Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Direga Eng ka Mmele wa Me?

Go Direga Eng ka Mmele wa Me?

Kgaolo 6

Go Direga Eng ka Mmele wa Me?

“Ke ne ka nna moleele ka bonako tota. Go ne go le botlhoko. Le fa go ne go itumedisa go nna moleele, ke ne ke nna le ditlhabi mo maotong le mo dinaong. Ke ne ke sa rate seo!”—Paul.

“O a itse gore mmele wa gago o a fetoga mme o eletsa gore go se nne le ope yo o lemogang seo. Ka yone nako eo, mongwe o go bolelela gore o na le ‘dinoka tsa go ka tshola ngwana,’ a bua jalo e se ka go bo a batla go go utlwisa botlhoko—mme e kete o ka re lefatshe fatoga ke tsene!”—Chanelle.

A O KILE wa fudugela kwa lefelong le sele le batsadi ba gago? Phetogo eo e ne e se motlhofo, a ga go jalo? O ne o kgaogana le dilo tsotlhe tse o di tlwaetseng—ntlo ya lona, sekolo sa lona le ditsala tsa gago. Gongwe go ne ga go tsaya lobaka go tlwaela lefelo leo le lesha.

Fa o tsena mo nakong ya bokolwane kgotsa ya boroba—nako e ka yone o simololang go gola mo mmeleng—o diragalelwa ke dingwe tsa diphetogo tse dikgolo go gaisa mo botshelong. Ka tsela nngwe seo se tshwana le go fudugela mo “lefelong” le sele. A ke selo se se itumedisang? Ee ruri! Mme gone, go gola go ka dira gore o nne le maikutlo a a sa tshwaneng mme go ka nna ga se ka ga nna motlhofo go tlwaela. Go direga eng mo nakong eno e e itumedisang mme e le e e kgoberang maikutlo ya botshelo jwa gago?

Tsa Basetsana Fela

Nako ya bosha ke nako e go diregang diphetogo tse di gakgamatsang. Dingwe tsa diphetogo tseo ke tse o ka kgonang go di bona. Ka sekai, dihoromone di dira gore o simolole go nna le moriri mo serweng sa gago sa bosadi. Mme gape o tla lemoga gore mabele, dinoka, dirope le marago le tsone di a gola. Ka iketlo mmele wa gago o tswa mo bongwaneng mme o tsena mo bosading. Seno ga se a tshwanela go go tshwenya—ga go sepe se se phoso ka wena. Ke sesupo sa gore mmele wa gago o ipaakanyetsa nako ya fa o tla bo o nna mmè!

Nako nngwe fa o sena go tsena mo borobeng o tla simolola go bona kgwedi. Mme fa o sa ipaakanyetsa tiragalo eno e e botlhokwa sentle, e ka go tshosa. Samantha a re: “Ke ne ka simolola go bona kgwedi ke sa go lebelela. Ke ne ke ikutlwa ke le leswe. Fa ke tlhapa ke ne ke ikgotlha mme ke tla ‘ke ipherogela sebete.’ Kgang ya gore seo se ne se tlile go ntiragalela kgwedi nngwe le nngwe mo dingwageng tse dintsi tse di tlang e ne e ntshosa!”

Mme gone, se lebale gore go bona kgwedi ke bosupi jwa gore o ka kgona go nna le ngwana. Jaanong o simolola go tsena mo bosading, le fa gone go tla go tsaya dingwaga di le dintsi pele o siamela go nna motsadi. Le fa go ntse jalo, go simolola go bona kgwedi go ka go tlhobaetsa. Kelli a re: “Selo se se maswe le go feta se ke neng ka tshwanelwa ke go se itshokela ke go fetofetoga maikutlo. Go se itse gore ke eng fa go ne go tle go direge gore ke tlhole ke itumetse letsatsi lotlhe mme e bo e re bosigo jone joo ke bo ke thubega ka selelo, go ne go mpetisa pelo fela thata.”

Fa e le gore o ikutlwa jalo, se fele pelo. Fa nako e ntse e tsamaya o tla tlwaela. Annette wa dingwaga di le 20 a re: “Kgabagare ke ne ka amogela gore diphetogo tseno di ne di tlhokega gore ke nne mosadi le gore di ne di direga gonne Jehofa a nneile mpho ya go tshola bana. Mme go tsaya nako go amogela diphetogo tseo e bile go thata mo basetsaneng bangwe; mme gone fa nako e ntse e tsamaya o tla kgona go tlwaela.”

A o setse o simolotse go diragalelwa ke dingwe tsa diphetogo tse di umakilweng fa godimo? Mo meleng e e latelang, kwala dipotso dipe fela tse o nang le tsone ka diphetogo tse di go diragalelang.

․․․․

Tsa Basimane Fela

Fa o le mosimane, diphetogo tsa bosha di ka ama thata tsela e o lebegang ka yone. Ka sekai, gangwe le gape letlalo la gago le ka nna le mafura mme seo sa dira gore o tswe diso le dipeise. * Matt wa dingwaga di le 18 a re: “Go duwa ke diso tse di kana kana go a tena e bile go betisa pelo. O tshwanelwa ke go lwa le tsone. Ga o itse gore a di tla fela kgotsa di tla go tlogela o na le mabadi kgotsa gore di tla dira gore batho ba go nyatse.”

Mme sengwe se se molemo ke gore, mmele wa gago o a gola e bile o a nonofa mme magetla a gago a a oketsega. Gape mo nakong eno ya bokolwane, o ka simolola go tswa moriri mo maotong, mo sehubeng, mo sefatlhegong le mo magwafeng. Mme gone, moriri o montsi ga o amane ka gope le go nna monna wa mmatota; ke sengwe fela se motho a se gotsang.

E re ka dikarolo tsa mmele wa gago di sa gole tsotlhe ka selekanyo se se tshwanang o ka ikutlwa e kete o segole. Dwayne o tlhalosa jaana fa a bua ka nako ya fa a tsena mo bokolwaneng: “Ke ne ke le moleele jaaka thutlwa. E ne e kete boboko jwa me bo ne bo romela molaetsa, mme o bo o tsaya beke go goroga mo diatleng le mo dinaong!”

Fa o le mo dingwageng tsa bolesome o simolola go bua ka kodu, mme seno se direga ka iketlo. Ka dinako tse dingwe kodu eo e a nyelela mme o bo o bua ka lentswe le lesesane. Mme gone, se tshwenyege. Fa go ntse go ya, le tla siama. Fa seo se direga, itshege, seo se tla fokotsa go swaba.

Fa bokgoni jwa go tshola bana bo ntse bo nonofa dirwe tsa gago tsa bonna di tla gola le go tswa moriri go di dikologa. Mme gape di tla simolola go ntsha seedi se se bidiwang semen. Seedi seno se na le dipeo tse dinnye di le dimilionemilione tse di tswang ka nako ya tlhakanelodikobo. Fa peo e kopana le lee la mosadi, mosadi a ka ima.

Seedi seno se nna se kokoana mo mmeleng. Mmele o nna o monya bontlhanngwe jwa sone mme nako le nako bontlhanngwe jo bongwe jwa sone bo ka tshologa bosigo fa o robetse. Seo se itiragalela fela ka tlholego. Le Baebele e bua ka gone. (Lefitiko 15:16, 17) Seo se supa gore bokgoni jwa mmele wa gago jwa go nna le bana bo a nonofa le gore o fetogela mo bokolwaneng.

A o setse o simolotse go diragalelwa ke dingwe tsa diphetogo tse di tlhalositsweng fa godimo? Mo meleng e e latelang, kwala dipotso dipe fela tse o nang le tsone ka diphetogo tse di go diragalelang.✎

․․․․

Go Lepalepana le Maikutlo a Masha

Fa bokgoni jwa go tshola bana bo ntse bo nonofa, basetsana le basimane ba simolola go kgatlhegela batho ba bong bo sele go feta pele. Matt a re: “Fa ke ne ke tsena mo bokolwaneng ke ne ka simolola go bona kafa basetsana ba bantsi ba leng bantle ka gone. Mme seno se ne se mpetisa pelo ka gonne ke ne ke sa ntse ke le monnye.” Kgaolo 29 ya buka eno e tla tlhalosa dintlha go ya pele malebana le kgang eno ya go gola. Le fa go ntse jalo, gone jaanong o tla lemoga gore go botlhokwa gore o ithute go laola keletso ya gago ya tlhakanelodikobo. (Bakolosa 3:5) Le fa seno se ka bonala se le boima go le kana kang o ka kgona go se itetle go laolwa ke yone!

Go na le maikutlo a mangwe a o ka tshwanelwang ke go lepalepana le one mo nakong eno ya diphetogo. Ka sekai, go ka nna motlhofo go nna le maikutlo a go inyatsa. Go jewa ke bodutu le go sulafalelwa go tlwaelegile mo basheng. Mo nakong e e ntseng jalo, go ka nna molemo go bua le motsadi kgotsa motho mongwe yo o godileng yo o mo ikanyang. Kwala leina la mogolo mongwe yo o ka mo tlhalosetsang kafa o ikutlwang ka gone.

․․․․

Kgolo e e Botlhokwa go Gaisa

Kgolo e e botlhokwa go gaisa ga e ame fela boleele, popego kgotsa ditebego, e ama le go gola ga gago ka kakaretso—mo tlhaloganyong, mo maikutlong, sa botlhokwa le go feta, mo semoyeng. Moaposetoloi Paulo o ile a re: “E rile ke le losea, ke ne ke tle ke bue jaaka losea, ke akanye jaaka losea, ke tlhalose dilo jaaka losea; mme e re ka jaanong ke le monna, ke nyeleditse mekgwa ya losea.” (1 Bakorintha 13:11) Re ithuta thuto ya botlhokwa mo mafokong ano. Ga go a lekana gore o lebege fela jaaka mogolo. O tshwanetse go lwela go itshwara, go bua le go akanya jaaka mogolo. O se ka wa tshwenyega thata ka se se go diragalelang mo mmeleng mo o tlhokomologang motho wa ka fa teng!

Se lebale gore Modimo “o bona se pelo e leng sone.” (1 Samuele 16:7) Baebele ya re Kgosi Saulo o ne a le moleele e bile a le montle, le fa go ntse jalo o ne a se ka a nna kgosi e e molemo le motho yo o molemo. (1 Samuele 9:2) Sakaio ene o ne a na le “mmele o monnye,” le fa go ntse jalo o ne a na le nonofo e kgolo ya go fetola tsela e a tshelang ka yone mme a nna morutwa wa ga Jesu. (Luke 19:2-10) Ga go pelaelo gore, selo sa botlhokwa ke se motho a leng sone ka fa teng.

Ke boammaaruri gore: Ga o ka ke wa potlakisa tsela e o golang ka yone kana wa ngotla lebelo la yone. Ka jalo, go na le go lebana le diphetogo tseno tse di go diragalelang ka pelo e e bogalaka le ka poifo, leka go lebana le tsone ka pelo e ntle—o tla o itshega. Diphetogo tseno ga se bolwetse e bile ga se wena wa ntlha di go diragalela. Se tshwenyege, o tla tlwaela. Fa setsuatsue sa bosha se sena go feta, o tla bo o le motho yo o godileng sentle!

MO KGAOLONG E E LATELANG

Go tweng fa o sa rate tsela e o lebegang ka yone fa o iteba mo seiponeng? O ka bontsha go nna tekatekano jang kaga tsela e o lebegang ka yone?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 15 Basetsana le bone ba na le bothata jo bo ntseng jalo. Gantsi bothata jono bo ka laolwa ka go tlhokomela letlalo sentle.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Ke tla go baka ka gonne ke dirilwe ka tsela e e boitshegang e e gakgamatsang.”—Pesalema 139:14.

KAKANTSHO

Fa mmele wa gago o simolola go bopega, tila go apara diaparo tse di hepisang. Ka metlha apara “ka boingotlo le go itekanela sentle ga mogopolo.”—1 Timotheo 2:9.

A O NE O ITSE GORE . . .?

Bokolwane kgotsa boroba bo ka simologa go sa le gale fa motho a tshwara dingwaga tse robedi kgotsa bo ka simologa moragonyana motho a setse a le mo magareng a dingwaga tsa bolesome. Maemo a batho ga a tshwane mo kgannyeng eno.

SE KE SE IKAELETSENG!

Fa ke ntse ke tsena mo dingwageng tsa bogolo dinonofo tse nka ratang go tokafatsa mo go tsone ke ․․․․․

Go inonotsha semoyeng, ke tla ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

Ke eng fa go le boima go lebana le diphetogo tsa mmele le tsa maikutlo tsa bokolwane kgotsa tsa boroba?

Ke eng se se leng boima thata ka diphetogo tseno?

Ke eng fa gantsi lorato lo o ratang Modimo ka lone lo ka fokotsega fa o tsena mo nakong eno, mme o ka dira eng gore seo se se ka sa go diragalela?

[Mafoko a a mo go tsebe 61]

“Go na le dilo di le dintsi tse di ka dirang gore o se ka wa itshepa fa o le mo dingwageng tsa bosha mme ga o nke o itse gore ke diphetogo dife tse dingwe tse mmele wa gago o tla nnang le tsone. Mme fa o ntse o gola o ithuta go amogela diphetogo tseno le go di tlwaela.”—Annette

[Lebokoso mo go tsebe 63, 64]

Nka bua Jang le rre Kgotsa mmè ka Tlhakanelodikobo?

“Fa ke ne ke na le potso ka tlhakanelodikobo ke ne nka se botse batsadi ba me.”—Beth.

“Ke ne ke sa kgone go nna le bopelokgale jwa go bua ka gone.”—Dennis.

Fa o na le maikutlo a a tshwanang le a ga Beth le Dennis o mo bothateng jo bogolo. O batla go itse kaga tlhakanelodikobo mme batho ba ba nang le dikarabo e ka nna ba o sa batleng go ba botsa—batsadi ba gago! O tshwenyega ka dilo di le dintsi:

Ba tla akanya eng ka nna?

“Ke ne ke sa batle gore ba mpelaele ka go bo ke botsa.”—Jessica.

“Ba batla gore o nne o le ngwana e bile o se na selabe mme fa o simolola go bua le bone ka tlhakanelodikobo, ka tsela nngwe ga ba tlhole ba go tsaya jalo.”—Beth.

Ba tla tsibogela seo jang?

“Ke ne ke boifa gore gongwe batsadi ba me ba ne ba tla simolola go nna le dipelaelo ba bo ba simolola go nkgalemela le pele ke fetsa go bua.”—Gloria.

“Batsadi ba me ga ba kgone go fitlha maikutlo a bone, ka jalo ke ne ke tshoga gore ke ne ke tla bona jaaka fa ba bontsha go swaba mo difatlhegong tsa bone. Tota e bile, gongwe fa ke ntse ke bua rre o tla bo a ntse a akanya ka kgalemelo e a ka nnayang yone.”—Pam.

A ba tla belaela lebaka la go bo ke botsa?

“Ba ka nna ba galefa ba bo ba botsa dipotso tse di jaaka, ‘A o raelesega go tlhakanela dikobo?’ kgotsa ‘A balekane ba gago ba go gatelela gore o tlhakanele dikobo?’ Mme gone, gongwe o batla fela go itse.”—Lisa.

“Ka metlha rre o na le go bonala a tshwenyegile fa nka bua ka mosimane mongwe. O tla bo a simolola go mpolelela dikotsi tsa tlhakanelodikobo. Ke tla bo ke bua jaana mo pelong, ‘Kana Papa, ga ke a bua sepe ka lenyalo kgotsa tlhakanelodikobo. Ke ne ke re fela o montle!’”—Stacey.

O ka nna wa namediwa pelo ke go itse gore, batsadi ba gago ba ka tswa ba tlhabiwa ke ditlhong go tlotla le wena ka tlhakanelodikobo fela jaaka le wena o ikutlwa o tlhabiwa ke ditlhong go bua le bone ka yone! Gongwe seo ke sone se se tlhalosang sentle lebaka la go bo mo patlisisong nngwe diperesente di le 65 tsa batsadi ba ile ba bolela gore ba na le go bua le bana ba bone ka tlhakanelodikobo, mme gone e le diperesente di le 41 fela tsa bana ba ba gakologelwang batsadi ba bone ba kile ba bua le bone ka kgang eo.

Boammaaruri ke gore, batsadi ba gago ba ka tswa ba okaoka go bua ka tlhakanelodikobo. Gantsi seno ke ka gonne batsadi ba bone ba ile ba se ka ba bua le bone ka yone! Lefa lebaka e ka tswa e le lefe, itsenye mo ditlhakong tsa batsadi ba gago. Gongwe—ka go ipeta pelo go se kae—o ka kgona go simolola motlotlo ka kgang eno ka tsela e e tla solegelang wena le bone molemo. O ka dira seo jang?

Kafa o ka Simololang Kgang ka Gone

Batsadi ba gago ba na le kitso le kgakololo e ntsi ka kgang eno ya tlhakanelodikobo. O tlhoka fela go itse kafa o ka simololang kgang eno ka gone. Leka ditsela tse di latelang:

1 Simolola ka go itsise motsadi wa gago gore ga go motlhofo go simolola kgang e o batlang go e bua le ene. “Ke okaoka go go bolelela kgang eno ka gonne ke tshaba gore o ka nna wa akanya gore . . . ”

2 Go tswa foo mmolelele gore ke ka ntlha yang fa o tlhophile go e bua le ene. “Mme gone ke na le potso, nka rata e nna wena o e arabang go na le gore e arabiwe ke motho ope o sele.”

3 Go tswa foo botsa potso ya gago sentle. “Nka rata go itse gore . . . ”

4 Fa lo setse lo feditse go bua, tlhomamisa gore o tlogela o butse tshono ya go boa lo bua ka kgang eo gape mo nakong e e tlang. “Fa nka nna le dipotso tse dingwe gape, a nka bua le wena gape ka kgang eno?”

Le fa gone o itse gore motsadi wa gago o tla dumela, go utlwa a re ee, go tla dira gore mo nakong e e tlang o ikutlwe o phuthologile fa o batla go boa o bua le ene ka kgang eno. Ka jalo leka go dirisa ditsela tseno! O ka nna wa feleletsa o dumalana le Trina. Gone jaanong o dingwaga di le 24, mme a re: “Ka nako ya fa ke ne ke bua le mmè ka kgang eno ke ne ke eletsa e kete re ka bo re sa bue ka yone. Mme jaanong ke lebogela gore mmè o ile a bua le nna a phuthologile e bile a sa fitlhe sepe. Go ntshireleditse tota!”

[Setshwantsho mo go tsebe 59]

Go tswa mo bongwaneng go ka tshwana le go fuduga—mme gone o ka kgona go go tlwaela