Mareko 2:1-28
2 Le fa go ntse jalo, morago ga malatsinyana a tsena gape mo Kaperenama mme ga begwa fa a le mo gae.+
2 Ka gone ba le bantsi ba phuthega, mo e leng gore go ne go sa tlhole go na le manno, le fa e le fa kgorong, mme a simolola go bua lefoko+ le bone.
3 Mme banna ba tla ba mo tlisetsa motho yo o suleng ditokololo a kukilwe ke ba le banè.+
4 Mme ka ba ne ba sa kgone go mo fitlhisa kwa go Jesu ka ntlha ya boidiidi, ba tlosa borulelo mo godimo ga fa a neng a le gone, mme ya re ba sena go bula phatlha ba isa bolawana jo motho yo o suleng ditokololo a neng a letse mo go jone kwa tlase.+
5 E rile Jesu a bona tumelo+ ya bone a raya motho yo o suleng ditokololo a re: “Ngwanaka, maleo a gago a itshwaretswe.”+
6 Jaanong go ne go na le bangwe ba bakwadi koo, ba ntse e bile ba akanya mo dipelong tsa bone ba re:+
7 “Ke ka ntlha yang fa monna yono a bua ka mokgwa ono? O a tlhapatsa. Ke mang yo o ka itshwarelang maleo fa e se a le mongwe fela, e bong Modimo?”+
8 Mme Jesu, ka a lemogile ka yone nako eo ka moya wa gagwe gore ba ne ba akanya ka tsela eo, a ba raya a re: “Ke ka ntlha yang fa lo akanya dilo tseno mo dipelong tsa lona?+
9 Ke eng se se motlhofo segolo, go raya motho yo o suleng ditokololo yono ke re, ‘Maleo a gago a itshwaretswe,’ kgotsa go re, ‘Nanoga o tseye bolawana jwa gago o tsamaye’?+
10 Mme gore lo itse gore Morwa motho+ o na le taolo ya go itshwarela maleo mo lefatsheng,”+—a raya motho yo o suleng ditokololo a re:
11 “Ke a go raya, Nanoga, tsaya bolawana jwa gago, mme o ye legaeng la gago.”+
12 Foo a nanoga ruri, mme ka yone nako eo a tsaya bolawana jwa gagwe a tswa fa pele ga bone botlhe a tsamaya,+ mo botlhe ba neng ba tseega maikutlo fela thata, mme ba galaletsa Modimo, ba re: “Ga re ise re ke re bone selo se se tshwanang le seno.”+
13 Gape a tswa a ya go bapa le lewatle; mme boidiidi jotlhe jwa nna jwa tla kwa go ene, mme a simolola go ba ruta.
14 E rile a feta, a tshogana ka a bona Lefi+ morwa Alefaeo a ntse fa ofising ya lekgetho, a mo raya a re: “Nna molatedi wa me.” Mme ya re a ema, a mo sala morago.+
15 Moragonyana ga diragala gore a bo a ntse ka go sekama fa tafoleng mo ntlong ya gagwe, mme bakgethisi+ ba le bantsi le baleofi ba ne ba ntse ka go sekama le Jesu le barutwa ba gagwe, gonne go ne go na le ba bantsi ba bone mme ba simolola go mo sala morago.+
16 Mme bakwadi ba Bafarasai, e rile ba bona gore o ne a ja le baleofi le bakgethisi, ba simolola go raya barutwa ba gagwe ba re: “A o ja le bakgethisi le baleofi?”+
17 Fa Jesu a utlwa seno a ba raya a re: “Ba ba nonofileng ga ba tlhoke ngaka, mme ba ba lwalang ba a e tlhoka. Ke tletse go bitsa, e seng batho ba ba siameng, fa e se baleofi.”+
18 Jaanong barutwa ba ga Johane le Bafarasai ba ne ba tlwaetse go itima dijo. Jalo ba tla ba mo raya ba re: “Ke ka ntlha yang fa barutwa ba ga Johane le barutwa ba Bafarasai ba tlwaetse go itima dijo, mme barutwa ba gago bone ba sa itlwaetsa go itima dijo?”+
19 Jesu a ba raya a re: “Ditsala tsa monyadi fa monyadi a sa ntse a na le tsone ga di ka ke tsa itima dijo,+ ga ke re? Fa fela di na le monyadi ga di ka ke tsa itima dijo.+
20 Mme malatsi a tla tla a monyadi o tla tlosiwang mo go tsone ka one, mme ke gone ba tla itimang dijo ka letsatsi leo.+
21 Ga go na ope yo o rokelelang sebata sa letsela le le sa gonegang mo seaparong sa kafa ntle se segologolo; fa a ka dira jalo, nonofo ya sone e e tletseng e a se gagola, se sesha se gagola se segologolo, mme fa go gagogileng teng go nna maswe le go feta.+
22 Gape, ga go na ope yo o tshelang beine e ntšha mo mehalong ya beine e megologolo; fa a ka dira jalo, beine e phanya mehalo, mme beine e a senyega mmogo le mehalo.+ Mme batho ba tshela beine e ntšha mo mehalong e mesha ya beine.”+
23 Jaanong ga diragala gore a bo a tsamaya a raletse masimo a dijo tsa ditlhaka ka sabata, mme barutwa ba gagwe ba simolola go tsena ba kgetla+ diako tsa dijo tsa ditlhaka.+
24 Jalo Bafarasai ba simolola go mo raya ba re: “Bona! Ke ka ntlha yang fa ba dira se se seng kafa molaong ka sabata?”+
25 Mme a ba raya a re: “A ga lo ise lo ke lo bale se Dafide+ a neng a se dira fa a ne a tlhoka sengwe mme a tshwarwa ke tlala, ene le banna ba ba neng ba na le ene?+
26 Kafa a neng a tsena mo ntlong ya Modimo ka gone, mo polelong e e buang kaga Abiathare+ moperesiti yo mogolo, mme a ja dinkgwe tsa neo,+ tse go seng kafa molaong+ gore ope a di je fa e se baperesiti, a ba a naya le banna ba ba neng ba na le ene tse dingwe?”+
27 Jalo a tswelela a ba raya a re: “Sabata e ne ya nna gone ka ntlha ya motho,+ mme e seng motho ka ntlha ya sabata;+
28 ka gone Morwa motho ke Morena le e leng wa sabata.”+