Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng se Se Phoso Ka go Bua ka Batho?

Ke Eng se Se Phoso Ka go Bua ka Batho?

Chapter 12

Ke Eng se Se Phoso Ka go Bua ka Batho?

“Nako nngwe ke ne ka ya phathing, mme letsatsi le le latelang go ne ga anamisiwa magatwe a gore ke ne ka tlhakanela dikobo le mongwe wa basimane koo. Seo e ne e le maaka a matala!”—Linda.

“Ka dinako dingwe ke a tle ke utlwe magatwe a gore ke intsha le mongwe—mongwe yo tota ke sa mo itseng le go mo itse! Bontsi jwa batho ba ba ratang go seba ga ba itshwenye ka go batlisisa pele gore a seo se boammaaruri.”—Mike.

TSHEBO e ka dira gore go bonale e kete botshelo jwa gago bo tletse ka mathata fela jaaka jwa batho ba difilimi. Amber wa dingwaga di le 19 o itse seo sentle. A re: “Ga ke bolo go nna ke sebiwa. Go ne ga anama magatwe a gore ke ne ke imile, ke ntshitse mpa makgetlo a le mmalwa le gore ke gweba ka diokobatsi e bile ke a di dirisa. Ga ke itse gore go tla jang gore batho ba bue dilo tseno ka nna. Ruri, ga ke itse!”

Ka ntlha ya mekgwa ya segompieno ya go romelelana melaetsa, mosimane kgotsa mosetsana yo o nang le maitlhomo a a sa siamang a ka go senya leina kwantle ga go bua sepe. A ka tlanya mafoko a se kae fela a bo a romelela batho ba le bantsi magatwe a a go senyang leina! Ka dinako dingwe aterese yotlhe ya Internet e dirisediwa go senya motho mongwe leina. Gape go atile mafelo mangwe mo Internet a a nayang batho tshono ya go seba ba bangwe ka dilo tse ba neng ba ka se ka ba di bua fa ba ne ba tlotla le motho yoo.

Mme gone, a go bua ka batho ba bangwe go phoso ka dinako tsotlhe? A go na le se go ka tweng ke . . .

Go Bua ka ba Bangwe ka Tsela e e Siameng?

Tshwaya gore mafoko a a latelang a boammaaruri kgotsa ke maaka.

Go bua ka ba bangwe go phoso ka dinako tsotlhe. □Boammaaruri □ Maaka

Karabo e e siameng ke efe? Tota go ikaegile ka gore o bua eng ka bone. Ga go phoso fa e le gore o itlotlela fela dilo tse di sa reng sepe ka bone. Kana e bile Baebele e re bolelela gore re “kgatlhegele matshelo a batho ba bangwe.” (Bafilipi 2:4, New Century Version) Seno ga se reye gore re itshunye nko mo dikgannyeng tse di sa re ameng. (1 Petere 4:15) Mme gone go itlotlela fela le ba bangwe go ka re thusa go itse tshedimosetso ya botlhokwa e e jaaka gore ke bomang ba ba nyalanang kgotsa ba ba sa tswang go nna le ngwana. Fa re bua boammaaruri fela—ga re ka ke ra re re kgatlhegela batho ba bangwe mme re se ke re bua ka bone!

Mme gone, go motlhofo gore go bua ka batho go fetoge tshebo. Ka sekai motho a ka ipuela fela a re, “Katlego le Phemelo ba ka tshwanelana tota” mme yo mongwe a bo a fetola seo a re, “Katlego le Phemelo ba a ratana”—le fa Katlego le Phemelo bone ba sa itse sepe ka kgang eo ya gore ba a ratana. O ka nna wa re ‘ga se kgang e e masisi,’ mme mo go Katlego le Phemelo e masisi!

Julie wa dingwaga di le 18, le ene o ne a sebiwa jalo mme go ne ga mo utlwisa botlhoko thata. A re: “Seo se ne sa nkgalefisa mme sa dira gore ke se tlhole ke batla go tshepa ope.” Jane wa dingwaga di le 19, o ne a le mo seemong se se tshwanang. A re: “Ke ne ka feleletsa ke tila mosimane yo go neng go twe ke ratana le ene, mme seo se ne se sa siama ka gonne nna le ene re ne re le ditsala fela mme ke ne ke batla gore re gololesege go tlotla kwantle ga gore seo se tsose dipuopuo!”

Laola Metlotlo ya Gago

O ka laola loleme jang fa o raelesega go seba? Go araba potso eo, akanya ka se o ka tshwanelwang ke go se dira fa o kgweetsa mo tseleng e kgolo e e tlhanaselang. Go ka nna ga tlhaga seemo se se go tlhokang gore o fetogele mo tselaneng e nngwe, o fokotse lobelo fela thata kgotsa o eme gotlhelele. Fa o ntshitse matlho dinameng o ka kgona go bona se se kwa pele o bo o tsaya kgato e e tshwanetseng.

Go ntse jalo le ka motlotlo. Gantsi o ka kgona go lemoga fa motlotlo o fetoga tshebo. Fa seno se direga a o ka fetola motlotlo? Fa o sa dire jalo—itse gore tshebo e ka gobatsa ba bangwe. Mike a re: “Ke ne ka bua sengwe se se maswe ka mosetsana mongwe—gore o ne a rata basimane—mme o ne a utlwalela ka gone. Ga nkitla ke tsamaya ke lebala lentswe la gagwe fa a ne a mpotsa ka kgang eo, kafa mafoko a me a go se akanyetse a neng a mo utlwisitse botlhoko ka gone. Re ne ra baakanya bothata, mme gone ke ne ke sa ntse ke swabile tota fa ke lemoga kafa ke mo utlwisitseng botlhoko ka gone!”

Ga go pelaelo gore mafoko a ka utlwisa motho botlhoko. Tota le Baebele e a dumela gore, “go na le yo o buang a sa akanye jaaka e kete ka ditlhabo tsa tšhaka.” (Diane 12:18) Ke gone ka moo o tshwanetseng go akanya pele ga o bua! Gone ke boammaaruri gore go ka tlhoka motho boikgapo go kgaotsa motlotlo o o utlwalang o le monate. Le fa go ntse jalo, go ntse fela jaaka Carolyn wa dingwaga tse 17 a tlhalosa: “O tshwanetse go ela tlhoko gore o bua eng. Fa o sa utlwa kgang ka motswedi o o ikanyegang o ka tswa o anamisa maaka.” Ka jalo, fa o utlwa kgang e e ka tswang e senya motho leina, dirisa kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo ya gore ‘o go dire boikaelelo jwa gago go tshela ka tidimalo le go tlhokomela dikgang tsa gago.’—1 Bathesalonika 4:11.

O ka bontsha go kgatlhegela ba bangwe jang mme o ntse o etse tlhoko gore ga o itshunye nko mo dikgannyeng tsa bone? Pele o bua ka motho yo mongwe ipotse jaana: ‘A tota ke itse kgang yotlhe? Ke eng se se ntlhotlheletsang go bua ka kgang eno? Tshebo e tla ama jang leina la me?’ Potso eno ya bofelo e botlhokwa thata ka gonne go itsege o le mosebi go senola go le gontsi ka wena go feta ka motho yo o mo sebang.

Fa e Le Wena yo o Sebiwang

O ka dirang fa e le wena o sebiwang? Moreri 7:9 e tlhagisa jaana: “O se ka wa itlhaganelela go kgopisega mo moyeng wa gago.” Go na le moo, leka go leba dilo ka tsela e e tshwanetseng mme o se ka wa itlhaganelela go galefa. Baebele ya re: “O se ka wa isa mafoko otlhe a batho ba ka a buang kwa pelong, . . . gonne pelo ya gago e itse sentle gore wena, e leng wena, o hutsitse ba bangwe gantsi.”—Moreri 7:21, 22.

Ke boammaaruri gore ga go na seipato sa go seba. Le fa go ntse jalo, go galefa go feta selekanyo go ka go senya leina go feta tshebo eo ka boyone! Ka jalo, ke eng fa o sa etse Renee? A re: “Gantsi fa mongwe a bua sengwe se se maswe ka nna ke utlwa botlhoko, mme ke leka go ithiba. Ke dira jalo gonne ke itse gore ka moso ba tla bo ba bua ka mongwe o sele kgotsa sengwe se sele.” *

Ka jalo, nna botlhale mme o fetole motlotlo fa o utlwa gore motlotlo oo o fetoga tshebo. Mme fa e le wena yo o sebiwang, o se ka wa galefa go feta selekanyo. Letla ditiro tsa gago tse di molemo di go buelela. (1 Petere 2:12) Fa o dira jalo, o tla kgona go tswelela o na le botsala jo bo molemo le batho ba bangwe le kamano e e molemo le Modimo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 21 Mo maemong mangwe go ka nna molemo go senka tsela ya go bua le motho yo o go sebileng, o bua le ene sentle. Le fa go ntse jalo gantsi seno ga se tlhokege, e re ka “lorato lo bipa maleo a le mantsi.”—1 Petere 4:8.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Yo o disang molomo wa gagwe o boloka moya wa gagwe. Yo o bulang dipounama tsa gagwe thata—o tla senngwa.Diane 13:3.

KAKANTSHO

Fa mongwe a seba, o ka araba ka gore: “Ga ke ikutlwe ke gololesegile go bua ka kgang eno. Kana e bile motho yoo ga a yo fano go tla go ipuelela.”

A O NE O ITSE GORE . . .  ?

Go reetsa fela fa motho yo mongwe a seba, go ka dira gore le wena o nne molato. Fa o letla motho yo o sebang go tswelela ka tshebo, o a bo o letla gore tshebo eo e anamele pele!

SE KE SE IKAELETSENG!

Nako e e tlang fa ke raelesega go anamisa magatwe, ke tla? ․․․․․

Fa mongwe a buile maswe ka nna, ke tla? ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore? ․․․․․

O AKANYANG?

● Ke leng go seng molato go bua ka batho ba bangwe

● A o kile wa sebiwa, mme gone o ithutile eng ka se se go diragaletseng?

● Go anamisa tshebo go ka go senya leina ka tsela efe?

[Mafoko a a mo go tsebe 107]

“Ruri ke ne ka ithuta thuto e e botlhoko fa motho yo ke neng ke mo sebile a ne a utlwa se ke se buileng a bo a tla go mpotsa ka gone. Go ne go se kafa nka tilang kgang eno ka gone! Ruri ke ithu-tile gore go botoka go bua le motho ka tlhamalalo go na le go bua ka ene ke mo seba!”—Paula

[Setshwantsho mo go tsebe 108]

Tshebo e tshwana le sebetsa se se kotsi se se ka senyang motho leina