A Re Feteletsa Dilo?
Kgaolo 4
A Re Feteletsa Dilo?
Boammaaruri kgotsa maaka . . .
Ka metlha go phoso gore batho ba ba intshang mmogo ba tshwarane, mo maemong le fa e le afe fela.
□ Boammaaruri
□ Maaka
Baratani ba sa ntse ba ka nna le molato wa kgokafalo le fa gone ba sa tlhakanele dikobo.
□ Boammaaruri
□ Maaka
Fa batho ba ba intshang mmogo ba sa phoraphorane, ruri ga ba ratane.
□ Boammaaruri
□ Maaka
GA GO pelaelo gore o ile wa akanya thata ka kgang eno. Mme gone, fa e le gore o intsha le mongwe ga go motlhofo go itse gore lo ka bontshana lorato go ya bokgakaleng bofe. Mma re sekaseke dintlha tse tharo tse di fa godimo mme re bone kafa Lefoko la Modimo le re thusang ka teng go araba potso e e reng, “A re feteletsa dilo?”
● Ka metlha go phoso gore batho ba babedi ba ba intshang mmogo ba tshwarane, mo maemong le fa e le afe fela.
Maaka. Baebele ga e thibele batho go bontshana lorato fa ba go dira ka tsela e e phepa le e e siameng. Ka sekai, Baebele e re bolelela ka mosetsana wa Moshulame le mosimane wa modisa ba ba neng ba ratana. Ba ne ba boloka thatano ya bone e le phepa. Le fa go ntse jalo, go bonala ba ne ba tle ba bontshane lorato ka ditsela dingwe pele ba nyalana. (Sefela sa Difela 1:2; 2:6; 8:5) Gompieno, baratani bangwe ba ba akanyetsang go nyalana le bone ba ka bona go siame go bontshana lorato ka tsela e e tshwanetseng. *
Le fa go ntse jalo, batho ba ba intshang mmogo ba tshwanetse go nna kelotlhoko thata. Go atlana, go tlamparelana kgotsa go dira sepe fela se se ka tsosang keletso ya tlhakanelodikobo go ka dira gore ba wele mo boitsholong jo bo sa siamang. Go motlhofo tota gore le baratani ba ba se nang maikaelelo ape a a sa siamang ba tseege maikutlo mme ba wele mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.—Bakolosa 3:5.
● Baratani ba sa ntse ba ka nna le molato wa kgokafalo le fa gone ba sa tlhakanele dikobo.
Boammaaruri. Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “kgokafalo” (por·neiʹa) le akaretsa dilo di le dintsi. Le tlhalosa mefuta yotlhe ya tlhakanelodikobo ya batho ba ba sa nyalanang mme le lebisitse thata mo go diriseng dirwe tsa tlhakanelodikobo ka tsela e e sa tshwanelang. Ka gone, kgokafalo ga e akaretse fela thobalano ka boyone mme gape e akaretsa le dilo tse di jaaka go phoraphora dirwe tsa yo mongwe, le tlhakanelodikobo ya molomo le ya marago.
Mo godimo ga moo, Baebele ga e kgale kgokafalo fela. Moaposetoloi Paulo o ile a re: “Ditiro tsa nama di a bonala, mme tsone ke kgokafalo, boitshekologo, boitshwaro jo bo repileng.” O ile a oketsa jaana: “Ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.”—“Boitshekologo” ke eng? Lefoko leno mo Segerikeng le akaretsa bomaswe jwa mefuta yotlhe, jwa puo le jwa ditiro. Ruri go tla bo go le leswe gore motho a tsenye diatla tsa gagwe kafa teng ga diaparo tsa yo mongwe, a mo apola diaparo kgotsa a mo solasola mo dirweng tsa sephiri, tse di jaaka mabele. Mo Baebeleng go solasola motho mabele go amanngwa le monate o e leng wa banyalani fela.—Diane 5:18, 19.
Basha bangwe ga ba tlhabiwe ke ditlhong go itlhokomolosa melaometheo ya Modimo. Ba feteletsa dilo ka boomo, kgotsa ka bogagapa fela ba nna le batho ba bantsi ba ba dirang boitsholo jo bo leswe le bone.
Basha ba ba ntseng jalo ba ka nna ba dira se moaposetoloi Paulo a se bitsang “boitshwaro jo bo repileng.” Lefoko la Segerika le le ranolwang e le “boitshwaro jo bo repileng” le kaya ‘ditiro tse di makgapha, tse di feteletseng, tsa go tlhoka botho, le keletso e e sa laolegeng.’ Ga go pelaelo gore ga o batle go nna motho yo o se nang “boikutlo ka gope ka boitshwaro” ka go ineelela ‘boitshwaro Baefeso 4:17-19.
jo bo repileng le go dira boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe ka bogagaru.’—● Fa batho ba ba intshang mmogo ba sa phoraphorane, ruri ga ba ratane.
Maaka. Go farologana le se batho bangwe ba se akanyang, go phoraphorana ga go nonotshe thatano. Go na le moo, go dira gore lo se ka lwa tlhola lo tlotlana le go tshepana. Akanya ka se se diragaletseng Laura. A re: “Letsatsi lengwe lekau la me le ne la tla kwa gae mmè a seyo, le re le tlile go lebelela thelebishene. O ne a simolola fela ka go ntshwara seatla. Ke ne ka utlwa fela seatla sa gagwe se setse se ntshwaratshwara gongwe le gongwe. Ke ne ke tshaba go mmolelela gore a emise se a se dirang; ke akanya gore o tla ngala a bo a batla go tsamaya.”
Wena o akanyang? A ruri lekau la ga Laura le ne le amega ka ene, kgotsa a le ne le batla fela go ikgotsofatsa ka bopelotshetlha? A tota motho yo o lekang go go gogela mo boitsholong jo bo maswe o a bo a bontsha gore o a go rata?
Fa mosimane a pateletsa mosetsana gore a dire sengwe se se kgatlhanong le segakolodi sa gagwe le tsela ya Bokeresete e a rutilweng ka yone, o tlola molao wa Modimo mme seo ga se dumalane le maiphako ape fela a gore o a mo rata. Mo godimo ga moo mosetsana yo o ineelelang seo, o itetla go dirisiwa. Se se maswe le go feta, o tla bo a dirile boitshwaro jo bo leswe—gongwe le e leng kgokafalo. *—1 Bakorintha 6:9, 10.
Ipeeleng Melelwane e e Tlhomameng
Fa o intsha le mongwe lo ka tila jang go bontshana lorato ka tsela e e sa siamang? Tsela e e molemo ke gore kwa tshimologong fela lo ipeele melelwane e e tlhomameng. Diane 13:10 ya re: “Go na le botlhale mo go ba ba gakololanang.” Ka jalo, tlotlang gore ke ditsela dife tse di tshwanetseng tsa go bontshana lorato. Go ipeela melelwane eo fa lo setse lo tletse maikutlo a lorato, go tshwana le fa motho a leta gore ntlo e she pele e bo e le gone a tsenyang alamo.
Ke boammaaruri gore, go tlotla ka kgang e e masisi jalo go ka nna thata—le e leng go tlhabisa ditlhong—segolobogolo fa e le gone lo simololang go ratana. Mme gone, go ipeela melelwane go ka lo thusa thata gore lo tile mathata a a masisi a a ka nnang a 1 Bakorintha 7:3, 4.
tsoga moragonyana. Melelwane eo e ka tshwana le dilo tse di dupelelang mosi di bo di tsibosa ka alamo fa go na le molelo. Mo godimo ga moo, fa lo kgona go buisana ka dikgang tseno, seo se tla supa gore thatano ya lona e tla atlega go le kana kang. Tota e bile, boikgapo, bopelotelele le go se nne pelotshetlha ke tsone dilo tse di dirang gore tlhakanelodikobo mo lenyalong e nne selo se se kgotsofatsang.—Ke boammaaruri gore, go ikobela melao ya Modimo ga go motlhofo. Mme gone, o ka ikanya kgakololo ya ga Jehofa. Kana e bile, mo go Isaia 48:17, o itlhalosa e le, “Yo o go rutang gore o solegelwe molemo, Yo o dirang gore o gate mo tseleng e o tshwanetseng wa tsamaya mo go yone.” Jehofa o batla gore o atlege!
BALA GO YA PELE KA KGANG ENO MO BOLUMONG YA 1, KGAOLO 24
Fa o ise o ko o tlhakanele dikobo ga se gore ga o a felela kgotsa o tlhaela sengwe. Go na le moo, go dira jalo ke selo se se molemo. Mma re bone.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 15 Mo mafelong mangwe, go bontshana lorato phatlalatsa ga batho ba ba sa nyalanang go tsewa e le go tlhoka maitseo e bile go a kgopisa. Bakeresete ba tshwanetse go nna kelotlhoko gore ba se ka ba itshwara ka tsela e e tla kgopisang ba bangwe.—2 Bakorintha 6:3.
^ ser. 26 Ke boammaaruri gore se go buiwang ka sone mo serapeng seno se ama batho ba bong botlhe.
DITEMANA TSA BOTLHOKWA
“Lorato . . . ga lo itshware ka tsela e e sa tshwanelang.”—1 Bakorintha 13:4, 5.
KAKANTSHO
Intsheng lo le setlhopha kgotsa lo lweleng gore go nne le mongwe yo o lo beileng leitlho. Tilang maemo a a kotsi a a jaaka go nna lo le nosi mo koloing e e emeng kgotsa mo ntlong kgotsa mo foleteng.
A O NE O ITSE GORE . . . ?
Fa lo beeletsane lo tshwanetse go tlotla ka dikgang dingwe tse di masisi. Mme gone, motlotlo o o leswe o o tsosang keletso ya tlhakanelodikobo ke mofuta mongwe wa boitshekologo—tota le fa lo tlotla ka founo kgotsa ka go romele-lana melaetsa.
SE KE SE IKAELETSENG!
Nka tila go raelwa go tshameka ka boitshwaro jo bo sa siamang ka go ․․․․
Fa motho yo ke intshang le ene a mpateletsa go dira boitsholo jo bo sa siamang, ke tla ․․․․
Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․
O AKANYANG?
● Ke melelwane efe e o ka ipeelang yone malebana le go tshwarana le motho wa bong bo sele?
● Tlhalosa kafa kgokafalo, boitshekologo le boitshwaro jo bo repileng di farologanang ka gone.
[Mafoko a a mo go tsebe 46]
“Nna le motho yo ke neng ke tlile go nyalana le ene re ne re bala ditlhogo tsa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng tse di buang ka go nna boitsheko. Re anaanela tsela e di re thusitseng ka yone gore re boloke digakolodi tsa rona di le phepa.”—Leticia
[Lebokoso mo go tsebe 44]
Go Tweng fa re Feteleditse Dilo?
Go tweng fa lo wetse mo boitshwarong jo bo sa siamang? Lo se ka lwa itsietsa ka go akanya gore lo ka rarabolola bothata joo lo le losi. Mosha mongwe o ile a re: “Ke ne ke tle ke rapele ke re, ‘Re thuse gore re se ka ra go boeletsa.’ Ka dinako dingwe go ile ga thusa, mme gantsi go ne go sa thuse.” Ka jalo, bua le batsadi ba gago. Baebele e naya kgakololo eno: ‘Bitsa banna ba bagolwane ba phuthego.’ (Jakobe 5:14) Badisa bano ba Bakeresete ba ka go naya kaelo, kgakololo le kgalemelo tse di ka go thusang go tsosolosa kamano ya gago le Modimo.
[Ditshwantsho mo go tsebe 47]
A o tla leta gore ntlo ya gago e she pele, e bo e le gone o tsenyang alamo? Ka jalo lo se ka lwa leta gore lo tlale maikutlo a lorato pele, e bo e le gone lo ipeelang melelwane e e tshwanetseng ya boitshwaro