Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Nka Itumela Le fa Ke Nna mo Lelapeng la Motsadi yo o Esi?

A Nka Itumela Le fa Ke Nna mo Lelapeng la Motsadi yo o Esi?

Kgaolo 25

A Nka Itumela Le fa Ke Nna mo Lelapeng la Motsadi yo o Esi?

“Bana ba ba nang le batsadi ba babedi ba ka kgona go nna le dikamore tsa bone le go reka diaparo tse disha. Mme nna ke tshwanelwa ke go kopanela kamore le bonnake; ke rekelwa diaparo tse ke di ratang ka sewelo. Mmè a re ga a na madi. Ditiro tse dintsi tse ke tshwanelwang ke go di dira mo lapeng fa a ile tirong di ntira gore ke ikutlwe e kete ke lekgoba—e kete ke tingwa tshono ya go nna ngwana.”—Shalonda, 13.

GA GO pelaelo gore go a itumedisa go nna mo legaeng la batsadi ba babedi ba ba lorato. Gantsi fa rre le mmè ba nna mmogo ba ka kgona go kaela bana ba bone, go ba sireletsa le go ba ema nokeng. Baebele ya re: “Batho fa ba le babedi ba botoka go na le a le mongwe ka gonne ba ka kgona go thusana go dira tiro sentle.”—Moreri 4:9, Today’s English Version.

Le fa seno se le boammaaruri, malapa a batsadi ba babedi a setse a bonwa ka sewelo. Ka sekai, kwa United States palo e e fetang halofo ya bana botlhe ba koo ba tla fetsa nako e e rileng ba nna mo lelapeng la motsadi yo o esi pele ga ba nna le dingwaga tse 18.

Le fa go ntse jalo, basha bangwe ba ba nnang mo lelapeng la motsadi a le mongwe ba tlhabisiwa ditlhong ke seo. Ba bangwe ba ikutlwa ba imetswe ke dikgatelelo le mathata a ba lebanang le one mo botshelong. Fa e le gore o nna mo lelapeng la motsadi yo o esi, ke mathata afe a o lebanang le one? Mo moleng o o fa tlase, kwala bothata jo bo go tshwenyang thata.

․․․․․

A go tlhaela lorato le tlhokomelo tsa mongwe wa batsadi ba gago go raya gore o tlile go nna le botshelo jwa mahutsana? Legoka! Seo se ikaegile thata ka gore o leba maemo a o leng mo go one jang. Diane 15:15 ya re: “Malatsi otlhe a yo o bogisiwang a bosula; mme yo o nang le pelo e e thamileng o nna le modiro ka metlha.” Jaaka fa seane seno se bolela, tsela e motho a ikutlwang ka yone gantsi e ikaegile thata ka gore o itshwara jang, e seng ka maemo a a leng mo go one. Ke eng se se ka go thusang go nna le “pelo e e thamileng” go sa kgathalasege maemo a o leng mo go one?

Lwantsha Maikutlo A a Sa Siamang

Sa ntlha, se itetle go hutsafadiwa ke mafoko a a sa siamang a ba bangwe ba a buang. Ka sekai, barutisi bangwe ba na le go bua fela ba sa akanyetse maikutlo a barutwana ba ba tswang mo lelapeng la motsadi yo o esi. Bangwe ba ile ba bo ba re maitsholo mangwe a a sa siamang a barutwana a bakwa ke gore ba tswa mo malapeng a a nang le mathata. Mme gone ipotse: ‘A batho ba ba buang dilo tseno ka nna ba a nkitse e bile ba itse lelapa la gaetsho? A kgotsa ba bua fela dilo tse ba utlwileng batho ba bangwe ba di bua ka malapa a motsadi yo o esi?’

Ela tlhoko gore mafoko a a reng “mosimane yo o se nang rre” a tlhaga gantsi mo Dikwalong. Ga go na gope mo mafoko ano a dirisiwang ka tsela ya go sotla. Tota e bile, gongwe le gongwe mo a tlhagang teng, Jehofa o senola tsela e e kgethegileng e a ikutlwang ka yone ka bana ba ba golelang mo lelapeng la motsadi yo o esi. *

Ka fa letlhakoreng le lengwe, batho bangwe ba ba nang le maitlhomo a mantle ba ka nna kelotlhoko ka tsela e e feteletseng fa ba bua le wena. Ka sekai, ba ka nna ba tshaba go dirisa mafoko a a jaaka “rre,” “lenyalo,” “tlhalo,” kgotsa “loso,” ba boifa gore mafoko a a ntseng jalo a tla go kgopisa kgotsa go go tlhabisa ditlhong. A seo se a go tshwenya? Fa go le jalo, ba bolelele ka botlhale gore ga ba tlhoke go itshwara jalo. Tony wa dingwaga tse 14 ga a itse rraagwe. A re batho bangwe ba na le go itoma diteme fa ba tshwanelwa ke go bua mafoko mangwe. Le fa go ntse jalo, o dirisa one mafoko ao fa a bua le bone. A re: “Ke batla gore ba itse gore maemo a ke leng mo go one ga a ntlhabise ditlhong.”

Tila go Akanya Thata ka se Maemo a ka Bong a Nnile Sone

Ke boammaaruri gore, o tla utlwa botlhoko le go ikutlwa o latlhegetswe fa batsadi ba gago ba tlhalane kgotsa fa yo mongwe wa bone a tlhokafetse. Tota le maemo a a ntseng jalo o tla tshwanelwa ke gore kgabagare o a amogele. Baebele e gakolola jaana: “O se ka wa re: ‘Ke ka ntlha yang fa malatsi a pele a nnile botoka go na le ano?’” (Moreri 7:10) Sara wa dingwaga tse 13, yo batsadi ba gagwe ba ileng ba tlhalana a le dingwaga di le 10, o ile a re: “O se ka wa nnela go akanya thata ka se maemo a gago a ka bong a nnile sone kgotsa go nna le maikutlo a gore mathata a o nang le one a bakwa ke go bo o le mo lelapeng la motsadi yo o esi kgotsa gore bana ba ba mo malapeng a a nang le batsadi ba babedi ba tshela monate.” Ruri eno ke kgakololo e e molemo. Boammaaruri ke gore, tota le malapa a a nang le batsadi ba babedi a nna le mathata.

Ke eng o sa tseye lelapa la gaeno le tshwana le setlhopha se se kgweetsang mokoro o o kgweediwang ka go fetlhwa? Gantsi mokoro o tshwanetse go nna le setlhopha sotlhe se feletse. Mo lelapeng la motsadi yo o esi mongwe mo setlhopheng o a tlhaela ka jalo ba ba setseng ba tshwanelwa ke go dira ka natla le go feta. A seno se kaya gore lelapa ga le ka ke la atlega? Nnyaa! Fa fela setlhopha se goga mmogo, mokoro o ka se nwele mme ba tla goroga kwa ba yang gone.

A o Dira Seabe sa Gago?

Ke eng se o tshwanelwang ke go se dira go tlhomamisa gore o goga mmogo le lelapa la gaeno? Akanyetsa dikakantsho tse tharo tse di latelang:

Ithute go somarela. Gantsi madi ke bothata jo bogolo mo malapeng a motsadi yo o esi. O ka dira eng go thusa? Tony yo o umakilweng pelenyana a re: “Bana ba sekolo sa rona ba pateletsa batsadi ba bone gore ba ba rekele diaparo le ditlhako tse di turang. Ba gana go ya sekolong fa ba sa di rekelwe. Ga ke na diaparo tsa maemo, mme gone diaparo tsa me di phepa, di lebega sentle e bile ke a di tlhokomela. Mama o dira sotlhe se a ka se kgonang; ga ke batle go mo imetsa.” Fa o dira maiteko, o ka kgona go etsa moaposetoloi Paulo yo o neng a re: “Ke ithutile go kgotsofalela se ke nang le sone . . . , e le gore gongwe le gongwe le ka nako nngwe le nngwe ke kgotsofale.”—Bafilipi 4:11, 12, TEV.

Tsela nngwe e o ka somarelang ka yone ke go ngomaela dilo tse o nang le tsone. (Johane 6:12) Mosha yo o bidiwang Rodney a re: “Ke leka go nna kelotlhoko gore ke se ka ka thuba dilo tsa mo lapeng kgotsa go di timetsa ka gonne go ja madi a mantsi go di baakanya kgotsa go reka tse dingwe. Ke tima didirisiwa tsa motlakase kgotsa dipone fa re sa di dirise. Seno se thusa go fokotsa sekoloto sa motlakase.”

Ithaopele go thusa. Batsadi ba le bantsi ba ba se nang balekane ba okaoka go gagamatsa melao ya mo lelapeng kgotsa go kopa bana gore ba thuse ka ditiro tsa mo lapeng. Ka ntlha yang? Bangwe ba akanya gore ba tshwanetse go dira botshelo jwa bana ba bone motlhofonyana ka gonne ba se na motsadi yo mongwe. Ba ka nna ba re, ‘Ga ke batle go tima banake monate.’

O ka nna wa batla go tshameka ka maikutlo a motsadi wa gago ka gonne o bona gore o ikutlwa molato ka maemo ano. Mme fa o dira jalo o mo imetsa le go feta. Go na le go dira jalo, ke eng o sa ithaopele go thusa? Ela tlhoko se Tony a neng a ikaeletse go se dira. A re: “Mmè o bereka kwa bookelong mme diaparo tsa gagwe tsa tiro di tlhokwa go sidilwa. Ka jalo ke a tle ke di sidile.” A tiro eno ga se ya basadi? Tony o araba jaana: “Bangwe ba akanya jalo. Mme ke a bo ke thusa mmè ka jalo ke a e dira.”

Leboga. Kwantle ga go thusa mo lapeng gape o ka dira go le gontsi go kgothatsa motsadi wa gago ka go mo leboga. Motsadi mongwe yo o se nang molekane a re: “Gantsi fa ke ikutlwa ke kgobegile marapo kgotsa ke tennwe ke sengwe kwa tirong—ke tle ke fitlhele morwadiake a nthusitse ka go baakanya dijo tsa maitseboa.” A re: “Morwaake ene o a ntshwara a bo a ntlamparela.” O ikutlwa jang fa a bona kafa bana ba gagwe ba mo akanyetsang ka gone? A re: “Ke ikutlwa botoka ka yone nako eo.”

Kwala fano gore ke efe ya dikakantsho tse tharo tse di fa godimo e o tlhokang go tokafatsa thata mo go yone. ․․․․․

Go nna mo lelapeng la motsadi yo o esi go go naya tshono ya go nna le dinonofo tse di jaaka kutlwelobotlhoko, go se nne bogagapa le go nna maikarabelo. Kwantle ga moo, Jesu o ne a re: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) O tla nna le boitumelo jo bogolo fa o intsha setlhabelo mme o thusa motsadi wa gago yo o se nang molekane.

Ke boammaaruri gore, o tla nna o eletsa e kete o ka bo o na le batsadi ba babedi. Mme gone o ka ithuta go dira se o ka se kgonang go itshokela maemo ao. Ke se mosha yo o bidiwang Nia a ileng a se lemoga. A re: “Fa rre a sena go tlhokafala, mongwe o ile a re, ‘katlego mo botshelong ga e a ikaega ka maemo a o leng mo go one e ikaegile ka boikutlo jo o nang le jone,’ mme ga ke lebale mafoko ao. A ne a nkgopotsa gore ga ke a tshwanela go letla maemo a ke leng mo go one a nkamoga boitumelo.” Le wena o ka nna le boikutlo jo bo ntseng jalo. Se lebale, ga se maemo a o leng mo go one a a dirang gore o itumele kgotsa o hutsafale. Selo se se dirang jalo ke tsela e o a lebang ka yone—le se o se dirang ka one.

BALA GO YA PELE KA KGANG ENO MO BOLUMONG YA 1, KGAOLO 4

[Ntlha e e kwa tlase]

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Lo se ka lwa kgatlhegela fela dilo tse di amang lona, kgatlhegelang le tse di amang ba bangwe.”—Bafilipi 2:4, Today’s English Version.

KAKANTSHO

Fa o ikutlwa o imetswe ke maikarabelo a mantsi, akantsha ka botlhale gore motsadi wa gago a leke dilo tse di latelang:

Dirang thulaganyo e e bontshang gore mongwe le mongwe mo lapeng o dira ditiro dife.

Fa go tlhokega, abelang mongwe le mongwe mo lapeng ditiro tse a tshwanetseng go di dira.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Go thusa ka ditiro tsa mo lapeng go ka go thusa go nna motho yo o maikarabelo go feta basha ba gantsi ba se nang maikarabelo a a kalo, ba ba tswang mo malapeng a batsadi ba babedi.

SE KE SE IKAELETSENG!

Ke tla lwa le maikutlo a a sa siamang ka go ․․․․

Fa batho ba leka go nna kelotlhoko ka tsela e e feteletseng fa ba na le nna ke tla re ․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․

O AKANYANG?

Ke eng fa batho bangwe ba tseela bana ba lelapa la motsadi yo o esi kwa tlase?

Ke eng fa motsadi wa gago a ka okaoka go go kopa go thusa ka ditiro tsa mo lapeng?

O ka leboga motsadi wa gago jang?

[Mafoko a a mo go tsebe 211]

“Fa e sa le batsadi ba me ba tlhalana, nna le mmè re kgona go tlotla; re atamalane thata.’’—Melanie

[Setshwantsho mo go tsebe 210, 211]

Lelapa la motsadi yo o esi le tshwana le mokoro o o kgweediwang ka go fetlhwa o go tlhaelang mongwe mo setlhopheng se se o kgweetsang—ba ba setseng ba tshwanelwa ke go dira ka natla le go feta, mme gone ba ka kgona go atlega fa ba goga mmogo