Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Itshireletsa Jang Kwa Sekolong?

Nka Itshireletsa Jang Kwa Sekolong?

Kgaolo 14

Nka Itshireletsa Jang Kwa Sekolong?

Tshwaya gore a mafoko a a latelang a boammaaruri kgotsa ke maaka:

1. Go kgerisiwa go raya fela go utlwisiwa botlhoko mo mmeleng.

□ Boammaaruri

□ Maaka

2. Ka metlha go tlhorontshiwa ka tsa tlhakanelodikobo go akaretsa go tshwarwatshwarwa.

□ Boammaaruri

□ Maaka

3. Basetsana le bone ba ka kgerisa le go tlhorontsha.

□ Boammaaruri

□ Maaka

4. Fa o kgerisiwa kgotsa o tlhorontshiwa ka tsa tlhakanelodikobo, ga go sepe se o ka se dirang ka gone.

□ Boammaaruri

□ Maaka

DIMILIONE tsa basha ba ba kgerisiwang kwa sekolong ba tshelela mo letshogong. Mosha mongwe yo o bidiwang Ryan a re: “Loeto lwa metsotso e le 15 lo re neng re lo tsamaya ka bese, e ne e kete ke diura tse dintsintsi e re ka bana ba ba neng ba nkgerisa ba ne ba simolola ka go nkgoba ka mafoko mme morago ba bo ba nkgokgontsha.” Basha ba bangwe ba tlhorontshiwa ka tsa tlhakanelodikobo. Anita yo mmotlana a re: “Mosimane mongwe yo o neng a tumile kwa sekolong o ne a mpitlelela mo phashiting a bo a ntshwaratshwara. Fa ke mo kopa gore a tlogele go ntshwaratshwara ga a ka a ntlogela. O ne a sa tseye gore ke ne ke bua ke tiisitse.”

Basha bangwe ba tlhorontshiwa ka Internet ke basha ba ba tsenang le bone sekolo. A le wena o a tlhorontshiwa? Fa go le jalo, ke eng se o ka se dirang ka bothata joo? Go na le dilo di le dintsi tse o ka di dirang! Mme mma pele re tlhaole boammaaruri mo maakeng ka go sekaseka dilo tse di tlhalositsweng kwa tshimologong ya kgaolo eno.

1. Maaka. Bontsi jwa batho ba ba kgerisang ga ba iteye ka mabole, ba itaya ka loleme. Go tshosetsa, go tlhapatsa, go sotla ka mafoko e ka nna ditsela tse dingwe tsa go kgerisa.

2. Maaka. Tota le fa motho a go “akgola” a tswakantse mafoko a gagwe le dikakgelo tse di amanang le tlhakanelodikobo, motlae o o leswe kgotsa a go leba ka tsela e e bontshang go nna le keletso ya boitsholo jo bo sa siamang, seo se ka tsewa e le go tlhorontshiwa.

3. Boammaaruri. Batho ba ba kgerisang le ba ba tlhorontshang e ka nna basetsana kgotsa basimane.

4. Maaka. O ka kgona go dira sengwe go kgaotsa go kgerisiwa. Mma re bone gore o ka dira eng.

Tsela ya go Fenya Mokgerisi—Kwantle ga go Lwa le Ene

Bakgerisi bangwe ba ka go tshwenya ka boomo fela go bona gore o tla dira eng. Mme gone Baebele e re naya kgakololo eno e e botlhale: “O se ka wa itlhaganelela go kgopisega mo moyeng wa gago.” (Moreri 7:9) Tota e bile, go ‘busetsa bosula ka bosula’ go ka tlhosetsa molelo mme ga gakatsa dilo. (Baroma 12:17) Mme he, o ka fenya mokgerisi jang kwantle ga go lwa le ene?

O se ka wa mo tseela tlhogong. Fa e le gore o go kgoba jalo e le fela go dira motlae, itshegele fela, o se ka wa kgopisega. Mosimane mongwe yo o bidiwang Eliu a re: “Ka dinako dingwe o tlhoka fela gore o se ka wa tseela mafoko a motho yo o go kgobang tlhogong.” Fa mokgerisi a bona gore ga o mo tseele tlhogong, a ka kgaotsa go go kgokgontsha.

Nna bonolo. Baebele ya re: “Karabo fa e le bonolo e faposa bogale.” (Diane 15:1) Mokgerisi ga a lebelela gore o mo arabe ka bonolo, ka jalo seo se ka nna sa mo reba bogale. Ke boammaaruri gore go tla go tlhoka boikgapo gore o nne o ritibetse fa o tlhaselwa. Mme gone go dira jalo go a thusa. Diane 29:11 ya re: “Sematla se ntsha moya wa sone otlhe, mme yo o botlhale o o boloka o ritibetse go fitlha kwa bofelong.” Go nna bonolo ga go reye gore o bokoa. Motho yo o bonolo ga a itetle go kgopisega motlhofo mme gantsi mokgerisi ene ga a itshepe, o betwa ke pelo motlhofo e bile o nna a tlaletswe. Ke gone ka moo Baebele e reng: “Yo o bonya go galefa o botoka go gaisa monna yo o thata.”—Diane 16:32.

Itshireletse. Fa go bonala boemo bo tswa mo taolong o ka tlhoka go senka ‘kgoro ya botso.’ Diane 17:14 ya re: “Pele ga komano e tsoga, tswa o tsamaye.” Ka jalo, fa o lemoga gore o tloga a tsosa ntwa, itsamaele kgotsa o tlhanole direthe. Fa o sa kgone go sia, leka ka ditsela tsotlhe go tila ntwa.

Begela mongwe. Batsadi ba gago ba na le tshwanelo ya go itse gore go direga eng. Ba ka go naya kgakololo e e molemo. Ka sekai, ba ka nna ba akantsha gore o bue le morutisi mongwe kwa sekolong, gongwe yo e leng mogakolodi. Tlhomamisega gore batsadi ba gago le barutisi kwa sekolong ba tla rarabolola bothata joo ka tsela e e botlhale, gore ba se ka ba go gakaletsa dilo.

Selo sa botlhokwa se o tshwanetseng go se itse ke sefe? Motho yo o go kgerisang o tla kgobega marapo fa o tsiboga ka tsela e a neng a sa e lebelela. Ka jalo, o se ka wa mo letla gore a go gakatse. Go na le moo, laola boemo ka go dirisa dikakantsho tse di fa godimo.

Se o Ka se Dirang fa o Tlhorontshiwa ka Tsa Tlhakanelodikobo

Fa o tlhorontshiwa ka tsa tlhakanelodikobo o na le lebaka le le utlwalang la go galefa! Mme gone, o ka dira eng ka gone? Go na le dilo di le dintsi tse o ka di dirang! Dingwe tsa tsone ke tse.

Gana o tiisitse. Fa o gana o etsaetsega motho yo o go tlhorontshang a ka nna a tsaya gore tota o rata se a se dirang. Ka jalo, a nnyaa ya gago e nne nnyaa. (Mathaio 5:37) Fa o tshegatshega kgotsa o itira e kete o tlhabiwa ke ditlhong, seo se ka dira gore a nne le kakanyo e sele. Gana o tiisitse. Eo ke tsela e e molemolemo ya go itshireletsa!

Mo tlhabise ditlhong. Mosha mongwe yo o bidiwang Anita o bua jaana ka motho yo o neng a mo tlhorontsha: “Ke ne ka tshwanelwa ke go mo tlhabisa ditlhong fa pele ga ditsala tsa gagwe ke goela kwa godimo gore a NTLOGELE!” Go ne ga direga eng? “Ditsala tsotlhe tsa gagwe di ne tsa mo tshega. O ne a ngala ka lobakanyana mme morago ga malatsi a se kae, o ne a ikopa maitshwarelo ka se a se dirileng, nako nngwe o ne a bo a mpuelela fa mongwe a ne a leka go ntshwenya.”

Fa go bua go sa thuse, itsamaele. Go botoka gore o sie. Fa o sa kgone go tshaba, o na le tshwanelo ya go itshireletsa mo mothong yoo yo o go tlhorontshang. (Duteronome 22:25-27) Mosetsana mongwe wa Mokeresete o ne a re: “Fa mosimane mongwe a ne a leka go ntshwara ke ne ka mo itaya ka lebole mme ka tshaba!”

Bolelela mongwe ka gone. Adrienne wa dingwaga di le 16 a re: “Ke se kgabagare ke neng ka tshwanelwa ke go se dira. Ke ne ka kopa kgakololo mo batsading ba me fa mosimane yo ke neng ke akanya gore ke tsala ya me a ne a ntshwenya. Fa ke ntse ke gana e ne e kete ke a mo gakatsa, a tsaya seo e le motshameko.” Batsadi ba ga Adrienne ba ne ba mo naya kgakololo e e molemo e e neng ya mo thusa gore a kgone go lebana le bothata joo. Ga go pelaelo gore, le wena batsadi ba gago ba ka go thusa.

Go itshokela motho yo o go kgerisang kgotsa yo o go tlhorontshang ka tsa tlhakanelodikobo, ga se kgetse e potlana. Mme ka metlha gakologelwa seno: Basha ba Bakeresete ga ba a tshwanela go tlogela fela batho ba ba kgerisa; e bile ga ba a tshwanela go didimala fela fa ba tlhorontshiwa ka tsa tlhakanelodikobo. Fa o ka dirisa dikakantsho tse di umakilweng, o ka kgona go lebana le dikgwetlho tseno ka katlego.

BALA GO YA PELE KA KGANG ENO MO BOLUMONG YA 1, KGAOLO 18

MO KGAOLONG E E LATELANG

Kgatelelo ya balekane ke nngwe ya dilo tse di thata tse o tshwanetseng go lebana le tsone. Ithute kafa o ka lebanang ka gone le bothata jono ka katlego.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe.”—Baroma 12:18.

KAKANTSHO

Fa o kgerisiwa, nna pelokgale mme o se ka wa nna dikgoka. Bolelela motho yoo o tiisitse gore a emise se a se dirang. Itsamaele. Fa a sa kgaotse go go kgerisa, begela mongwe.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Go apara diaparo tsa mmala kgotsa tsa leina le le rileng tse di ratwang ke segongwana sengwe go ka dira gore o tlhaselwe. Mosha mongwe yo o kileng a bo a le leloko la segongwana a re: “Fa mongwe a ne a ka apara jaaka rona mme e se mongwe wa rona, re ne re ka mo tlhasela. O ne a tla tshwanelwa ke go nna mongwe wa rona kgotsa re ne re tla mo keteka.”

SE KE SE IKAELETSENG!

Fa mongwe a ntlhapatsa kgotsa a nthumola, ke tla ․․․․․

Gore ke se ka ka itsenya mo mathateng, ke tla ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● O ka dira eng gore o bonale o le pelokgale e bile o na le seriti, e leng se gongwe se ka go thusang gore o se ka wa kgerisiwa?

● O ka dira eng fa o tlhorontshiwa ka tsa tlhakanelodikobo? (Akanya ka maemo mangwe a seo se ka diregang mo go one le kafa o ka lebanang le one ka teng.)

● Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go tsaya go tlhorontshiwa ka tsa tlhakanelodikobo e le kgang e e masisi?

[Mafoko a a mo go tsebe 123]

“Fa o bona gore go tlile go tsoga ntwa o se ka wa itsenya mo dilong, ikele gae. Ba bangwe ba rata go bogela ba bo ba tshelegelwa ke madi a kgofa.’’—Jairo

[Lebokoso mo go tsebe 125]

Se o Ka se Dirang Gore O se Ka wa Tlhorontshiwa ka Tsa Tlhakanelodikobo

O se ka wa itira e kete o rata motho. Fa o dira jalo, o tla bo o ipakela go tlhorontshiwa. Baebele e botsa jaana: “A motho o ka gogobela molelo mo sehubeng sa gagwe mme diaparo tsa gagwe tsa se ka tsa sha?” (Diane 6:27) Go itira e kete o rata motho go kotsi.

Ela tlhoko gore o tsalana le bomang. Go tla tsewa gore boitsholo jwa gago bo tshwana le jwa batho ba o tsalanang le bone. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Carla a re: “Fa o tsalane le batho ba ba ineelelang go tlhotlhelediwa ke se ba bangwe ba se buang kgotsa ba ba ratang go kgatlhegelwa, o tla tlhorontshiwa.”—1 Bakorintha 15:33.

Ela tlhoko tsela e o aparang ka yone. Go apara ka tsela e e seng bori go ka bontsha gore o batla go kgatlhegelwa ke ba bong bo sele—mme ruri ba tla go kgatlhegela.—Bagalatia 6:7.

Se lobe gore o Mokeresete. Fa o loba, batho ga ba na go lebelela gore o tshele ka melao ya Bokeresete.—Mathaio 5:15, 16.

[Setshwantsho mo go tsebe 124]

Go araba mokgerisi ka bogale fa a go kgoba go tshwana le go tlhosetsa molelo

[Setshwantsho mo go tsebe 127]

Bolelela mokgerisi gore a go tlogele!