Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Tota re ka Itse Modimo?

A Tota re ka Itse Modimo?

“Re ka se itse Modimo.” —Rafilosofi wa lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Philo wa kwa Alexandria.

“[Modimo] ga a kgakala le mongwe le mongwe wa rona.” —Saulo wa kwa Tareso, a bua le borafilosofi ba lekgolo la ntlha la dingwaga kwa Athena.

FA O ntse o bala dipolelo tseno tse pedi, ke efe e o dumalanang le yone? Batho ba le bantsi ba bone mafoko a ga Saulo wa Tareso, yo gape a bidiwang moaposetoloi Paulo a gomotsa e bile a kgatlha. (Ditiro 17:26, 27) Gape Baebele e re tlhomamisetsa dilo dingwe. Ka sekai, thapelo ya ga Jesu e tlhomamisetsa balatedi ba gagwe gore ba ka itse Modimo le go segofadiwa ke ene.—Johane 17:3.

Le fa go ntse jalo, baitsefilosofi ba ba jaaka Philo ba ne ba sa dumalane le seo. Ba ne ba re re ka se itse Modimo. Boammaaruri ke eng?

Baebele ya re go na le dilo dingwe ka Modimo tse go leng thata go di tlhaloganya. Ka sekai, mogopolo wa gagwe o o gakgamatsang, boteng jwa botlhale jwa gagwe le gore Mmopi o na le nako e kae a le gone di ka se ka tsa lekanngwa le sepe. Ga re ka ke ra di tlhaloganya. Le fa go ntse jalo, seo ga se re thibele go itse Modimo. Tota e bile, go akanya thata ka dilo tseo go ka re thusa go ‘atamela Modimo.’ (Jakobe 4:8) A re sekaseke dilo dingwe tse re ka se di itseng. Morago ga moo, re tla sekaseka dilo tse re ka di itseng ka Modimo.

Ke Eng Se re Ka se Se Itseng?

TSHIMOLOGO YA MODIMO: Baebele e ruta gore fa e sa le Modimo a le teng “go tswa bosasimologeng go ya bosakhutleng.” (Pesalema 90:2) Ka mafoko a mangwe, Modimo ga a na tshimologo e bile ga a na bokhutlo. Go ya ka batho, “palo ya dingwaga tsa gagwe ga e ka ke ya hukutswa.”—Jobe 36:26.

Kafa o solegelwang molemo ka gone: Modimo o go solofetsa gore fa o ka mo itse, o tla go naya botshelo jo bo sa khutleng. (Johane 17:3) Tsholofetso eo e ne e tla nna boammaaruri jang fa Modimo a ka bo a sa tshelele ruri? Ke “Kgosi ya bosakhutleng” fela e e ka diragatsang tsholofetso eo.—1 Timotheo 1:17.

DIKAKANYO TSA MODIMO: Baebele e ruta gore ‘tlhaloganyo ya Modimo ga e ka ke ya hukudiwa’ ka gonne dikakanyo tsa gagwe di kwa godimo thata ga tsa rona. (Isaia 40:28; 55:9) Go a tshwanela go bo Baebele e botsa jaana: “Ke mang yo o itseng mogopolo wa ga Jehofa, gore a tle a mo laye?”—1 Bakorintha 2:16.

Kafa o solegelwang molemo ka gone: Modimo o kgona go reetsa dithapelo tsa batho ba le dimilione ka nako e le nngwe. (Pesalema 65:2) Tota e bile, o bona thaga nngwe le nngwe e e welang fa fatshe. A Modimo a ka akanya ka dilo di le dintsi mo a ka palelwang ke go go bona le go reetsa dithapelo tsa gago? Nnyaa, ka gonne mogopolo wa gagwe ga o ka ke wa lekanyediwa. Mo godimo ga moo, ‘o botlhokwa go feta dithaga tse dintsi.’—Mathaio 10:29, 31.

DITSELA TSA MODIMO: Baebele e ruta gore batho ba ka “se ka ba batlisisa tiro e Modimo wa boammaaruri a e dirileng go tloga tshimologong go ya bokhutlong.” (Moreri 3:11) Ka jalo, re ka se itse sengwe le sengwe ka Modimo. Botlhale jwa ditsela tsa gagwe bo ka se ka jwa “latedisiwa.” (Baroma 11:33) Le fa go ntse jalo, Modimo o ikemiseditse go senolela batho ba batlang go mo itumedisa ditsela tsa gagwe.—Amose 3:7.

Mogopolo wa gagwe o o gakgamatsang, boteng jwa botlhale jwa gagwe le gore Mmopi o na le nako e kae a le gone, di ka se ka tsa lekanngwa le sepe

Kafa o solegelwang molemo ka gone: Fa o bala le go ithuta Baebele, o tla itse dilo tse dintsi ka Modimo le ditsela tsa gagwe. Seno se raya gore re ka atamalana le Rraarona yo o kwa legodimong ka bosakhutleng.

Se o Ka se Itseng

Le fa re sa kgone go itse dilo dingwe ka Modimo, seo ga se reye gore re ka se kgone go mo itse gotlhelele. Baebele e na le tshedimosetso e ntsi e e ka re thusang go mo itse botoka. Ela tlhoko dikai dingwe:

LEINA LA MODIMO: Baebele e ruta gore Modimo o na le leina. A re: “Ke nna Jehofa. Ke lone leina la me.” Leina la Modimo le tlhaga makgetlho a ka nna 7 000 mo Baebeleng go gaisa leina lepe fela.—Isaia 42:8.

Kafa o solegelwang molemo ka gone: Jesu o ne a bua jaana mo thapelong ya sekao: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe.” (Mathaio 6:9) A le wena o ka dirisa leina la Modimo fa o rapela? Jehofa o ikemiseditse go boloka mongwe le mongwe yo o tlotlang leina la gagwe.—Baroma 10:13.

KWA MODIMO A NNANG GONE: Baebele e ruta gore go na le “mafelo” a mabedi a bonno—lobopo le lefatshe le re nnang mo go lone le legodimo kwa dibopiwa tsa moya di nnang gone. (Johane 8:23; 1 Bakorintha 15:44) “Lefelo la bonno” la Mmopi ke gone “kwa magodimong.”—1 Dikgosi 8:43.

Kafa o solegelwang molemo ka gone: O tla kgona go itse Modimo botoka. Mmopi ga se moya o o sa itsiweng o o gongwe le gongwe e bile o le mo go sengwe le sengwe. Jehofa ke motho wa mmatota yo o nnang kwa lefelong la mmatota. Le fa go ntse jalo, “ga go na sebopiwa se se sa bonatshegeng mo ponong ya gagwe.”—Bahebera 4:13.

BOTHO JWA MODIMO: Baebele e ruta gore Jehofa o na le dinonofo tse di molemo. “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) Ga a ke a bua maaka. (Tito 1:2) Ga a na tlhaolele, o kutlwelobotlhoko, o pelontle e bile o bonya go galefa. (Ekesodo 34:6; Ditiro 10:34) Go ka gakgamatsa batho ba le bantsi go bo Mmopi a batla go nna le “kamano e e molemo” le batho ba ba mo tlotlang.—Pesalema 25:14.

Kafa o solegelwang molemo ka gone: O ka nna tsala ya ga Jehofa. (Jakobe 2:23) Mme fa o ntse o ithuta botho jwa gagwe, o tla kgona go tlhaloganya dipego tsa Baebele botoka.

‘MMATLE’

Baebele e tlhalosa Jehofa Modimo sentle. Tota e bile, o batla gore o mo itse. Lefoko la gagwe e leng Baebele le solofetsa jaana: “Fa o mmatla, o tla dira gore o mmone” (1 Ditiragalo 28:9) Goreng o sa ithute ka Modimo ka go bala le go akanyetsa kwa teng ka dipego tsa Baebele? Baebele e solofetsa gore fa o dira jalo, Modimo ‘o tla go atamela.’—Jakobe 4:8.

Fa o bala le go ithuta Baebele, o tla itse dilo tse dintsi ka Modimo le ditsela tsa gagwe

Ka jalo, o ka tswa o ipotsa gore, ‘E re ka nka se kgone go itse sengwe le sengwe ka Mmopi, nka nna tsala ya gagwe jang?’ Akanya ka seno: A tsala e kgolo ya ngaka e tshwanetse ya bo e na le dikirii ya bongaka? Nnyaa! Tsala ya ngaka e ka tswa e na le thutego e e farologaneng. Le fa go ntse jalo, ba ka nna le kamano e e molemo. Se se botlhokwa ke gore tsala eo e itse botho jwa ngaka, se e se ratang le se e sa se rateng. Ka tsela e e tshwanang, o ka ithuta mo Baebeleng gore Jehofa ke motho yo o ntseng jang—sone se o se tlhokang gore o nne le kamano e e molemo le ene.

Go na le go ntsha mabaka a sa utlwaleng ka Mmopi, Baebele e na le tshedimosetso e re e tlhokang gore re itse Modimo. A o ka rata go ithuta mo go oketsegileng ka Jehofa Modimo? Basupi ba ga Jehofa ba na le thulaganyo ya go ithuta Baebele le batho mahala. Re go kgothaletsa gore o ikgolaganye le Basupi ba ba mo lefelong la lona kgotsa o tsene mo website ya rona ya www.jw.org/tn.