Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa?

Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa?

Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa?

“Ke ne ka amogela mo Moreneng se gape ke neng ka se fetisetsa kwa go lona.”—1 BAKORINTHA 11:23.

1, 2. Jesu o ne a dirang mo bosigong jwa Tlolaganyo ka 33 C.E.?

MORWA yo o tsetsweng a le esi wa ga Jehofa o ne a le teng foo. Gape go ne go na le banna ba le 11 ba ba neng ba ile ba ‘ngaparagana le ene mo ditekong tsa gagwe.’ (Luke 22:28) E ne e le maitseboa a Labone, March 31, 33 C.E., mme ngwedi o o tletseng o tshwanetse a bo a ne a kgabisitse loapi kwa godimo ga Jerusalema. Jesu Keresete le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba sa tswa go konela mokete wa Tlolaganyo. Judase Isekariota wa mooki o ne a kobilwe, mme e ne e ise e nne nako ya gore ba bangwe ba tsamaye. Ka ntlha yang? Ka gonne Jesu o ne a tla tloga a dira sengwe se se botlhokwa thata. E ne e le eng?

2 E re ka mokwadi wa Efangele e bong Mathaio a ne a le teng, mma a re bolelele. O ne a kwala jaana: “Jesu a tsaya senkgwe mme, morago ga go rapela, a se ngathoganya mme, ya re a se naya barutwa ba gagwe, a re: ‘Tsayang, jang. Seno se kaya mmele wa me.’ Gape, a tsaya senwelo mme, ya re a sena go leboga, a se ba naya, a re: ‘Nwang mo go sone, lotlhe; gonne seno se kaya “madi a kgolagano” a me, a a tla tshololelwang ba le bantsi gore ba itshwarelwe maleo.’” (Mathaio 26:26-28) A tiragalo eno e ne ya direga gangwe fela? Bokao jwa yone e ne e le bofe? A e na le bokao bongwe mo go rona gompieno?

“Nnang lo Dire Seno”

3. Ke ka ntlha yang fa se Jesu a neng a se dira mo bosigong jwa Nisane 14, 33 C.E., se le botlhokwa?

3 Se Jesu Keresete a neng a se dira mo bosigong jwa Nisane 14, 33 C.E. e ne e se tiragalo fela e e sa kayeng sepe mo botshelong jwa gagwe. Moaposetoloi Paulo o ne a e tlhalosa fa a ne a kwalela Bakeresete ba ba tloditsweng kwa Korintha, kwa moetlo ono o neng o sa ntse o latelwa teng morago ga dingwaga di le 20. Le fa Paulo a ne a se foo le Jesu le baaposetoloi ba ba 11 ka 33 C.E., baaposetoloi bangwe ba tshwanetse ba bo ba ile ba mo tlotlela se se neng sa direga motsing oo. Mo godimo ga moo, Paulo o tshwanetse a bo a ile a bontshiwa dilo dingwe tse di ileng tsa diragala ka nako eo ka go di senolelwa ka moya o o boitshepo. Paulo o ne a re: “Ke ne ka amogela mo Moreneng se gape ke neng ka se fetisetsa kwa go lona, gore Morena Jesu mo bosigong jo a neng a tlile go neelwa ka jone o ne a tsaya senkgwe mme, fa a sena go leboga, a se ngathoganya a ba a re: ‘Seno se kaya mmele wa me o o mo boemong jwa lona. Nnang lo dire seno e le go nkgopola.’ A dira ka tsela e e tshwanang le ka senwelo le sone, fa a sena go ja dijo tsa maitseboa, a re: ‘Senwelo seno se kaya kgolagano e ntšha ka ntlha ya madi a me. Nnang lo dire seno, ka gale fa lo se nwa, e le go nkgopola.’”—1 Bakorintha 11:23-25.

4. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tshwanetse go keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa?

4 Mokwadi wa Efangele e bong Luke o tlhomamisa gore Jesu o ne a laela jaana: “Nnang lo dire seno e le go nkgopola.” (Luke 22:19) Mafoko ano gape a ranotswe go twe: “Dirang seno e le segopotso sa me.” (The Jerusalem Bible) Tota e bile, gantsi mokete ono o bidiwa Segopotso sa loso lwa ga Keresete. Gape Paulo o o bitsa Sejo sa Morena sa Maitseboa—e leng leina le le tshwanelang ka gonne o ne wa simololwa go le bosigo. (1 Bakorintha 11:20) Bakeresete ba laelwa gore ba keteke Sejo sa Morena sa Maitseboa. Mme ke ka ntlha yang fa mokete ono o ne o tlhomiwa?

Mabaka A go Bo o Tlhomilwe

5, 6. (a) Lengwe la mabaka a go bo Jesu a ne a tlhoma Segopotso ke lefe? (b) Naya lebaka le lengwe gape la go bo go ne ga tlhomiwa Sejo sa Morena sa Maitseboa.

5 Lebaka lengwe la go bo Segopotso se ile sa tlhomiwa le ne le amana le boikaelelo bongwe jo bo neng bo diragadiwa ke loso lwa ga Jesu. O sule e le motho yo o neng a tlotlomatsa bolaodi jwa ga Rraagwe yo o kwa legodimong. Ka go dira jalo, Keresete o ne a supa fa Satane Diabolo e le moaki e re ka a ne a dirile maiphako a maaka a gore batho ba direla Modimo fela ka mabaka a bopelotshetlha. (Jobe 2:1-5) Go swa ga ga Jesu a ikanyega go ne ga supa gore maiphako ano ke a maaka mme ga ipedisa pelo ya ga Jehofa.—Diane 27:11.

6 Lebaka le lengwe la go bo go ne ga tlhomiwa Sejo sa Morena sa Maitseboa e ne e le go re gopotsa gore fa Jesu a ne a swa e le motho yo o itekanetseng yo o se nang boleo, o ne a “ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) Fa motho wa ntlha a ne a leofela Modimo, o ne a latlhegelwa ke botshelo jo bo itekanetseng le dilo tsotlhe tse di tla diregang mo go jone. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a re: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Ee ruri, “dituelo tse boleo bo di duelang ke loso, mme mpho e Modimo a e nayang ke botshelo jo bo sa khutleng ka Keresete Jesu Morena wa rona.” (Baroma 6:23) Go keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa go re gakolola lorato lo logolo lo Jehofa le Morwawe ba lo bontshitseng, ka go dira gore Jesu a swe loso lwa go intsha setlhabelo. Ruri re tshwanetse ra anaanela lorato loo!

Se Ketekwa Leng?

7. Bakeresete ba ba tloditsweng ba ja ditshwantshetso tsa Segopotso “ka gale” ka tsela efe?

7 Paulo o ne a bolela jaana malebana le Sejo sa Morena sa Maitseboa: “Ka gale fa lo ja senkgwe seno e bile lo nwa senwelo seno, lo nna lo bolela loso lwa Morena, go fitlha a goroga.” (1 Bakorintha 11:26) Mongwe le mongwe wa Bakeresete ba ba tloditsweng o ne a tla ja ditshwantshetso tsa Segopotso go fitlha a swa. Ka jalo, ba ne ba tla nna ba bolela tumelo ya bone mo thulaganyong ya Modimo ya setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo, ba e bolela fa pele ga ga Jehofa Modimo le lefatshe.

8. Setlhopha sa batlodiwa se ne se tla keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa ka lobaka lo lo kae?

8 Setlhopha sa Bakeresete ba ba tloditsweng se ne se tla keteka Segopotso sa loso lwa ga Keresete ka lobaka lo lo kana kang? Paulo o ne a re “go fitlha a goroga,” mme go bonala a ne a raya gore go ne go tla ketekwa jalo go fitlha Jesu a tla go tsaya balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng, a ba tseela kwa legodimong ka go ba tsosa ka nako ya ‘go nna gone’ ga gagwe. (1 Bathesalonika 4:14-17) Seno se dumalana le mafoko a Jesu a neng a a raya baaposetoloi ba ba 11 ba ba ikanyegang: “Fa ke tsamaya go ya go lo baakanyetsa lefelo, ke tla gape mme ke tla lo tseela kwa gae kwa go nna, gore kwa ke gone le lona lo nne gone.”—Johane 14:3.

9. Mafoko a ga Jesu a a mo go Mareko 14:25 a kaya eng?

9 Fa Jesu a ne a tlhoma Segopotso, o ne a bua ka senwelo sa beine a raya baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang a re: “Ga ke na go tlhola ke nwa maungo a mofine ka gope go fitlha letsatsi leo fa ke a nwa a le masha mo bogosing jwa Modimo.” (Mareko 14:25) E re ka Jesu a ne a tla bo a sa nwe beine ya mmatota kwa legodimong, o tshwanetse a bo a ne a akantse ka boitumelo jo ka dinako tse dingwe bo tshwantshediwang ke beine. (Pesalema 104:15; Moreri 10:19) Go nna mmogo mo Bogosing e ne e tla nna tiragalo e e itumedisang e ene le balatedi ba gagwe ba neng ba e letetse ka tlhoafalo.—Baroma 8:23; 2 Bakorintha 5:2.

10. Segopotso se tshwanetse go ketekwa ga kae?

10 A loso lwa ga Jesu lo tshwanetse go ketekwa kgwedi le kgwedi, beke le beke, kgotsa le e leng letsatsi le letsatsi? Nnyaa. Jesu o ne a tlhoma Sejo sa Morena sa Maitseboa mme a bolawa ka letsatsi la Tlolaganyo, e e neng e ketekwa go “nna segopotso” sa go gololwa ga Iseraele kwa botshwarong jwa Egepeto ka 1513 B.C.E. (Ekesodo 12:14) Tlolaganyo e ne e ketekwa gangwe fela ka ngwaga, ka letsatsi la bo14 la kgwedi ya Sejuda ya Nisane. (Ekesodo 12:1-6; Lefitiko 23:5) Se se bontsha gore loso lwa ga Jesu lo tshwanetse go ketekwa fela ka tsela e Tlolaganyo e neng e ketekwa ka yone—gangwe ka ngwaga—e seng kgwedi le kgwedi, beke le beke, kgotsa letsatsi le letsatsi.

11, 12. Hisitori e tlhalosa eng ka mekete ya bogologolo ya Segopotso?

11 Ka jalo, Segopotso se tshwanetse go ketekwa gangwe ka ngwaga ka Nisane 14. Buka nngwe ya re: “Bakeresete ba kwa Asia Minor ba ne ba bidiwa Ba-Quartodeciman [Ba Letsatsi la Bolesomennè] ka ntlha ya tlwaelo ya bone ya go keteka paseka [Sejo sa Morena sa Maitseboa] ka metlha ka letsatsi la bo14 la Nisane . . . Letlha leo le ka nna la nna ka Labotlhano kgotsa ka letsatsi lepe fela la beke.”—The New Schaff-Herzog Encyclopedia of Religious Knowledge, Bolumo IV, tsebe 44.

12 Fa mokwalahisitori J. L. von Mosheim a akgela ka tsela e dilo di neng di dirwa ka yone ka lekgolo la bobedi la dingwaga C.E., a re Ba-Quartodeciman ba ne ba keteka Segopotso ka Nisane 14 ka gonne “ba ne ba tsaya sekao sa ga Keresete e le se se tshwanetseng go latelwa jaaka molao.” Mokwalahisitori yo mongwe a re: “Mokgwa o o neng o latelwa ke dikereke tsa Ba-Quartodeciman tsa kwa Asia o ne o tshwana le o o neng o latelwa ke kereke ya Jerusalema. Mo lekgolong la bo2 la dingwaga ka Paseka ya bone e e neng e nna ka Nisane 14, dikereke tseno di ne di gopola thekololo e e tlisitsweng ke loso lwa ga Keresete.”—Studia Patristica, Bolumo V, 1962, tsebe 8.

Se se Kaiwang ke Senkgwe

13. Jesu o ne a dirisa senkgwe sa mofuta ofe fa a ne a tlhoma Sejo sa Morena sa Maitseboa?

13 Fa Jesu a ne a tlhoma Segopotso, o ne a “tsaya senkgwe, a segofatsa, a se ngathoganya a ba a se [naya baaposetoloi].” (Mareko 14:22) Senkgwe se se neng se dirisiwa ka nako eo se ne se tshwana le se se neng se sa tswa go dirisiwa ka Tlolaganyo. (Ekesodo 13:6-10) Ka gonne se ne se bakilwe se sa tsenngwa sebediso, se ne se le sephaphathi e bile se robega motlhofo mme se ne se tshwanetse go ngathoganngwa gore se newe batho. Fa Jesu a ne a dira gore go nne le senkgwe se sentsi ka kgakgamatso, le sone se ne se robega motlhofo, ka gonne o ne a se ngathoganya mme sa newa batho. (Mathaio 14:19; 15:36) Ka jalo, go lebega go ngathoganya senkgwe sa Segopotso e se selo sa bodumedi.

14. (a) Ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore senkgwe sa Segopotso se se ka sa tsenngwa sebediso? (b) Go ka rekiwa kgotsa ga bakiwa senkgwe sa mofuta mang gore se dirisiwe kwa Sejong sa Morena sa Maitseboa?

14 Jesu o ne a bua jaana malebana le senkgwe se se neng se dirisiwa fa a ne a tlhoma Segopotso: “Seno se kaya mmele wa me o o mo boemong jwa lona.” (1 Bakorintha 11:24; Mareko 14:22) Go ne go tshwanetse gore senkgwe seo se bo se sa bedisiwa. Ka ntlha yang? Ka gonne sebediso se ka kaya bosula, boikepo, kgotsa boleo. (1 Bakorintha 5:6-8) Senkgwe seo se ne se tshwantshetsa mmele wa ga Jesu o o itekanetseng, o o se nang boleo, o go neng go tshwanela go bo o ile wa ntshiwa e le setlhabelo sa thekololo. (Bahebera 7:26; 10:5-10) Basupi ba ga Jehofa ba nna ba gakologetswe seno mme ba latela sekao se se tlhomilweng ke Jesu ka go dirisa senkgwe se se sa bedisiwang kwa meketeng ya bone ya Segopotso. Ka dinako tse dingwe, ba dirisa senkgwe sa Sejuda se se bidiwang matzo se se sa tsenngwang sepe se sele, jaaka dieie kgotsa mae. Fa go sa dirisiwe sone, go ka dirwa senkgwe se se sa bedisiwang ka boupi jo bonnye jo bo nang le dithoro (fa go kgonega, jwa korong) bo tlhakantswe le metsinyana. Tlhama ya teng e tshwanetse go dirwa diphaphatha tse ditshesane e bo e bakiwa mo paneng e e tshasitsweng mafuranyana go fitlha senkgwe se omelela.

Se se Kaiwang ke Beine

15. Ke eng se se neng se le mo senwelong se se neng se dirisiwa fa Keresete a ne a tlhoma Segopotso sa loso lwa gagwe?

15 Fa Jesu a sena go fetisa senkgwe se sa bedisiwang, o ne a tsaya senwelo, “a ntsha ditebogo a ba a se [naya baaposetoloi], mme botlhe ba nwa mo go sone.” Jesu o ne a re: “Seno se kaya ‘madi a kgolagano’ a me, a a tla tshololelwang ba le bantsi.” (Mareko 14:23, 24) Go ne go na le eng mo senwelong seo? Beine e e bedisitsweng, e seng matute a a sa bedisiwang a morara. Fa Dikwalo di bua ka beine di a bo di sa bue ka matute a a sa bedisiwang a morara. Ka sekai, jaaka Jesu a ne a bolela, beine e e bedisitsweng, e seng matute a morara, ke yone e e neng e tla dira gore ‘mehalo ya beine e megologolo’ e phanyege. Mme baba ba ga Keresete ba ne ba mo latofatsa ka gore o ne a ‘lemaletse go nwa beine.’ Go ne go tla bo go sa utlwale gore ba mo latofatse jalo fa e le gore beine ya teng e ne e le matute fela a morara. (Mathaio 9:17; 11:19) Go ne go nowa beine ka mokete wa Tlolaganyo, gape Keresete o ne a e dirisa fa a ne a tlhoma Segopotso sa loso lwa gagwe.

16, 17. Ke beine ya mofuta mang e e tshwanetseng go dirisiwa mo meketeng ya Segopotso, le gone ka ntlha yang?

16 Beine e khibidu ke yone fela e e siametseng go ka tshwantshetsa se se emelwang ke se se neng se le mo senwelong, ke gore, madi a ga Jesu a a tsholotsweng. Jesu ka boene o ne a re: “Seno se kaya ‘madi a kgolagano’ a me, a a tla tshololelwang ba le bantsi.” Mme moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Lo a itse [lona Bakeresete ba ba tloditsweng] gore lo ne lwa gololwa mo mokgweng wa lona wa boitshwaro o o se nang maungo o lo o amogetseng ka ngwao mo go borraalonamogologolwane, e se ka dilo tse di senyegang, ka selefera kgotsa gouta. Mme e ne e le ka madi a a tlhokegang, a a tshwanang le a kwanyana e e se nang molato e bile e se na selabe, one a ga Keresete.”—1 Petere 1:18, 19.

17 Ga go na pelaelo gore Jesu o ne a dirisa beine e khibidu ya morara fa a ne a tlhoma Segopotso. Le fa go ntse jalo, dibeine tse dingwe tsa segompieno tse dikhibidu ga di a tshwanela go dirisiwa ka gonne di tlhakantswe le bojalwa jwa sekgoa jo bo loileng kgotsa di tsentswe ditlhatshana le ditswaiso. Madi a ga Jesu a le nosi fela a ne a lekane, go ne go sa tlhokege gore a tsenngwe sepe. Ka jalo, dibeine tse di tshwanang le port, sherry, le vermouth ga di a tshwanela go dirisiwa. Mo senwelong sa Segopotso go tshwanetse ga tshelwa beine e khibidu e e se nang sukiri, e e sa tlhakanngwang le sepe. Go ka dirisiwa beine e e itiretsweng mo gae e khibidu ya morara e e se nang sukiri, e bile gape go ka dirisiwa dibeine tse di jaaka burgundy e khibidu le claret.

18. Ke ka ntlha yang fa Jesu a sa dira kgakgamatso ka senkgwe sa Segopotso le beine?

18 Fa Jesu a ne a tlhoma sejo seno, ga a ka a dira kgakgamatso ka go dira gore ditshwantshetso di fetoge nama ya gagwe ya mmatota le madi a gagwe. Go ja nama ya motho le go nwa madi a gagwe e tla bo e le go ja motho, se e leng go tlola molao wa Modimo. (Genesise 9:3, 4; Lefitiko 17:10) Jesu o ne a ntse a na le mmele wa gagwe wa nama o feletse le madi a gagwe otlhe. Mmele wa gagwe o ne wa ntshiwa setlhabelo se se itekanetseng, mme madi a gagwe a ne a tshololwa mo tshokologong e e latelang ya letsatsi lone leo la Sejuda, e bong Nisane 14. Ka jalo, senkgwe sa Segopotso le beine e ne e le ditshwantshetso, tse di emelang nama ya ga Keresete le madi a gagwe. *

Segopotso—Sejo sa Kabalano

19. Ke ka ntlha yang fa go ka nna ga dirisiwa dijana le digalase di le mmalwa fa go ketekwa Sejo sa Morena sa Maitseboa?

19 Fa Jesu a ne a simolola Segopotso, o ne a kopa baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang gore ba nwe mo senwelong se le sengwe. Efangele ya ga Mathaio ya re: “[Jesu] a tsaya senwelo mme, ya re a sena go leboga, a se ba naya, a re: ‘Nwang mo go sone, lotlhe.’” (Mathaio 26:27) Go dirisa “senwelo” se le sengwe fela, e seng dinwelo tse dintsi ga go a ka ga baka mathata ape ka gonne go lebega ka nako eo batho ba ba 11 ba ba neng ba nwa ba ne ba ntse mo tafoleng e le nngwe fela, mme go le motlhofo gore ba fetisetsane senwelo. Monongwaga, batho ba le dimilionemilione ba tla kopana mmogo go keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa mo diphuthegong tse di fetang 94 000 tsa Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara. Ruri go ka se dirisiwe senwelo se le sengwe fela mo moketeng ono ka gonne go tla bo go na le batho ba le bantsi. Mo diphuthegong tse dikgolo go dirisiwa dinwelo di le mmalwa gore di kgone go fetisiwa mo bathong botlhe ka nako e khutshwane. Ka tsela e e tshwanang, go ka dirisiwa dijana di le mmalwa tsa senkgwe. Ga go na gope mo Dikwalong fa go tlhalosiwang teng gore senwelo seo kgotsa galase e tshwanetse go nna ya mofuta mongwe o o rileng. Le fa go ntse jalo, yone le sejana di tshwanetse go tshwanela seriti sa tiragalo eno. Go tla bo go se botlhale go tlatsa galase thata mo e leng gore beine e ka nna ya tshologa fa e ntse e fetisiwa.

20, 21. Ke mabaka afe a a dirang gore re re Segopotso ke sejo sa kabalano?

20 Le fa gone go ka dirisiwa dijana tsa senkgwe le digalase tsa beine di le mmalwa, Segopotso ke sejo sa kabalano. Kwa Iseraele wa bogologolo, motho o ne a ka dira dijo tsa kabalano ka go tlisa phologolo gore e ye go tlhabelwa kwa lefelong le le boitshepo la Modimo. Bontlhanngwe jwa phologolo eo bo ne bo fisiwa mo sebesong, moperesiti yo o okametseng tiragalo eo o ne a newa bontlhanngwe jwa yone mme bomorwa Arone ba baperesiti le bone ba newa jo bongwe, mme yo o tlisitseng phologolo le ba lelapa la gagwe le bone ba ne ba ja. (Lefitiko 3:1-16; 7:28-36) Segopotso le sone ke sejo sa kabalano ka gonne se a kopanelwa.

21 E re ka Jehofa e le Mosimolodi wa thulaganyo eno, le ene o a kopanela mo sejong seno sa kabalano. Jesu ke setlhabelo mme Bakeresete ba ba tloditsweng ba ja ditshwantshetso ba di abelana mmogo. Go jela mo tafoleng ya ga Jehofa go kaya gore ba ba jang ba na le kagiso le ene. Ka gone, Paulo o ne a re: “Senwelo sa tshegofatso se re se lebogelang, a ga se go nna le seabe mo mading a ga Keresete? Senkgwe se re se ngathoganyang, a ga se go nna le seabe mo mmeleng wa ga Keresete? Ka gonne go na le senkgwe se le sengwe fela, rona, le mororo re le bantsi, re mmele o le mongwe, gonne rotlhe re ja senkgwe se le sengwe fela seo.”—1 Bakorintha 10:16, 17.

22. Ke dipotso dife tse di malebana le Segopotso tse re sa ntseng re tla di sekaseka?

22 Sejo sa Morena sa Maitseboa ke one fela mokete wa bodumedi o Basupi ba ga Jehofa ba o ketekang ngwaga le ngwaga. Seno se a tshwanela ka gonne Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe jaana: “Nnang lo dire seno e le go nkgopola.” Kwa Segopotsong, re keteka loso lwa ga Jesu, loso lo lo tlotlomaditseng bolaodi jwa ga Jehofa. Jaaka re setse re buile, kwa sejong seno sa kabalano, senkgwe se tshwantshetsa mmele wa ga Keresete o o ntshitsweng setlhabelo mme beine yone e tshwantshetsa madi a gagwe a a tsholotsweng. Le fa go ntse jalo, ke batho ba le mmalwa fela ba ba jang senkgwe le beine tsa tshwantshetso. Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo? A Segopotso se na le bokao jwa mmatota mo dimilioneng tsa batho ba ba sa jeng? Ee tota, Sejo sa Morena sa Maitseboa se tshwanetse go nna le bokao bofe mo go wena?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 18 Bona Bolumo 2, tsebe 271, ya Insight on the Scriptures, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

O ka Araba Jang?

• Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a tlhoma Sejo sa Morena sa Maitseboa?

• Segopotso se tshwanetse go ketekwa ga kae?

• Senkgwe se se se nang sebediso sa Segopotso se kaya eng?

• Beine ya Segopotso e emela eng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Jesu o ne a tlhoma Sejo sa Morena sa Maitseboa