Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bagolwane, lo Ikutlwa Jang ka go Thapisa Bakaulengwe ba Bangwe?

Bagolwane, lo Ikutlwa Jang ka go Thapisa Bakaulengwe ba Bangwe?

“Sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng.” —MORERI 3:1.

1, 2. Ke eng se balebedi ba potologo ba se etseng tlhoko mo diphuthegong tse dintsi?

FA MOLEBEDI mongwe wa potologo a tloga a wetsa pokano ya gagwe le bagolwane, o ne a leba banna bano ba ba berekang ka natla mo phuthegong mme a amega fela thata e re ka bangwe ba bone ba ne ba setse ba godile. Le fa go ntse jalo, go ne go na le sengwe se se neng se mo tshwenya. O ne a re: “Bakaulengwe, lo dirile eng go thapisa bakaulengwe ba bangwe gore ba kgone go lo thusa ka maikarabelo a phuthego?” Bagolwane ba ne ba itse gore mo ketelong e e fetileng, molebedi wa potologo o ne a ba kgothaletsa gore ba iphe nako ya go thapisa bakaulengwe ba bangwe. Mongwe wa bone o ne a re: “Tota ga re a dira go tlala seatla.” Botlhe ba ne ba dumalana le ene.

2 Fa o le mogolwane, gongwe le wena o ne o tla dumalana le ene. Balebedi ba potologo ba etse tlhoko gore bagolwane ba le bantsi ba tlhoka go ipha nako ya go thapisa bakaulengwe ba bangwe gore ba ba thuse mo phuthegong. Le fa go ntse jalo, eno ga se kgetsi e potlana. Ke ka ntlha yang fa re rialo?

3. (a) Baebele e tlhalosa jang botlhokwa jwa go thapisa ba bangwe mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go kgatlhegela go dira jalo? (Bona ntlha e e kwa tlase.) (b) Ke ka ntlha yang fa go le thata gore bagolwane ba bangwe ba thapise bakaulengwe mo phuthegong?

3 E re ka o le mogolwane, o a itse gore go botlhokwa gore o iphe nako ya go thapisa bakaulengwe ba bangwe. * (Bona ntlha e e kwa tlase.) O a itse gore gone jaanong go tlhokega bakaulengwe ba ba oketsegileng go nonotsha diphuthego le go tshegetsa tse di tla nnang gone mo nakong e e tlang. (Bala Isaia 60:22.) Baebele ya re o tshwanetse go “ruta ba bangwe.” (Bala 2 Timotheo 2:2.) Le fa go ntse jalo, go ka nna thata gore o iphe nako e e lekaneng go dira jalo. O na le boikarabelo jwa go tlhokomela lelapa la gago mme ka fa letlhakoreng le lengwe o dira tiro ya boitshediso. Gape o tshwanetse go tlhokomela phuthego le go diragatsa dikabelo dingwe tse di botlhokwa. E re ka lo na le tiro e ntsi thata jaana, mma re sekasekeng lebaka la go bo go le botlhokwa gore lo iphe nako ya go thapisa bakaulengwe ba bangwe.

IPHE NAKO YA GO THAPISA BA BANGWE—GO POTLAKILE!

4. Ke ka ntlha yang fa ka dinako tse dingwe bagolwane ba diega go thapisa bakaulengwe ba bangwe?

4 Ke ka ntlha yang fa go ka tswa go le thata gore bagolwane ba iphe nako e e lekaneng ya go thapisa bakaulengwe mo phuthegong? Bagolwane bangwe ba ka nna ba re: ‘Go na le dilo tse dingwe mo phuthegong tse di tlhokang go dirwa ka potlako. Le fa ke sa potlakele go thapisa bakaulengwe ba bangwe, phuthego e ka se koafale.’ A mme gone go ntse jalo? Go ka tswa go na le dilo tse dingwe tse di tlhokang gore o di dire ka bonako. Le fa go ntse jalo, phuthego e ka nna ya amega ka tsela nngwe fa o diega go thapisa bakaulengwe ba bangwe.

5, 6. Re ka ithuta eng mo sekaing sa mokgweetsi le kafa a tlhokomelang koloi ya gagwe ka gone? Re ka tshwantsha seo jang le go thapisa bakaulengwe mo phuthegong?

5 Akanya ka sekai seno. Mokgweetsi o a itse gore gangwe le gape o tshwanetse go tshela oli mo koloing. Mme gone, a ka nna a akanya gore peterole e botlhokwa thata ka gonne fa e seyo, koloi ga e kgone go tsamaya. Fa e le gore ke motho yo o makgabe a dipapetla, a ka nna a akanya gore ga a tlhoke go nna a ntse a tlhola oli mo koloing ka gonne go tsamaya gone e tla tsamaya. Mme gone seo se ka nna kotsi tota. Fa mokgweetsi a sa tshele oli mo koloing, go ise go ye kae koloi eo e tlile go senyega. O tlile go feleletsa a senya nako le madi a mantsi a leka go e baakanya. Bagolwane ba ka ithuta eng mo sekaing seno?

6 Dilo tsa botlhokwa tse di amang phuthego di tshwanetse go dirwa ka bonako, e seng jalo, phuthego ga e kitla e gola sentle semoyeng. Fela jaaka mokgweetsi a tshwanetse go nna a tshela peterole mo koloing, bagolwane le bone ba tshwanetse gore ba “tlhomamise dilo tse di botlhokwa thata.” (Bafilipi 1:10) Mme gone, bagolwane bangwe ba ka nna ba tshwarega thata jaana ka dilo tsa botlhokwa tse di amang phuthego mo ba feleletsang ba se na nako ya go thapisa bakaulengwe ba bangwe. Go dira jalo go tla bo go tshwana fela le go sa tshele oli mo koloing. Fa bagolwane ba diega go thapisa bakaulengwe ba bangwe, phuthego e ka nna ya feleletsa e se na bakaulengwe ba ba lekaneng go ka sikara maikarabelo.

7. Re ikutlwa jang ka bagolwane ba ba iphang nako ya go thapisa bakaulengwe ba bangwe?

7 Ka jalo, le ka motlha o se ka wa akanya gore go thapisa bakaulengwe ba bangwe ga go botlhokwa. Bagolwane ba ba batlang gore phuthego e gole e bile ba ipha nako go thapisa bakaulengwe ba bangwe, ba bontsha gore ba botlhale mme phuthego e ba anaanela fela thata. ( Bala 1 Petere 4:10.) Phuthego e solegelwa molemo jang?

DIRISA NAKO KA BOTLHALE

8. (a) Ke eng se se tlhotlheletsang bagolwane gore ba thapise bakaulengwe ba bangwe? (b) Bagolwane ba ba thusang kwa go nang le tlhokego gone ba na le boikarabelo bofe jo bo masisi? (Bona lebokose le le reng, “ Thapiso e e Potlakileng.”)

8 Tota le bakaulengwe ba e leng kgale e le bagolwane ba tshwanetse go nna tekatekano le go tlhaloganya gore dingwaga di ile, ka jalo, ba ka se tlhole ba kgona go sikara maikarabelo jaaka pele. (Mika 6:8) Bagolwane ba tshwanetse go gakologelwa gore maemo a bone a ka nna a fetoga ba sa lebelela mme seo sa dira gore ba thatafalelwe ke go dira maikarabelo a bone a mo phuthegong. (Moreri 9:11, 12; Jakobe 4:13, 14) E re ka bagolwane ba rata Jehofa e bile ba amega ka batho ba gagwe, ba leka ka natla go ruta bakaulengwe ba basha dilo tse bone ba setseng ba di ithutile mo phuthegong.—Bala Pesalema 71:17, 18.

9. Ke eng se se tla diragalang mo isagweng se se dirang gore thapiso e nne botlhokwa thata jaana?

9 Bagolwane ba ba thapisang bakaulengwe ba bangwe ba botlhokwa thata ka gonne matsapa a bone a thusa gore phuthego e gole semoyeng. Ka fa letlhakoreng le lengwe, bakaulengwe ba ba thapisiwang ba tla kgona go thusa gore go nne le kutlwano mo phuthegong le gore ba ikanyege mo Modimong. Go dira jalo go botlhokwa mo metlheng eno ya bofelo mme go tla nna botlhokwa le go feta ka nako ya pitlagano e kgolo e e tlang. (Esekiele 38:10-12; Mika 5:5, 6) Ka jalo, bagolwane ba rona ba ba rategang, ipheng nako ya go thapisa bakaulengwe ba bangwe, simololang gone jaanong!

10. Mogolwane a ka nna a tshwanelwa ke go dira eng gore a nne le nako ya go thapisa bakaulengwe ba bangwe?

10 Re a tlhaloganya gore lo setse lo na le ditiro tse dintsi tse di botlhokwa tse di amanang le phuthego. Ka jalo, fa lo ntse lo dira ditiro tseno, go ka nna ga tlhokega gore lo iphe nako ya go thapisa bakaulengwe ba bangwe. (Moreri 3:1) Fa lo dira jalo, lo tla bo lo dirisa nako ya lona ka botlhale e bile phuthego e tla solegelwa molemo fela thata.

BAAKANYA PELO YA MOITHUTI

11. (a) Ke eng se se kgatlhang ka dikakantsho tsa bagolwane ba ba tswang kwa dinageng tse di farologaneng? (b) Go ya ka Diane 15:22, ke eng fa go le botlhokwa gore re sekaseke dikakantsho tsa bagolwane ba bangwe?

11 Bosheng jaana bagolwane bangwe ba ba ileng ba atlega go thapisa bakaulengwe mo phuthegong, ba ile ba botsolodiwa gore ba kgonne jang. * (Bona ntlha e e kwa tlase.) Le fa bagolwane bano ba tswa kwa dinageng tse di farologaneng, botlhe ba ile ba ntsha dikakantsho tse di tshwanang. Seno se bontsha eng? Gore thapiso e e theilweng mo Baebeleng e kgona go dirisiwa “gongwe le gongwe mo phuthegong nngwe le nngwe.” (1 Bakorintha 4:17) Ka jalo, mo setlhogong seno le se se latelang, re tla sekaseka dikakantsho tsa bagolwane bano. (Diane 15:22) Re tla bitsa bagolwane ba ba thapisang re re ke barutisi mme bakaulengwe ba ba thapisiwang re tla re ke baithuti.

12. Morutisi o tshwanetse go dira eng mme ka ntlha yang?

12 Sa ntlha, morutisi o tshwanetse go baakanya pelo ya moithuti. Ke eng fa go dira jalo go le botlhokwa? Fela jaaka molemi a tshwanetse go tlhomamisa gore mmu o siametse gore go lengwe mo go one, morutisi le ene o tshwanetse go baakanya pelo ya moithuti pele a ka mo ruta. Ka jalo, morutisi a ka dira eng go baakanya pelo ya moithuti pele a mo thapisa? A ka latela sekao sa morutisi yo o setswerere wa bogologolo e bong moporofeti Samuele.

13-15. (a) Jehofa o ne a bolelela Samuele gore a dire eng? (b) Samuele o ne a baakanyetsa jang Saulo kabelo e ntšha? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.) (c) Ke ka ntlha yang fa pego ya Baebele e e ka ga Samuele e le botlhokwa thata jaana mo bagolwaneng?

13 Letsatsi lengwe, dingwaga di feta 3 000 tse di fetileng, Jehofa o ne a bolelela moporofeti yo o neng a tsofetse e bong Samuele a re: “Ka moso mo e ka nnang ka nako eno ke tla romela kwa go wena monna yo o tswang kwa lefatsheng la Benjamine, mme o mo tlotse gore a nne moeteledipele wa batho ba me Iseraele.” (1 Samuele 9:15, 16) Samuele o ne a itse gore a ka se tlhole a etelela pele setšhaba sa Iseraele le gore Jehofa o ne a batla gore a tlotse mongwe mo boemong jwa gagwe. Ka jalo, Samuele o ne a loga leano lengwe gore a baakanyetse monna yono kabelo e ntšha.

14 Mo letsatsing le le latelang, Samuele o ne a kopana le Saulo mme Jehofa a raya Samuele a re: “Ke yo monna yo.” Gone fela foo, Samuele a dira fela jaaka a ne a sweditse mo pelong. O ne a rulaganya dilo ka tsela e e neng ya dira gore a nne le tshono ya go bua le Saulo. O ne a laletsa Saulo le motlhokomedi wa gagwe mme a ba naya manno a a tlotlegang le nama e a neng a ba beetse yone kwa thoko. A raya Saulo a re: ‘Ja, ka gonne ba go beetse yone.’ Fa ba sena go ja, o laletsa Saulo gore ba ye kwa ntlong ya gagwe. Fa ba le mo tseleng, banna bano ba babedi ba tlotla monate. Fa ba goroga kwa ntlong, ba ya kwa borulelong mme Samuele “a tswelela a bua le Saulo kwa godimo ga ntlo” go fitlha ba robala. Mo letsatsi le le latelang, Samuele o ne a tlotsa Saulo, a mo atla mme a mo naya ditaelo tse di oketsegileng. Go tswa foo, Saulo o ne a tsamaya, a bontsha gore o siametse sepe fela se se larileng kwa pele.—1 Samuele 9:17-27; 10:1.

15 Samuele o ne a tlotsa Saulo go nna moeteledipele wa setšhaba sa Iseraele. Gone ke boammaaruri gore seno ga se tshwane le go thapisetsa mokaulengwe gore a tshwanelegele go nna mogolwane kgotsa motlhanka wa bodiredi mo phuthegong. Mme gone, bagolwane ba ka ithuta dithuto tsa botlhokwa fa ba ela tlhoko kafa Samuele a neng a baakanya pelo ya ga Saulo ka gone. Mma re sekasekeng di le pedi tsa tsone.

BAGOLWANE BA BA THAPISANG KA GO RATA E BILE E LE DITSALA TSE DI MOLEMO

16. (a) Samuele o ne a ikutlwa jang fa Baiseraele ba ne ba kopa go busiwa ke kgosi? (b) Samuele o ne a dira eng fa Jehofa a ne a mo laela gore a tlotse Saulo?

16 Bontsha gore o batla go thusa mme o se ka wa okaoka. Lekgetlo la ntlha fa Samuele a ne a utlwa gore Baiseraele ba batla kgosi, o ne a kgobega marapo le go ikutlwa a sa ratiwe. (1 Samuele 8:4-8) Jehofa o ne a tshwanelwa ke go mo gakolola makgetlo a le mararo gore a reetse batho ka gonne a ne a sa batle go ba naya kgosi. (1 Samuele 8:7, 9, 22) Le fa Samuele a ne a ikutlwa jalo, ga a ka a fufegela kgotsa go galefela monna yo o neng a tlile go mo tlhatlhama. Fa Jehofa a ne a mo laela gore a tlotse Saulo, ga a ka a okaoka kgotsa a goga dinao go na le moo o ne a ikoba ka gonne a rata Jehofa.

Barutisi, ipheng nako ya go tsalana le batho ba lo ba rutang

17. Bagolwane ba etsa jang sekao sa ga Samuele mme ba ikutlwa jang fa ba dira jalo?

17 Gompieno go na le bagolwane ba le bantsi ba ba nang le maitemogelo ba ba ileng ba etsa Samuele mme ba thapisa bakaulengwe ba bangwe ka go rata. (1 Petere 5:2) Bagolwane bano ba iketleeleditse go ruta bakaulengwe ba bangwe e bile ga ba etsaetsege go abelana ka ditshiamelo mo phuthegong. Ba tsaya bakaulengwe bano ba le botlhokwa e bile e le “badirimmogo” le bone ba ba tla thusang phuthego mo nakong e e tlang. (2 Bakorintha 1:24; Bahebera 13:16) Gape bagolwane bano ba ba seng bogagapa ka ditshiamelo, ba itumelela go bona baithuti ba dirisa bokgoni jwa bone go thusa batho ba ga Jehofa.—Ditiro 20:35.

18, 19. Mogolwane a ka baakanya jang pelo ya moithuti pele a mo thapisa mme ke ka ntlha yang fa seo se le botlhokwa?

18 Nna tsala e seng morutisi fela. E rile Samuele a kopana le Saulo, ga a ka a itlhaganelela go tlotsa Saulo ka bonako fela gore a nne kgosi. Boammaaruri ke gore le fa a tla bo a mo tloditse go nna kgosi, Saulo o ne a tla bo a sa siamela go etelela pele batho ba Modimo. Ke ka moo Samuele a neng a ipha nako ya go baakanya pelo ya ga Saulo pele a ka mo naya kabelo ya gagwe e ntšha. Ba ne ba ja mmogo, ba tseisana tsela, ba tlotla lobaka lo loleele le go ikhutsa mmogo. Samuele o ne a emela nako e e siameng gore a tlotse kgosi e ntšha.

O tshwanetse go tsalana le bakaulengwe ba bangwe pele o ba thapisa (Bona serapa 18, 19)

19 Le gompieno go ntse fela jalo. Mogolwane o tshwanetse go ipha nako ya go tsalana le moithuti pele a ka mo thapisa. Mogolwane o tshwanetse go dira gore moithuti a ikutlwe a ritibetse mme seo se tla ikaega ka maemo le setso sa bone. Mme gone, go sa kgathalesege gore lo nna kae, fa lo ipha nako ya go nna le baithuti, ba tla lemoga gore lo ba tsaya ba le botlhokwa thata. (Bala Baroma 12:10.) Eleruri baithuti ba tla anaanela fela thata fa ba bona gore lo a ba rata le gore lo a ba kgatlhegela.

20, 21. (a) O ka tlhalosa jang morutisi yo o molemo? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

20 Ke boammaaruri gore morutisi yo o molemo o rata go thapisa ba bangwe. Mme gone, o tshwanetse go rata motho yo a mo thapisang. (Bapisa Johane 5:20.) Ke eng fa seo se le botlhokwa? Ka gonne fa moithuti a lemoga gore ruri o a mo kgathalela, o tla iketleeletsa go ithuta go le gontsi mo go wena. Ka jalo, bagolwane, ipheng nako ya go ruta le go nna ditsala tse di molemo tsa baithuti ba lona.—Diane 17:17; Johane 15:15.

21 Fa mogolwane a setse a baakantse pelo ya moithuti, a ka nna a simolola go mo thapisa. A ka dira seo jang? Re tla tlotla ka seo mo setlhogong se se latelang.

^ ser. 3 Dintlha tse di mo setlhogong seno le se se latelang, di lebisitswe thata mo bagolwaneng. Mme gone, di re ama rotlhe. Ka ntlha yang? Ka gonne di tla thusa bakaulengwe botlhe go lemoga botlhoka jwa go thapisiwa gore ba tle ba kgone go thusa mo phuthegong. Fa go na le bakaulengwe ba ba oketsegileng ba ba thapisitsweng, phuthego yotlhe e tla solegelwa molemo.

^ ser. 11 Bagolwane bano ba tswa kwa Australia, Bangladesh, Belgium, Brazil, Fora, French Guiana, Japane, Korea, Mexico, Namibia, Nigeria, Réunion, Russia, Afrika Borwa le kwa United States.