Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Molaetsa o o Kwaletsweng Batsadi

Molaetsa o o Kwaletsweng Batsadi

Molaetsa o o Kwaletsweng Batsadi

Mo basheng, dingwaga tsa bolesome di ka tshwana le go tsamaya mo godimo ga thapo e tshesane. Kgato nngwe le nngwe e motho a e gatang mo godimo ga thapo eno e ka dira gore a etsaetsege—tota le e leng go tshoga. Wena motsadi o ka nna wa eletsa e kete o ka bo o kgona go dira gore ngwana wa gago a se ka a tshwanelwa ke go feta mo seemong seno. Ke boammaaruri gore o ka se ka wa kgona go dira jalo, mme gone o ka kgona go mo thusa go itsetsepela. Ke wena fela o ka kgonang go thusa bana ba gago go kgabaganya nako eno ya dingwaga tsa bolesome ka katlego gore ba nne bagolo ba ba maikarabelo.

O ka tswa o akanya gore seno ga se motlhofo. Ee, gone ga go motlhofo. E ka nna ya bo e le maabane fela jaana fa mosimanyana wa gago e ne e le ngwananyana yo o matlhagatlhaga yo o buetseng ruri; jaanong ke mosha yo o itlhaotseng yo o sa rateng go bua le wena. Malobanyana fa mosetsanyana wa gago o ne a batla go ya le wena gongwe le gongwe kwa o yang teng; jaanong go bonala a tlhabisiwa ditlhong ke go bonwa a na le wena!

Mme gone, ga o tlhoke go inyatsa fa o lebane le diphetogo tse di ntseng jalo. O na le motswedi wa botlhale o o ka go nayang kaelo e e molemo e e ka lo thusang wena le ngwana wa gago. Motswedi oo wa botlhale ke Lefoko la Modimo, e leng Baebele.

Buka eno ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo ya 2, e kwadilwe ka tsela e e tla thusang ngwana wa gago go bona kgakololo e e molemo e e tswang mo Dikwalong. Fa o leba Diteng tsa yone mo tsebeng ya 4 le 5 o tla bona dikgang tse di farologaneng tse go buiwang ka tsone mo bukeng eno. Mme gone buka eno e na le dilo tse dingwe tse di kgatlhang. Akanya ka tse di latelang:

(1) Buka eno e dira gore mmadi a ntshe maikutlo a gagwe. Go na le ditsebe di le mmalwa tse mo go tsone ngwana wa gago a kgothalediwang go araba dipotso tse di farologaneng le go tlhalosa maikutlo a gagwe. Ka sekai, mo tsebeng ya 132 le 133 go na le “Thulaganyo ya go Fenya Kgatelelo ya Balekane” e e tla thusang ngwana wa gago gore a akanye ka dikgwetlho tse di rileng tse a lebanang le tsone le kafa a ka di fenyang ka teng. Mo godimo ga moo, kwa bofelong jwa karolo nngwe le nngwe ya buka eno go na le tsebe ya setlhogo se se reng “Dintlha Ka ga Me,” e ngwana wa gago a ka kwalang mo go yone maikutlo a gagwe le dikakanyo tsa gagwe ka se go buiwang ka sone mo karolong eo.

(2) Buka eno e rotloetsa basha go buisana le batsadi. Ka sekai, mo tsebeng ya 63 le 64 go na le lebokoso la setlhogo se se reng “Nka Bua Jang le Rre Kgotsa Mmè ka Tlhakanelodikobo?” Gape kwa bofelong jwa kgaolo nngwe le nngwe go na le lebokoso la setlhogo se se reng “O Akanyang?” Mosha a ka dirisa lebokoso leno go boeletsa se a se badileng mme gape le ka dirisiwa mo motlotlong wa lelapa. Mo godimo ga moo, kgaolo nngwe le nngwe e na le setlhogo se se reng “Se ke Se Ikaeletseng!” se karolo ya bofelo ya sone e kopang mosha go feleletsa polelwana e e reng: “Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore . . . ” Se tla kgothaletsa basha go kopa kgakololo ya batsadi fa ba ntse ba kopana le dikgwetlho tsa dingwaga tsa bosha.

Kgakololo: Gore ngwana wa gago a gololesege go kwala a sa fitlhe sepe, o se ka wa bala buka ya gagwe. Gongwe moragonyana a ka nna a bua le wena ka se a se kwadileng.

Le wena nna le buka ya gago, mme o e bale gore o e itse sentle. Fa o ntse o e bala, leka go akanya ka dilo tse o neng o di dira fa o ne o le mosha, kafa o neng o tle o kgoberege maikutlo ka gone le tlhobaelo e o neng o tle o nne le yone. O ka nna wa tlotlela morwao kgotsa morwadio ka dilo tseo. Seo se tla kgothaletsa bana ba gago go go bulela mafatlha. Ba reetse fa ba bua! Fa ba sa go bulele mafatlha, o se ka wa ineela. Le fa go ka bonala e kete bana ba gago ga ba tseye kgakololo ya gago tsia, gantsi bana ba anaanela kgakololo ya batsadi ba bone go feta ya balekane ba bone.

Re itumelela go abela wena le bana ba gago sedirisiwa seno se se theilweng mo Baebeleng, mme re rapelela gore se solegele lelapa la lona molemo.

Bagatisi