DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BAEBELE

Boleo Jo bo Ka se Itshwarelweng ke Bofe?

Setswana
Boleo Jo bo Ka se Itshwarelweng ke Bofe?
https://cms-imgp.jw-cdn.org/img/p/502016103/univ/art/502016103_univ_sqr_xl.jpg
ijwbq setlhogo 101

Boleo Jo bo Ka se Itshwarelweng ke Bofe?

Boleo Jo bo Ka se Itshwarelweng ke Bofe?

Karabo ya Baebele

 Boleo jo bo sa itshwarelweng ke jo motho a bo dirang ka bomo mo go dirang gore a se ka a tlhola a itshwarelwa ke Modimo. Go tla jang gore motho a nne jalo?

 Modimo o itshwarela batho ba ba ikwatlhaelang maleo a bone, ba ba ikobelang ditaelo tsa gagwe ba bo ba bontsha gore ba dumela mo go Jesu Keresete. (Ditiro 3:19, 20) Le fa go ntse jalo, motho a ka tswelela ka go dira boleo mo a sa tlholeng a kgona go fetola mekgwa kgotsa boitshwaro jwa gagwe. Baebele ya re motho yo o ntseng jalo o na le “pelo e e boikepo” e e ‘kgwaraladitsweng ke maatla a a tsietsang a boleo.’ (Bahebera 3:12, 13) Fela jaaka letsopa le ka se kgone go bopiwa gape fa le tswa mo bobesetsong, pelo ya motho yoo e kgona go nna kgatlhanong le Modimo go ya go ile. (Isaia 45:9) Ga go kitla go nna le sepe se se ka dirwang gore motho yoo a itshwarelwe, ka jalo o nna le molato wa boleo jo bo ka se itshwarelweng.​—Bahebera 10:26, 27.

 Ka motlha wa ga Jesu, baeteledipele bangwe ba Bajuda ba ile ba dira boleo jo bo ka se itshwarelweng. Ba ne ba itse sentle gore Jesu o ne a dira dikgakgamatso ka moya o o boitshepo wa Modimo, mme se se gakgamatsang ke gore ba ne ba re o newa maatla ao ke Satane Diabolo.​—Mareko 3:22, 28-30.

Dikai tsa maleo a a ka itshwarelwang

  •  Go tlhapatsa ka ntlha ya botlhokakitso. Moaposetoloi Paulo e kile ya nna motlhapatsi mme moragonyana o ne a re: “Ke ne ka bontshiwa kutlwelobotlhoko, ka gonne ke ne ke se na kitso e bile ke dira ka go tlhoka tumelo.”​—1 Timotheo 1:13.

  •  Boaka. Baebele e bua ka batho bangwe ba ba kileng ba dira boaka mme ba fetola boitshwaro jwa bone ba bo ba itshwarelwa ke Modimo.​—1 Bakorintha 6:9-11.

“A ke dirile boleo jo bo ka se itshwarelweng?”

 Fa e le gore ruri o tlhoile tsela e o neng o tshela ka yone e bile o batla go e fetola, Modimo a ka go itshwarela. Gape Modimo a ka kgona go itshwarela motho yo o dirang boleo joo kgapetsakgapetsa fa fela a ikwatlhaya go tswa pelong.​—Diane 24:16.

 Batho ba bangwe ba ka tswa ba ikutlwa e kete ba dirile boleo jo bo ka se itshwarelweng ka gonne ba tshwenngwa ke maikutlo a go nna ba ipona molato. Le fa go ntse jalo, Baebele e re tlhalosetsa gore ga re ka ke ra tshepa maikutlo a rona ka metlha. (Jeremia 17:9) Modimo ga a re naya tetla ya go atlhola ope—tota le go ikatlhola. (Baroma 14:4, 12) O kgona go re itshwarela tota le fa dipelo tsa rona di sa ntse di re bona molato.​—1 Johane 3:19, 20.

A Judase Isekariota o ne a dirile boleo jo bo ka se itshwarelweng?

 Ebu. Go nna bogagaru ga gagwe go dirile gore a utswe madi a a neng a beetswe dilo tse di boitshepo. O ne a itira e kete o kgathalela batho ba ba humanegileng ntswa maitlhomo a gagwe e ne e le go utswa madi a mangwe. (Johane 12:4-8) Fa pelo ya ga Judase e setse e kgwaraladitswe ke boleo, o ne a oka Jesu gore a newe dipapetlana tsa selefera di le 30. Jesu o ne a itse gore Judase a ka se tsamaye a ikwatlhaela boleo jwa gagwe, ka jalo a mmitsa “morwa tshenyego.” (Johane 17:12) Seno se raya gore fa Judase a swa, o ne a tla nyelediwa ka bosakhutleng e bile a se kitla a tsosiwa mo baswing.​—Mareko 14:21.

 Judase ga a ka a bontsha gore o ikwatlhaela boleo jwa gagwe go tswa pelong. Ga a ka a ipolela molato mo Modimong, go na le moo o ne a ipolela mo baeteledipeleng ba bodumedi ba a neng a logile segwenegwene le bone.​—Mathaio 27:3-5; 2 Bakorintha 7:10.