Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE | A MODIMO O A GO KGATLHEGELA?

Modimo o Batla Gore o Atamalane le Ene

Modimo o Batla Gore o Atamalane le Ene

“Ga go na motho ope yo o ka tlang mo go nna fa Rara, yo o nthomileng, a sa mo goge.”—JOHANE 6:44.

LEBAKA LA GO BO BANGWE BA BELAELA: Batho ba le bantsi ba ba dumelang mo Modimong ba ikutlwa ba le kgakala le ene. Christina, mosadi mongwe wa kwa Ireland yo o neng a ya kerekeng beke le beke, a re: “Ke ne ke mo tsaya e le Modimo yo o bopileng sengwe le sengwe mme ke sa mo itse. Ga ke ise ke tsamaye ke ikutlwe ke atamalane le ene.”

SE LEFOKO LA MODIMO LE SE RUTANG: Fa re ikutlwa re latlhilwe, Jehofa ga a re tlhoboge. Jesu o ne a bontsha gore Modimo o amega ka rona fa a ne a re: “Fa motho mongwe a ka nna le dinku di le lekgolo mme e le nngwe ya tsone e timela, a ga a na go tlogela tse di masome a robongwe le borobongwe mo dithabeng a ba a bolola a ya go batla e e timetseng?” Re ithutang? “Ka tsela e e tshwanang ga se selo se se eletsegang mo go Rre yo o kwa legodimong gore mongwe wa ba bannye bano a nyelele.”—Mathaio 18:12-14.

Mongwe le “mongwe wa ba bannye bano” o tlhwatlhwakgolo mo Modimong. Modimo o “batla e e timetseng” jang? Temana e e nopotsweng kwa godimo ya re Jehofa o gogela batho kwa go ene.

Ke bomang gompieno ba ba etelang batho mo magaeng a bone le mo mafelong a botlhe ba ba bolelela molaetsa wa Baebele o o malebana le Modimo?

Ela tlhoko se Modimo a se dirileng go gogela batho ba ba peloephepa kwa go ene. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., Modimo o ne a romela morutwa wa Mokeresete e bong Filipo gore a ye go kgatlhantsha kara ya modiredimogolo wa Moethiopia le go mo tlhalosetsa bokao jwa boporofeti jwa Baebele jo a neng a bo bala. (Ditiro 8:26-39) Moragonyana, Modimo o ne a kaela moaposetoloi Petere gore a ye kwa legaeng la modiredimogolo wa Moroma yo o bidiwang Korenelio, yo o neng a sa bolo go rapela le go leka go obamela Modimo. (Ditiro 10:1-48) Gape Modimo o ne a kaela moaposetoloi Paulo le badiri ka ene kwa nokeng e e kwa ntle ga motse wa Filipi. Fa ba le koo, ba ne ba kopana le “moobamedi wa Modimo” yo o bidiwang Lidia, mme ‘Jehofa a bula pelo ya gagwe thata gore a tlhwaye tsebe.’—Ditiro 16:9-15.

Mo lekgetlong lengwe le lengwe, Jehofa o ne a tlhomamisa gore batho ba ba neng ba mmatla ba nna le tshono ya go mo itse. Ke bomang gompieno ba ba etelang batho mo magaeng a bone le mo mafelong a botlhe ba ba bolelela molaetsa wa Baebele o o malebana le Modimo? Ba le bantsi ba ne ba tla re, “Basupi ba ga Jehofa.” Ipotse, ‘A seno se ka tswa se raya gore Modimo o dirisa bone gore ke atamalane le ene?’ Re go kgothaletsa go rapela Modimo gore a go thuse go tsibogela matsapa a gagwe a go go gogela kwa go ene. *

^ ser. 8 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, leba bidio ya Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele? mo www.jw.org/tn.