Ke Ikutlwa ke le Molato—A Baebele e ka Nthusa?
Karabo ya Baebele
Ee. Baebele e ka re thusa gore re tlogele go ikutlwa re le molato. (Pesalema 32:1-5) Fa e le gore re dirile sengwe se se phoso mme gone re ikwatlhaya go tswa pelong, Modimo o tla re itshwarela gape o tla re thusa gore re tlogele go ikutlwa re le molato. (Pesalema 86:5) Baebele e bontsha gore ka dinako dingwe go ikutlwa molato go ka re tswela mosola. Ka sekai, go ka re thusa go tlogela go dira sengwe se se phoso le go tila go boeletsa phoso eo. (Pesalema 51:17; Diane 14:9) Le fa go ntse jalo, Baebele e re gakolola gore re se ka ra ikutlwa molato thata, gongwe ka go akanya gore ga re batho ba sepe kgotsa gore ga re botlhokwa mo matlhong a Modimo. Go akanya jalo go ka dira gore re feleletse re “fekeediwa ke go utlwa botlhoko jo bo feteletseng.”—2 Bakorintha 2:7.
Ke eng se se ka dirang gore re ikutlwe re le molato?
Go na le mabaka a mantsi a a ka dirang gore re ikutlwe re le molato. Re ka ikutlwa jalo fa re akanya gore re utlwisitse mongwe yo re mo ratang botlhoko kgotsa fa re akanya gore re paletswe ke go dira sengwe se re neng re tshwanetse go se dira. Ka dinako dingwe, re ka ikutlwa jalo tota le fa re se molato. Ka sekai, fa re ipeela melao e e thata ya gore re batla go tshela jang, seo se ka dira gore re ikutlwe molato go sa tlhokege nako nngwe le nngwe fa re palelwa ke go tshela ka yone. Ke gone ka moo Baebele e re kgothaletsang gore re se ka ra lebelela gore re dire dilo tse re ka se kang ra di kgona.—Moreri 7:16.
Ke ka lepalepana jang le go ikutlwa molato?
Go na le go kgobiwa marapo ke go ikutlwa molato, dira se o ka se kgonang go baakanya dilo. Jang?
Amogela diphoso tsa gago. Fa o rapela, kopa Jehofa a Modimo gore a go itshwarele. (Pesalema 38:18; Luke 11:4) O ka tlhomamisega ka gore Modimo o a go utlwa fa o ikwatlhaya go tswa pelong le fa o leka ka natla go sa boeletse phoso e o e dirileng. (2 Ditiragalo 33:13; Pesalema 34:18) O bona se se mo dipelong tsa rona, e leng sengwe se batho ba bangwe ba ka se kang ba kgona go se bona. Fa Modimo a bona gore re leka go tlogela go dira sengwe se se sa siamang, “Modimo o a ikanyega e bile o siame mo e leng gore fa re ipolela maleo a rona, o tla re itshwarela.”—1 Johane 1:9; Diane 28:13.
Fa o diretse mongwe phoso, o tlhoka go amogela phoso ya gago mme o ikopele maitshwarelo go tswa pelong. Go ka tswa go se motlhofo go dira jalo! O tla tlhoka go nna pelokgale le go bontsha boikokobetso. Go kopa maitshwarelo go tswa pelong go dira dilo tse pedi tse di botlhokwa: Go go rola morwalo, gape go dira gore go nne le kagiso.—Mathaio 3:8; 5:23, 24.
Akanya ka ditemana tse di buang ka kutlwelobotlhoko ya Modimo. Ka sekai, akanya ka 1 Johane 3:19, 20. Mo temaneng eo Baebele e bontsha gore “dipelo tsa rona di ka re bona molato,” ke ka moo re ka feleletsang re itshwayatshwaya diphoso le go ikutlwa re sa tshwanelwe ke lorato lwa Modimo. Le fa go ntse jalo, temana eo fa e tswelela e a re, “Modimo o mogolo go feta dipelo tsa rona.” Jang? O itse sengwe le sengwe ka rona e bile o tlhaloganya maikutlo a rona a a kwa teng le makoa a rona. Gape o itse gore re tshotswe re na le boleo mme seo se raya gore re tla dira diphoso. b (Pesalema 51:5) Ka jalo, o amogela ba ba bontshang gore ba ikwatlhaela diphoso tsa bone.—Pesalema 32:5.
O se ka wa nnela go akanya ka diphoso tse di fetileng. Baebele e na le dipego di le dintsi tsa banna le basadi ba ba neng ba dira dilo tse di bosula mme morago ba fetoga. Mongwe wa bone e ne e le Saulo wa Tareso, yo morago a neng a itsege e le moaposetoloi Paulo. E re ka e ne e le Mofarasai, o ne a bogisa balatedi ba ga Jesu. (Ditiro 8:3; 9:1, 2, 11) Le fa go ntse jalo, fa a sena go itse gore o ne a ganetsa Modimo le Mesia kgotsa Keresete, o ile a ikwatlhaya, a fetola ditsela tsa gagwe mme ya nna Mokeresete yo o tlhomang sekao. Le fa gone Paulo a ne a ikwatlhaela maitshwaro a gagwe, o ne a sa nnele go akanya ka dilo tse di fetileng. E re ka Paulo a ne a itse gore Modimo o mo utlwetse botlhoko, o ile a nna moreri yo o tlhagafetseng e bile ga a ka a lebala tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng.—Bafilipi 3:13, 14.
Ditemana tsa Baebele ka ga go ikutlwa molato le go itshwarela
Pesalema 51:17: “Modimo, ga o kitla o tlhokomologa pelo e e phatlogileng le e e gateletsweng.”
Se e se kayang: Fa o dirile phoso, Modimo o tla go itshwarela fa o bontsha gore o ikwatlhaela go bo o mo utlwisitse botlhoko. O kutlwelobotlhoko.
Diane 28:13: “Motho yo o fitlhang maleo a gagwe ga a kitla a atlega, mme yo o ipolelang maleo a gagwe a bo a a tlogela o tla utlwelwa botlhoko.”
Se e se kayang: Fa re ipolela maleo a rona mo Modimong, e bile re fetola ditsela tsa rona, o tla re itshwarela.
Jeremia 31:34: “Ke tla ba itshwarela molato wa bone, e bile ga nkitla ke tlhola ke gakologelwa boleo jwa bone.”
Se e se kayang: Fa Modimo a re itshwarela, ga a kitla a re gopotsa diphoso tsa rona. Kutlwelobotlhoko ya gagwe ke ya mmatota.
a Jehofa ke leina la Modimo.—Ekesodo 6:3.
b Re na le tshekamelo ya go dira se se sa siamang ka gonne re ruile boleo go tswa mo monneng wa ntlha e bong Adame. Ene le mosadi wa gagwe Efa, ba ile ba leofela Modimo mme bone le ditlogolwana tsa bone ba ile ba latlhegelwa ke botshelo jo bo sa khutleng.—Genesise 3:17-19; Baroma 5:12.

