BAEBELE E FETOLA MATSHELO A BATHO
Ke ne Ke Batla go Fedisa Tshiamololo le Thubakanyo
NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1960
NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: LEBANON
BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: KGELEKE YA KUNG FU
TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE:
Ke goletse kwa Rmaysh, gaufi le molelwane wa Iseraele le Lebanona ka nako ya ntwa ya selegae. Ke gopola sentle go thunya ga dibomo tse di fitlhilweng mo tlase ga lefatshe le batswasetlhabelo ba ba se nang molato ba ba kgaogileng mabogo le maoto. Botshelo bo ne bo le thata mme thubakanyo le bokebekwa di ne di aname.
Lelapa la gaetsho le ne le tsena Kereke ya Maronite, nngwe ya Dikereke Tsa Katoliki Tsa Botlhaba. Rre o ne a nna a tshwaregile ka go tlamela lelapa la rona la maloko a le 12 ka dilo tse re di tlhokang, mme Mmè ene o ne a tlhomamisa gore rona bana re ya kerekeng. Fa nako e ntse e ya, ke ne ka simolola go akanya gore kereke, fela jaaka batho mo setšhabeng, ga e thuse batho ba ba bokoa.
Fa ke le mo dingwageng tsa me tsa bolesome, ke ne ka simolola go rata kung fu (mathaithai a go lwa a Ba-China). Ke ne ke ikatisa ka tsela e e tseneletseng, mme ka nna le bokgoni jwa go itaya ka diatla le dinao le jwa go dirisa dibetsa tse di farologaneng tsa mathaithai a go lwa. Ke ile ka ipolelela go re, ‘Le fa nka se kgone go fedisa ntwa, nka kgona go thiba batho ba ba dikgoka.’ Fa ke bona batho ba babedi ba lwa, ka yone nako eo ke ne ke ba thiba. Ke ne ke galefa ka bonako ka tlhago e bile ke galefisiwa ke dilo tse di sa reng sepe. Ke ne ke batla go fedisa thubakanyo le tshiamololo, mme seo sa dira gore batho go ralala borwa jwa Lebanona ba ntshabe.
Ka 1980, ke ne ka nna leloko la setlhopha sa kung fu kwa Beirut. Le fa gone dibomo le dibetsa tse di thunyang ka botsone di ne di thunya letsatsi le letsatsi, ga di a ka tsa nthibela go ya go ikatisa. Ke ne ke tshelela go ja le go robala e bile ke tshela jaaka Bruce Lee, motshameki wa Mo-China wa kwa Amerika le tshimega ya kung fu. Ke ne ke etsa tsela e a neng a baakanya moriri ka yone, tsela e a neng a tsamaya ka yone le e a neng a goa ka yone fa a dira kung fu. Ke ne ke sa nyenye.
KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE:
Mokgele wa me e ne e le go nna kgeleke ya kung fu kwa China. Maitseboa mangwe fa ke ntse ke ikatisa ka natla ke ipaakanyetsa loeto lwa go ya kwa China, ke ne ka utlwa mongwe a kokota. E ne e le tsala ya me, a tlile le Basupi ba ga Jehofa ba babedi. Ke ne ke apere seaparo sa me sa go ikatisa se sentsho e bile ke tshologa sethitho, fa ke ba raya ke re: “Ga ke itse sepe ka Baebele.” Ke ne ke sa itse gore go tloga ka nako eo, botshelo jwa me bo ne bo tlile go fetoga.
Basupi ba ile ba dirisa Baebele go mpontsha lebaka la go bo batho ka bobone ba ka se kgone go fedisa tshiamololo le thubakanyo gotlhelele. Ba ile ba tlhalosa gore Satane Diabolo ke ene a bakang mathata ano. (Tshenolo 12:12) Ke ne ka kgatlhiwa ke kagiso le bopelokgale tse Basupi ba neng ba di bontsha. Ke ne ka amega tota fa ba nthuta gore Modimo o na le leina. (Pesalema 83:18) Ba ile ba mpontsha 1 Timotheo 4:8, e e balegang jaana: “Go thapisa mmele go tswela mosola go le gonnye; mme boineelo jwa bomodimo bo tswela mosola mo dilong tsotlhe, e re ka bo na le tsholofetso ya botshelo jaanong le ya jo bo tla tlang.” Mafoko ao a ile a nkama fela thata.
Ka maswabi, ke ne ka se ka ka tlhola ke kopana le Basupi ka gonne ba lelapa la gaetsho ba ba boleletse gore ba se tlhole ba boa gape. Le fa go le jalo, ke ne ka dira tshwetso ya go tlogela kung fu le ya go simolola go ithuta Baebele. Bomorwarre ba ne ba sa rate tshwetso eo, mme ke ne ke ikemiseditse go batla Basupi ba ga Jehofa gape le go ithuta Baebele le bone.
Ke ne ka nna ke batla Basupi mme ka se ka ka ba bona. Ka yone nako eo, loso lwa ga rre lo lo diragetseng ka tshoganyetso le masetlapelo a mangwe a a neng a wela lelapa la gaetsho a ne a nkhutsafatsa. Ke ne ke simolotse go dira kwa khampaning nngwe ya go aga, mme ka letsatsi lengwe modirimmogo le nna yo o bidiwang Adel o ne a nkemisa mme a mpotsa gore goreng ke hutsafetse thata jaana. O ne a simolola go bua ka tsholofelo ya Baebele ya tsogo. Mo dikgweding tse robongwe tse di latelang, Mosupi yono yo o pelonomi le yo o lorato o ne a nthuta Baebele a le pelotelele.
Fa ke ntse ke ithuta, ke ne ka simolola go bona botlhokwa jwa go fetola botho jwa me. Go ne go se motlhofo. Ke ne ke le rrapelwana e bile ke kgopisega ka bonako. Baebele e ne ya nthuta gore nka laola bogale jang le gore ke se ka ka gakadiwa ke sengwe le sengwe. Ka sekai, Mathaio 5:44 e na le kgakololo eno ya ga Jesu: “Tswelelang lo rate baba ba lona lo bo lo rapelele ba ba lo bogisang.” Mme Baroma 12:19 e tlhagisa jaana: “Lo se ka lwa ipusolosetsa, . . . gonne go kwadilwe ga twe: ‘“Pusoloso ke ya me; ke tla duela,” go bua Jehofa.’” Ka iketlo ditemana tseo le tse dingwe di ne tsa nthusa gore ke nne le kagiso ya mogopolo.
KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE:
Le fa kwa tshimologong ba lelapa la gaetsho ba ne ba le kgatlhanong le tshwetso ya me ya go ithuta le Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba simolola go ba tlotla. Tota e bile, mongwe wa bomorwarre o ne a simolola go obamela Jehofa mmogo le nna, Mmè ene o ne a femela bodumedi jwa rona mo bathong ba bangwe go fitlha a tlhokafala.
Gape ke segofaditswe ka mosadi yo o molemo le yo o ikanyegang e bong Anita, modirimmogo yo o rategang mo tirelong ya nako e e tletseng. Fa e sa le ka ngwaga wa 2000, nna le Anita re nna mo Eskilstuna, Sweden, mme re ruta batho Baebele ka puo ya Searabia.
Ke sa ntse ke utlwisiwa botlhoko ke batho ba ba bogang ka ntlha ya thubakanyo. Mme go itse lebaka la go bo e le gone—le gore Modimo o tlile go e fedisa—go dira gore ke nne le boipelo jwa mmatota le kagiso.—Pesalema 37:29.
Nna le mogatsake re itumetse mo bodireding. Re rata go ruta ba bangwe ka Jehofa