Mareko 7:1-37

7  Jaanong Bafarasai le bangwe ba bakwadi ba ba neng ba tlile ba tswa kwa Jerusalema ba phuthegela gaufi le ene.+ 2  E rile ba bona bangwe ba barutwa ba gagwe baa ja dijo ka diatla tse di leswe, ke gore, tse di sa tlhapiwang+— 3  gonne Bafarasai le Bajuda botlhe ga ba je ba sa tlhapa diatla go fitlha fa sekgonong, ka ba ngangatletse ngwao ya batho ba dinako tsa pele, 4  mme, fa ba boa kwa marekisetsong, ga ba je fa ba sa intlafatsa ka go ikgatšha; gape go na le dingwao+ tse dingwe tse dintsi tse ba di amogetseng gore ba di ngangatlele, dikolobetso tsa dinwelo le dinkgo le dijana tsa kopore;+— 5  jalo Bafarasai bano le bakwadi ba mmotsa ba re: “Ke ka ntlha yang fa barutwa ba gago ba sa itshware go ya ka ngwao ya batho ba dinako tsa pele, mme baa ja dijo ka diatla tse di leswe?”+ 6  A ba raya a re: “Isaia o ne a porofeta sentle ka ga lona baitimokanyi ke lona, jaaka go kwadilwe go twe,+ ‘Batho bano ba ntlotla ka dipounama tsa bone, mme dipelo tsa bone di katogetse kgakala le nna.+ 7  Ba nna ba nkobamelela lefela, ka gonne ba ruta ditaelo tsa batho+ ba re ke dithuto tsa motheo.’ 8  Ka go tlogela taelo ya Modimo, lo ngangatlela ngwao ya batho.”+ 9  Gape, a tswelela a ba raya a re: “Ka botlhajana lo beela kwa thoko taelo+ ya Modimo gore lo tshegetse ngwao ya lona. 10  Ka sekai, Moshe o ne a re, ‘Tlotla rrago le mmago,’+ a ba a re, ‘A yo o gobololang rraagwe kgotsa mmaagwe a swe.’+ 11  Mme lona lwa re, ‘Fa motho a raya rraagwe kgotsa mmaagwe a re: “Le fa e le eng se ke nang le sone se o ka bonang molemo mo go nna ka sone ke korobane,+ (ke gore, mpho e e tshwaetsweng+ Modimo,)”’— 12  lona ga lo tlhole lo mo letla gore a direle rraagwe kgotsa mmaagwe le fa e le selo se le sengwe,+ 13  mme ka gone lo dira lefoko la Modimo+ lefela ka ngwao ya lona e lo neng lwa e fetisa. Le dilo tse dintsi+ tse di tshwanang le seno lo a di dira.” 14  Jalo, ya re a biletsa boidiidi kwa go ene gape, a tswelela a ba raya a re: “Ntheetsang, lona lotlhe, lo bo lo bone bokao.+ 15  Ga go na sepe se se tswang ka kwa ntle ga motho se se fetelang mo teng ga gagwe se se ka mo leswafatsang; mme dilo tse di tswang mo mothong ke tsone dilo tse di leswafatsang motho.”+ 16  —— 17  Jaanong e rile a sena go tsena mo ntlong nngwe a le kgakala le boidiidi, barutwa ba gagwe ba simolola go mmotsa ka ga setshwantsho+ seno. 18  Jalo a ba raya a re: “A le lona ga lo na temogo jaaka bone?+ A ga lo lemoge gore ga go na sepe se se tswang ka kwa ntle se se fetelang mo teng ga motho se se ka mo leswafatsang, 19  e re ka se fetela, e seng mo teng ga pelo ya gagwe, mme mo teng ga mala a gagwe, se bo se fetela ka kwa ntle mo teng ga mosele wa maswe?”+ Ka gone a bolela fa dijo tsotlhe di le phepa.+ 20  Mo godimo ga moo, o ne a re: “Se se tswang mo mothong ke sone se se leswafatsang motho;+ 21  gonne mo teng, mo pelong ya batho,+ go tswa dikakanyo tse di utlwisang botlhoko: dikgokafalo,+ bogodu, dipolao,+ 22  maakafalo, dikeletso tsa bopelotshetlha,+ ditiro tse di boikepo, tsietso, boitshwaro jo bo repileng,+ leitlho le le lefufa, tlhapatso, mabela, go tlhoka tekatekano. 23  Dilo tseno tsotlhe tse di boikepo di tswa mo teng mme di leswafatsa motho.”+ 24  Ya re a tswa koo a nanoga a ya kwa dikgaolong tsa Ture le Sidona.+ Mme a tsena mo ntlong nngwe a sa batle gore ope a itse ka gone. Le fa go ntse jalo o ne a se ka a tlhoka go lemogiwa;+ 25  mme ka yone nako eo mosadi yo morwadinyana wa gagwe a neng a na le moya o o seng phepa a utlwalela kaga gagwe mme a tla a itigela fa dinaong tsa gagwe.+ 26  Mosadi yono e ne e le Mogerika, Mosirofonikia ka setšhaba; mme a nna a mo kopa gore a leleke ledimona mo go morwadie.+ 27  Mme a mo raya a re: “Mma bana ba kgore pele, gonne ga go a siama go tsaya senkgwe sa bana+ se bo se latlhelelwa dintšanyana.”+ 28  Le fa go ntse jalo, fa a fetola, a mo raya a re: “Ee, rra, mme le fa go ntse jalo dintšanyana tse di kafa tlase ga tafole di ja matlhotlhora+ a bana ba bannye.”+ 29  Foo a mo raya a re: “Ka gonne o rialo, tsamaya; ledimona le dule mo go morwadio.”+ 30  Jalo a tsamaya a ya kwa legaeng la gagwe mme a fitlhela+ ngwana yo mmotlana a laditswe mo bolaong mme ledimona le dule. 31  Jaanong fa a boa a tswa mo dikgaolong tsa Ture a ralala Sidona a ya kwa lewatleng la Galalea a tlhatloga a raletse bogare jwa dikgaolo tsa Dekapolise.+ 32  Fano ba mo tlisetsa monna yo o neng a le susu e bile a na le bothata jwa go bua, mme ba mo rapela gore a mmeye seatla.+ 33  Mme a mo tlosa mo boidiiding a mo isa kwa thoko mme a tsenya menwana ya gagwe mo ditsebeng tsa monna yono mme, fa a sena go kgwa mathe, a ama loleme lwa gagwe.+ 34  Ya re a lelaletse kwa legodimong+ a fegelwa+ thata mme a mo raya a re: “Efefatha,” ke gore, “Bulega.” 35  Ebu, maatla a gagwe a go utlwa a bulega,+ le go kgweleana ga loleme lwa gagwe ga bofologa, mme a simolola go bua ka tsela e e tlwaelegileng. 36  Foo a ba laya gore ba se ka ba bolelela ope;+ mme e ne e re a ba laya thata, ba bolele thata fela jalo.+ 37  Eleruri, ba ne ba tshwarwa ke kgakge+ ka tsela e e sa tlwaelegang tota mme ba re: “O dirile dilo tsotlhe sentle. E bile o dira gore bosusu ba utlwe le ba ba sa kgoneng go bua ba bue.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase