BABADI BA BOTSA JAANA . . . 

Modimo o Bopilwe ke Mang?

Modimo o Bopilwe ke Mang?

Akanya rre a bua le morwawe wa dingwaga di le supa. O mo raya a re, “Bogologolo, Modimo o ne a bopa lefatshe le sengwe le sengwe se se mo go lone a bo a dira letsatsi, ngwedi le dinaledi.” Mosimane o akanya ka seno go se kae a bo a mmotsa, “Papa, Modimo ene o bopilwe ke mang?”

Rre o araba jaana, “Ga go ope yo o bopileng Modimo. Kgale a le teng.” Karabo eno e kgotsofatsa ngwana. Mme fa a gola, potso eo e simolola go mo tshwenya gape. Ga a tlhaloganye gore go tla jang gore motho a bo a se na tshimologo. Tota le lobopo lo na le tshimologo. Ka jalo o a ipotsa, ‘Modimo o bopilwe ke mang?’

Baebele yone ya reng? E araba potso eo ka tsela e rre a neng a e araba ka yone. Moshe o ne a kwala jaana: “Wena Jehofa, . . . pele dithaba di tsholwa, kgotsa o ne wa tshola lefatshe le naga e e ungwang . . . O Modimo le eleng go tswa bosasimologeng go ya bosakhutleng.” (Pesalema 90:1, 2) Moporofeti Isaia le ene o ne a re: “A ga o ise o itse kgotsa ga o ise o utlwe? Jehofa, Mmopi wa dintlha tsa lefatshe, ke Modimo ka bosakhutleng”! (Isaia 40:28) Ka tsela e e tshwanang, lekwalo la Jude la re Modimo o nnile gone go tloga “bosakhutleng jotlhe jo bo fetileng.”—Jude 25.

Ditemana tseo di re bontsha gore Modimo ke “Kgosi ya bosakhutleng” fela jaaka moaposetoloi Paulo a mo tlhalosa. (1 Timotheo 1:17) Seno se raya gore Modimo ga a bolo go nna teng, le e leng go feta dingwaga tse dintsintsi tse re ka di balang. Tota e bile o tla nna a le teng. (Tshenolo 1:8) Ka jalo, Mothatayotlhe o tshelela ruri.

Goreng go le thata gore re tlhaloganye kgang eno? Ka gonne lobaka lo lokhutshwane lo re lo tshelang lo dira gore re lebe nako ka tsela e e farologaneng gotlhelele le ya ga Jehofa. E re ka Modimo a tshelela ruri, dingwaga tse di sekete mo go ene di lekana le letsatsi le le lengwe. (2 Petere 3:8) Ka sekai: A tsiakgope e e tshelang malatsi a le 50 fela e ka tlhaloganya lobaka lwa rona lwa botshelo lwa dingwaga di le 70 kgotsa 80? Nnyaa, le e seng! Ka jalo, Baebele e tlhalosa gore le rona re ntse jaaka ditsiakgope mo Mmoping wa rona yo Mogolo. Tota le tsela e re akanyang ka yone ga e lekane le ya gagwe. (Isaia 40:22; 55:8, 9) Ka jalo ga go gakgamatse go bo go na le dikarolo dingwe tsa botho jwa ga Jehofa tse re sa di tlhaloganyeng ka botlalo.

Le fa go ka nna thata go dumela gore Modimo o tshelela ruri, boammaaruri ke gore kgang eno e a utlwala. Fa e le gore Modimo o ne a bopilwe ke mongwe, go ne go tla raya gore motho yoo ke ene Mmopi. Mme jaaka Baebele e tlhalosa, Jehofa ke ene a ‘bopileng dilo tsotlhe.’ (Tshenolo 4:11) Mo godimo ga moo, re a itse gore lobopo lo kile lwa bo lo seyo. (Genesise 1:1, 2) Lo nnile gone jang? Go ne go tshwanetse go nne le Mmopi pele. O ne a nna gone pele ga dibopiwa dipe fela tse di botlhale, tse di jaaka Morwawe yo o tsetsweng a le esi le baengele. (Jobe 38:4, 7; Bakolosa 1:15) Ka jalo go bonala sentle gore o ne a tshela pele a le esi. Ga go kgonege gore a bo a bopilwe; go ne go se na sepe se se neng se ka mmopa.

Go bopiwa ga lobopo le ga rona batho, go bontsha gore go na le Modimo yo o tshelelang ruri. Ene Yo o neng a bopa lobopo lwa rona a bo a tlhoma melao ya go lo laola, o tshwanetse a bo a sa bolo go nna gone. Ka jalo ke ene fela a neng a ka kgona go budulela mohemo mo go sengwe le sengwe go se naya botshelo.—Jobe 33:4.