Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Etsa Tumelo ya ga Moshe

Etsa Tumelo ya ga Moshe

“Ka tumelo Moshe, e rile a setse a godile, a gana go bidiwa morwa morwadia Faro.”—BAHEB. 11:24.

1, 2. (a) Fa Moshe a ne a na le dingwaga di le 40, o ne a dira tshwetso efe? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.) (b) Ke ka ntlha yang fa Moshe a ne a tlhopha go bogisiwa le batho ba Modimo?

MOSHE o ne a itse gore o ne a ka nna le isagwe e e ntseng jang kwa Egepeto. O ne a bona matlo a magolo a bahumi. O ne a le mo lelapeng la segosi. Go ka direga gore “o ne a rutiwa ka botlhale jotlhe jwa Baegepeto,” go akaretsa botaki, thutodinaledi, mathemetiki le dithuto tse dingwe tsa saense. (Dit. 7:22) O ne a ka nna le dikhumo, taolo le tshiamelo e Baegepeto ba bangwe ba ba se nang maemo ba neng ba ka se nne le yone.

2 Le fa go ntse jalo, fa Moshe a na le dingwaga di le 40, o ne a dira tshwetso e e tshwanetseng ya bo e ile ya gakgamatsa ba ntlo ya segosi ya kwa Egepeto, ba ba neng ba mo godisitse. O ne a tlhopha sengwe se se gakgamatsang go gaisa go tshela botshelo jo bo tlwaelegileng jwa Baegepeto ba ba se nang maemo—a tlhopha go bogisiwa le makgoba. Ka ntlha yang? Ka gonne Moshe o ne a na le tumelo. (Bala Bahebera 11:24-26.) Ka tumelo Moshe o ne a sa bone dilo ka tsela ya senama fela. E re ka Moshe e ne e le motho wa semoya, o ne a na le tumelo mo go “Ene yo o sa bonaleng,” e bong Jehofa, le mo go diragadiweng ga ditsholofetso tsa Modimo.—Baheb. 11:27.

3. Ke dipotso dife tse tharo tse di tla arabiwang mo setlhogong seno?

3 Le rona ga re a tshwanela go leba dilo ka tsela ya senama. Re tshwanetse go nna batho ba “mofuta o o nang le tumelo.” (Baheb. 10: 38, 39) Go re thusa go nonotsha tumelo ya rona, mma re sekasekeng se se kwadilweng ka ga Moshe mo go Bahebera 11:24-26. Fa re ntse re dira jalo, batla dikarabo tsa dipotso tseno: Tumelo e ile ya thusa Moshe jang gore a gane dikeletso tsa nama? Fa a ne a sotliwa, tumelo e ile ya mo thusa jang gore a anaanele tirelo ya gagwe? Mme ke ka ntlha yang fa Moshe a ile “a leba ka tlhomamo kwa go neweng maduo”?

O NE A GANA DIKELETSO TSA NAMA

4. Ke eng se Moshe a ileng a se lemoga ka “monate wa boleo”?

4 Ka matlho a tumelo, Moshe o ne a lemoga gore “monate wa boleo” ke wa nakwana. Batho bangwe ba ka nna ba bolela gore le fa go ne go na le kobamelo ya medingwana le tirisabadimo e ntsi kwa Egepeto, e ile ya nna mmuso wa lefatshe, mme batho ba ga Jehofa bone ba ne ba nna makgoba! Le fa go ntse jalo, Moshe o ne a itse gore Modimo o tla fetola dilo. Le fa batho ba ba kgotsofatsang dikeletso tsa bone ba ne ba bonala ba atlega, Moshe o ne a dumela gore batho ba ba boikepo ba tla fedisiwa. Ka ntlha ya seo, ga a ka a raelwa ke ‘monate wa boleo wa nakwana.’

5. Ke eng se se tla re thusang go tila ‘monate wa boleo wa nakwana’?

5 O ka tila jang ‘monate wa boleo wa nakwana’? Le ka motlha o se ka wa lebala gore monate wa boleo ke wa nakwana. Ka matlho a tumelo, ela tlhoko gore “lefatshe le a feta le keletso ya lone.” (1 Joh. 2:15-17) Akanya ka se se tla diragalelang baleofi ba ba sa ikwatlhaeng. Ba mo ‘lefelong le le boreledi mme ba fitlha kwa bokhutlong jo bo boitshegang!’ (Pes. 73:18, 19) Fa o raelesega go dira boleo, ipotse jaana: ‘Ke batla go nna le isagwe e e ntseng jang?’

6. (a) Ke ka ntlha yang fa Moshe a ne a “gana go bidiwa morwa morwadia Faro”? (b) Ke eng fa o akanya gore Moshe o dirile tshwetso e e siameng?

6 Tumelo ya ga Moshe e ne ya tlhotlheletsa mofuta wa tiro e a neng a e tlhopha. “Ka tumelo Moshe, e rile a setse a godile, a gana go bidiwa morwa morwadia Faro.” (Baheb. 11:24) Moshe ga a ka a ipolelela gore o tla direla Modimo a le mo ntlong ya segosi mme a bo a dirisa khumo le tshiamelo ya gagwe go thusa Baiseraele ka ene. Go na le moo, Moshe o ne a ikemiseditse go rata Jehofa ka pelo ya gagwe yotlhe, maatla le moya wa gagwe otlhe. (Dute. 6:5) Tshwetso ya ga Moshe e ne ya mo thusa thata. Go ise go ye kae, bontsi jwa dikhumo tsa Egepeto di ne tsa gapiwa—ke Baiseraele! (Ekes. 12:35, 36) Faro o ne a tlontlololwa a bo a bolawa. (Pes. 136:15) Mme Moshe ene o ne a bolokega mme Modimo a mo dirisa gore a etelele setšhaba sotlhe pele ka pabalesego. Botshelo jwa gagwe bo ne bo na le bokao jwa mmatota.

7. (a) Go ya ka Mathaio 6:19-21, ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go tshwenyega fela ka dilo tse re di bonang gone jaanong? (b) Anela maitemogelo mangwe a a bontshang pharologanyo fa gare ga dilo tse di bonalang le dikhumo tsa semoya.

7 Fa e le gore o motlhanka wa ga Jehofa yo o sa ntseng a le mosha, tumelo e ka go thusa jang go tlhopha tiro? O tla bo o le botlhale fa o rulaganyetsa isagwe ya gago. A go dumela mo ditsholofetsong tsa Modimo go tla go tlhotlheletsa gore o itirele isagwe ya nakwana kgotsa e e tla nnelang ruri? (Bala Mathaio 6:19-21.) Sophie yo e neng e le setswerere sa motantsho wa ballet o ne a tshwanelwa ke go ipotsa potso eo. O ne a solofediwa go newa basari mme dikhampani tsa ballet go ralala United States le tsone di ne tsa mo solofetsa maemo a a kwa godimo. A re: “Go ne go itumedisa tota go ratiwa thata jalo. Tota e bile, ke ne ke ikutlwa ke tlotlometse go feta balekane ba me. Mme ke ne ke sa itumela.” Sophie o ne a lebelela bidio ya Young People Ask—What Will I Do With My Life? A re: “Ke ne ka lemoga gore go na le gore ke direle Jehofa ka botlalo, lefatshe le ne le dirile gore ke atlege le go ratiwa ke balatedi ba me. Ke ne ka rapela Jehofa go tswa pelong. Morago ga foo, ka tlogela tiro ya me ya go tantsha.” O ikutlwa jang ka tshwetso e a e dirileng? “Ga ke tlhologelelwe botshelo jwa me jwa pele. Gompieno ke itumetse tota. Nna le monna wa me re babulatsela. Ga re a tuma e bile ga re na dithoto tse dintsi. Mme re na le Jehofa, batho ba re ithutang Baebele le bone le mekgele ya semoya. Ga ke ikwatlhaele sepe sa dilo tseno.”

8. Ke kgakololo efe ya Baebele e e ka thusang mosha go dira tshwetso ya gore o tla dira eng ka botshelo jwa gagwe?

 8 Jehofa o itse se se go siametseng. Moshe o ne a re: “Ke eng se Jehofa Modimo wa gago a se kopang mo go wena fa e se go boifa Jehofa Modimo wa gago, gore o tsamaye mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe le go mo rata le go direla Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago; go boloka ditaelo tsa ga Jehofa le melao ya gagwe e ke e go laolelang gompieno, gore o solegelwe molemo?” (Dute. 10:12, 13) Fa o sa ntse o le mosha, tlhopha tiro e e tla go letlang gore o rate Jehofa le go mo direla ka “pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago.” O ka tlhomamisega gore go dira jalo go tla dira gore “o solegelwe molemo.”

O NE A ANAANELA TIRELO YA GAGWE

9. Tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa go ka tswa go ne go le thata gore Moshe a diragatse kabelo ya gagwe.

9 Moshe “o ne a tsaya fa go kgojwa ka ntlha ya ga Keresete e le dikhumo tse dikgolo go feta matlotlo a Egepeto.” (Baheb. 11:26) Moshe o ne a newa kabelo ya go nna “Keresete,” kgotsa “Motlodiwa,” ka gonne Jehofa o ne a mo tlhopha gore a etelele Baiseraele pele go tswa kwa Egepeto. Moshe o ne a itse gore go dira kabelo eno go tla nna thata e bile go tla raya go “kgojwa.” Mo nakong e e fetileng Moiseraele mongwe o ne a mo sotla jaana: “Ke mang yo o go tlhomileng go nna kgosana le moatlhodi mo go rona.” (Ekes. 2:13, 14) Moragonyana Moshe ka boene o ne a botsa Jehofa a re: “Faro o tla ntheetsa jang?” (Ekes. 6:12) E le go ipaakanyetsa le go itshokela tshotlo e a neng a tla lebana le yone, Moshe o ne a bolelela Jehofa dilo tse di mmoifisang le tse a tshwenyegileng ka tsone. Jehofa o ne a thusa Moshe jang go diragatsa kabelo ya gagwe e e boima?

10. Jehofa o ne a thusa Moshe jang gore a siamele kabelo ya gagwe?

10 Sa ntlha, Jehofa o ne a tlhomamisetsa Moshe jaana: “Ke tla nna le wena.” (Ekes. 3:12) Sa bobedi, Jehofa o ne a dira gore a nne pelokgale ka go mo tlhalosetsa bokao bongwe jwa leina la gagwe jaana: “Ke Tla Nna se ke Tla Nnang Sone.” * (Ekes. 3:14) Sa boraro, o ne a naya Moshe maatla a go dira dikgakgamatso tse di neng di bontsha gore tota o romilwe ke Modimo. (Ekes. 4:2-5) Sa bonè, Jehofa o ne a naya Moshe modirimmogo le mmueledi e bong Arone, gore a mo thuse go diragatsa kabelo ya gagwe. (Ekes. 4:14-16) Fa Moshe a ne a le gaufi le go swa, o ne a tlhomamisegile gore Modimo o dira gore batlhanka ba gagwe ba siamele kabelo nngwe le nngwe e a ba e nayang, mo e leng gore o ne a kgona go bolelela Joshua, motlhatlhami wa gagwe jaana a tlhatswegile pelo: “Jehofa ke ene a gwantang fa pele ga gago. Ene ka boene o tla nna le wena. Ga a kitla a go latlha le fa e le go go tlogela gotlhelele. O se ka wa boifa kgotsa wa tshoga.”—Dute. 31:8.

11. Ke ka ntlha yang fa Moshe a ne a tsaya kabelo ya gagwe e le botlhokwa?

11 E re ka Moshe a ne a engwa nokeng ke Jehofa, o ne a tsaya kabelo eno ya gagwe e le botlhokwa le fa e ne e lebega e le thata, o ne a e tsaya e le ‘kgolo go feta matlotlo a Egepeto.’ Tota e bile, go direla Faro e ne e se sepe fa go bapisiwa le go direla Modimo Mothatayotlhe. Go nna kgosana ya Egepeto go ne go le botlhokwa go le kana kang fa go bapisiwa le go nna “Keresete,” kgotsa motlodiwa wa ga Jehofa? Moshe o ne a duelwa ka ntlha ya kanaanelo ya gagwe. O ne a na le kamano e e kgethegileng le Jehofa, yo o neng a dira gore a nne le ‘nonofo e kgolo’ fa a ntse a eteletse Baiseraele pele go ya kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng.—Dute. 34:10-12.

12. Ke ditshiamelo dife tse di tswang kwa go Jehofa tse re tshwanetseng go di tsaya di le botlhokwa?

12 Le rona re na le kabelo e re e neilweng. Jehofa o ne a dirisa Morwawe, go re naya bodiredi, fela jaaka a ne a bo naya moaposetoloi Paulo le ba bangwe. (Bala 1 Timotheo 1:12-14.) Rotlhe re na le tshiamelo ya go rera dikgang tse di molemo. (Math. 24:14; 28:19, 20) Ba bangwe ke  badiredi ba nako e e tletseng. Bakaulengwe ba ba kolobeditsweng ba ba godileng semoyeng ba direla ba bangwe mo phuthegong e le batlhanka ba bodiredi le bagolwane. Le fa go ntse jalo, ba malapa ba e seng Basupi le ba bangwe ba ka nna ba bo ba sa dumele gore ditshiamelo tseno di botlhokwa, tota le e leng go go sotla ka ntlha ya go intsha setlhabelo. (Math. 10:34-37) Fa ba ka go kgoba marapo, o ka nna wa simolola go ipotsa gore a tota go intsha setlhabelo ga gago go mosola kgotsa a tota o ka diragatsa kabelo ya gago. Fa seo se go diragalela, tumelo e tla go thusa jang gore o itshoke?

13. Jehofa o re thusa jang gore re diragatse dikabelo tsa rona tse a re neileng tsone?

13 Kopa Jehofa gore a go eme nokeng, mme o dire jalo o na le tumelo. Mmolelele dilo tse di go boifisang le tse o tshwenyegileng ka tsone. Tota e bile, Jehofa ke ene a go neileng kabelo eno mme o tla go thusa gore o atlege. Jang? Fela jaaka a ne a thusa Moshe. Sa ntlha, Jehofa o go tlhomamisetsa jaana: “Ke tla go thatafatsa. Ke tla go thusa tota. Ruri ke tla go ngangatlela ka thata ka seatla sa me sa moja sa tshiamo.” (Isa. 41:10) Sa bobedi, o go gakolola gore o ka ikanya ditsholofetso tsa gagwe, a re: “Ke bo buile; mme ke tla bo tlisa. Ke bo bopile e bile ke tla bo diragatsa.” (Isa. 46:11) Sa boraro, Jehofa o go naya “maatla a a fetang a a tlwaelegileng” gore o diragatse bodiredi jwa gago. (2 Bakor. 4:7) Sa bonè, e le go go thusa gore o itshoke mo kabelong ya gago, Rraarona yo o lorato o go naya bakaulengwe ba lefatshe lotlhe ba e leng baobamedi ba boammaaruri ‘ba ba nnang ba gomotsana le go agana.’ (1 Bathes. 5:11) Fa Jehofa a ntse a go thusa go diragatsa dikabelo tsa gago, tumelo ya gago mo go ene e tla gola mme o tla bona gore ditshiamelo tse o di boneng mo tirelong ya gagwe, di feta matlotlo ape fela a lefatshe.   

“O NE A LEBA KA TLHOMAMO KWA GO NEWENG MADUO”

14. Ke eng fa Moshe a ne a tlhomamisegile gore o tla duelwa?

14 Moshe “o ne a leba ka tlhomamo kwa go neweng maduo.” (Baheb. 11:26) Moshe o ne a letla kitso e a neng a na le yone ka isagwe gore e nne yone e laolang tsela e a lebang dilo ka yone, le fa gone a ne a se na kitso e kalo. Fela jaaka rraagwemogologolwane e bong Aborahame, Moshe o ne a tlhatswegile pelo gore Jehofa a ka kgona go tsosa baswi. (Luke 20:37, 38; Baheb. 11:17-19) Fa Moshe a akanya ka tsholofelo ya masego a mo isagweng, seo se ne sa mo thusa gore a se ka a leba dingwaga di le 40 tsa fa e ne e le motshabi le dingwaga di le 40 tsa fa a ne a le kwa nageng e le tshenyo ya nako fela. Le fa a ne a sa itse ka botlalo gore  Modimo o tla diragatsa jang ditsholofetso tsa gagwe, o ne a kgona go bona maduo a a sa bonaleng e re ka a ne a sa lebe dilo ka matlho a nama.

15, 16. (a) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo maduong a rona? (b) Ke masego afe a o lebileng pele go a itumelela mo pusong ya Bogosi?

15 A o “leba ka tlhomamo kwa go neweng maduo” a gago? Fela jaaka Moshe, le rona ga re na kitso e e feletseng malebana le go diragadiwa ga ditsholofetso tsa Modimo. Ka sekai, ga re “itse gore nako e e tlhomilweng [ya pitlagano e kgolo] e leng.” (Mar. 13:32, 33) Le fa go ntse jalo, re itse go le gontsi ka Paradaise e e tlang go feta Moshe. Tota le fa re se na dintlha tsotlhe, re na le ditsholofetso tse di lekaneng tsa Modimo tse di malebana le Bogosi jwa gagwe gore re lebe “ka tlhomamo” kwa go jone. Go akanya ka lefatshe le lesha go tla re tlhotlheletsa gore re dire gore Bogosi joo bo tle kwa pele. Jang? Akanya ka seno: A o ne o tla reka ntlo fa o ne o sa itse go le gontsi ka yone? Le e seng! Ka tsela e e tshwanang re ne re ka se dirise matshelo a rona go batla tsholofelo e e seng ya mmatota. Re tshwanetse go bona ka leitlho la mogopolo, botshelo mo pusong ya Bogosi, e re ka re na le tumelo.

Ruri go tla bo go itumedisa go bua le batlhanka ba ba ikanyegang ba ba jaaka Moshe! (Bona serapa 16)

16 E le gore o kgone go bona Bogosi jwa Modimo sentle ka leitlho la mogopolo, o tshwanetse go leba “ka tlhomamo” botshelo jwa gago kwa Paradaiseng. Ka sekai, fa o ithuta ka matshelo a batho ba go builweng ka bone mo Baebeleng ba ba tshedileng pele ga motlha wa Bokeresete, akanya ka dipotso tse o ka ba botsang tsone fa ba tsosiwa mo baswing. Akanya gore ba ka go botsa dipotso dife malebana le botshelo jwa gago mo metlheng ya bofelo. Akanya kafa o tla bong o itumetse ka gone fa o kopana le bagologolwane ba gago ba ba tshedileng makgolokgolo a a fetileng a dingwaga mme o ba ruta ka sotlhe se Modimo a ba diretseng sone. Akanya kafa o tla itumelang ka gone fa o ithuta ka diphologolo tse di tlhaga o di lebile di tshela mo maemong a a nang le kagiso. Akanya kafa o tla ikutlwang o atamalane le Jehofa ka gone fa o ntse o itekanela.

17. Go akanya ka maduo a a sa bonweng go ka re thusa jang gompieno?

17 Go akanya ka maduo a a sa bonaleng go tla re thusa gore re itshoke, re ipele, re bo re dire ditshwetso, re itse gore re tla tshelela ruri. Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba ba tloditsweng jaana: “Fa e le gore re solofela se re sa se boneng, re nna re se letela ka boitshoko.” (Bar. 8:25) Seno se dira le mo Bakereseteng botlhe ba ba nang le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng. Le fa re ise re newe tuelo eo, tumelo ya rona e nonofile thata jaana mo re kgonang go leta ka boitshoko gore re ‘newe maduo.’ Fela jaaka Moshe ga re lebe dingwaga tse re di feditseng re direla Jehofa e le tshenyo ya nako. Go na le moo, re tlhatswegile pelo gore “dilo tse di bonwang ke tsa nakwana, mme dilo tse di sa bonweng ke tse di sa khutleng.”—Bala 2 Bakorintha 4:16-18.

18, 19. (a) Ke eng fa re tshwanetse go lwela go tswelela re na le tumelo? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?

18 Tumelo e re thusa go bona ka “tlhomamisego dilo tse di solofetsweng, pontsho e e bonalang sentle ya dilo tsa mmatota le fa di sa bonwe.” (Baheb. 11:1) Motho yo o bonang dilo ka tsela ya senama ga a bone botlhokwa jwa go direla Jehofa. Mo mothong yoo, matlotlo a semoya “ke boeleele.” (1 Bakor. 2:14) Le fa go ntse jalo, re solofetse go rua botshelo jo bo sa khutleng le go bona tsogo ya baswi, e leng dilo tse di sa bonweng ke lefatshe. Fela jaaka borafilosofi ba mo motlheng wa ga Paulo ba ne ba mmitsa “mmalabadi” yo o sa itseng se a se buang, gompieno batho ba le bantsi ba akanya gore tsholofelo e re rerang ka yone ke diphirimisi fela.—Dit. 17:18.

19 E re ka re tshela mo lefatsheng la batho ba ba se nang tumelo, re tshwanetse go lwela go tswelela re na le tumelo. Rapela Jehofa gore “o se ka wa felelwa ke tumelo.” (Luke 22:32) O se ka wa itlhokomolosa ditlamorago tsa boleo, botlhokwa jwa go direla Jehofa le tsholofelo ya gago ya botshelo jo bo sa khutleng. Tumelo ya ga Moshe e ne ya mo thusa gore a se ka a bona dilo tseno fela. Mo setlhogong se se latelang re tla sekaseka kafa tumelo ya ga Moshe e mo thusitseng ka gone go bona “Ene yo o sa bonaleng.”—Baheb. 11:27.

^ ser. 10 Mokanoki mongwe wa Baebele o ne a bua jaana malebana le mafoko a Modimo, a a mo go Ekesodo 3:14: “Ga go na sepe se se mo thibelang go diragatsa se a se ratang . . . Leina leno [Jehofa] e ne e tshwanetse go nna kago ya phemelo ya Baiseraele, le motswedi wa ditsholofelo le dikgomotso tsa bone.”