Johane wa Ntlha 1:1-10
1 Re lo kwalela ka yo o neng a le gone go tloga kwa tshimologong, yo re utlwileng ka ene, yo re mmoneng ka matlho, yo re ileng ra mo lemoga ra bo ra mo tshwara ka diatla; re lo kwalela ka lefoko la botshelo.+
2 Botshelo jo bo sa khutleng bo ne jwa bonadiwa mo go rona, mme re bo bone e bile re neela bosupi ka jone mo go lona.+ Botshelo jono jo bo sa khutleng+ bo tswa kwa go Rara e bile bo ile jwa bonadiwa mo go rona.
3 Re lo boleletse se re se boneng le se re se utlwileng,+ gore lo nne seoposengwe le rona fela jaaka le rona re le seoposengwe le Rara le Morwawe Jesu Keresete.+
4 Mme re lo kwalela dilo tseno gore re tle re itumele fela thata.
5 Re batla go lo bolelela molaetsa ono o re neng ra o bolelelwa: Modimo ke lesedi+ mme ga go na lefifi lepe mo go ene.*
6 Fa re re, “Re seoposengwe le ene,” mme re tswelela re tsamaya mo lefifing, re bua maaka e bile ga re tshele go dumalana le boammaaruri.+
7 Le fa go ntse jalo, fa re tsamaya mo leseding jaaka le ene a le mo leseding, rona ka borona re seoposengwe, e bile madi a ga Morwawe e bong Jesu a re phepafatsa mo boleong bongwe le bongwe.+
8 Fa re re, “Ga re na boleo,” re a itsietsa+ e bile ga re dumele dithuto tsa boammaaruri.
9 Modimo o a ikanyega e bile o siame mo e leng gore fa re ipolela maleo a rona, o tla re itshwarela a bo a re phepafatsa mo dilong tsotlhe tse di bosula.+
10 Fa re re, “Ga re a leofa,” tota ra re Modimo o bua maaka, e bile ga re dumele se a se buang.
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Kgotsa “le le seoposengwe le ene.”