo tla se nwa, le kolobetso e ke kolobediwang ka yone lo tla kolobediwa ka yone.+ 40  Le fa go ntse jalo, go nna kafa mojeng wa me mono kgotsa kafa molemeng wa me ga se ga me go go naya,+ mme ke ga ba ba go baakanyeditsweng.” 41  Ebu, e rile ba bangwe ba ba lesome ba utlwalela ka gone, ba simolola go galefela Jakobe le Johane.+ 42  Mme Jesu, fa a sena go ba biletsa kwa go ene, a ba raya a re: “Lo a itse gore ba ba bonalang ba busa ditšhaba ba rena mo go bone le ba bagolo ba bone ba a ba laola.+ 43  Ga go a nna jalo gareng ga lona; mme le fa e le mang yo o batlang go nna mogolo mo go lona o tshwanetse go nna modiredi wa lona,+ 44  mme le fa e le mang yo o batlang go nna wa ntlha mo go lona o tshwanetse go nna motlhanka wa botlhe.+ 45  Gonne le e leng Morwa motho o ne a tla, e seng go direlwa,+ fa e se go direla le go ntsha moya wa gagwe go nna thekololo+ gore a bone ba le bantsi.”+ 46  Mme ba tla mo Jeriko. Mme fa ene le barutwa ba gagwe le boidiidi jo bogolo ba ne ba tswa mo Jeriko, Baratimeo (morwa Timeo), mokopi yo o foufetseng, o ne a ntse go bapa le tsela.+ 47  E rile a utlwa gore e ne e le Jesu Monasaretha, a goa a re: “Morwa Dafide,+ Jesu, nkutlwele botlhoko!”+ 48  Foo ba le bantsi ba mo kgalemela gore a didimale; mme a nna a goa le go feta moo a re: “Morwa Dafide, nkutlwele botlhoko!”+ 49  Jalo Jesu a ema a re: “Mmitseng.” Mme ba bitsa monna yo o foufetseng, ba mo raya ba re: “Nna pelokgale, nanoga, o a go bitsa.”+ 50  A latlhela seaparo sa gagwe sa kafa ntle kwa, a tsapoga a ya kwa go Jesu. 51  Mme fa Jesu a mo araba a re: “O batla ke go direla eng?”+ Monna yo o foufetseng a mo raya a re: “Raboni, mma ke kgone go bona gape.”+ 52  Mme Jesu a mo raya a re: “Tsamaya, tumelo ya gago e go fodisitse.”+ Mme ka yone nako eo a kgona go bona gape,+ a ba a simolola go mo sala morago mo tseleng.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase