Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Dumela mo Lefatsheng la Paradaise

O ka Dumela mo Lefatsheng la Paradaise

O ka Dumela mo Lefatsheng la Paradaise

MO HISITORING yotlhe, batho ba le bantsi ba ntse ba dumela gore kgabagare ba tla tswa mo lefatsheng ba ye legodimong. Bangwe ba bone ba dumela gore Mmopi wa rona o ne a sa ikaelela gore re nnele ruri mo lefatsheng. Baitlami bone ba feteletsa dilo. Bontsi jwa bone ba re lefatshe le dilo tse di bonwang ka matlho ga di a siama—di thibela motho go nna le kgotsofalo ya mmatota ya semoya le go atamalana le Modimo.

Ba ba neng ba dumela dikgopolo tse di fa godimo ba ne ba sa itse se Modimo a se buileng ka lefatshe la paradaise kgotsa ba ne ba se itlhokomolosa ka boomo. Tota e bile, gompieno batho ba bantsi ga ba kgatlhegele go tlhatlhoba se Modimo a neng a tlhotlheletsa batho go se kwala ka kgang eno, mo Lefokong la gagwe, Baebele. (2 Timotheo 3:16, 17) A mme go tla bo go se botlhale go ikanya Lefoko la Modimo go na le go dumela dikgopolo tsa batho? (Baroma 3:4) Tota go botlhokwa thata gore re dire jalo, ka gonne Baebele e re tlhagisa gore sebopiwa se se bosula se se maatla se se sa bonaleng se foufaditse batho semoyeng mme jaanong se ‘tsietsa lefatshe lotlhe le le nang le banni.’—Tshenolo 12:9; 2 Bakorintha 4:4.

Ke ka Ntlha Yang fa go Dumelwa Dilo Tse di Farologaneng?

Dikgopolo tse di sa tsamaisaneng tse di malebana le moya di dirile gore batho ba se ka ba tlhaloganya maikaelelo a Modimo ka lefatshe. Batho ba bantsi ba dumela gore re na le moya o o sa sweng—o e seng karolo ya mmele wa motho mme o a tswa fa motho a swa. Ba bangwe ba dumela gore moya wa motho o nnile teng pele ga go bopiwa mmele wa motho. Go ya ka buka nngwe mofilosofi wa Mogerika, Plato, o ne a akanya gore moya “o tswaletswe mo mmeleng e le kotlhao ya dibe tse o di dirileng fa o ne o le kwa legodimong.” Ka tsela e e tshwanang, moruti wa lekgolo la boraro la dingwaga, Origen, o ne a re “meya e leofile [kwa legodimong] pele ga e kopanngwa le mmele” mme e ne ya “golegwa [mo mmeleng oo mo lefatsheng] e le kotlhao ya dibe tsa yone.” E bile batho ba bantsi ba dumela gore lefatshe ke lefelo fela le go lekelwang batho mo go lone fa ba le mo tseleng ya go ya legodimong.

Gape go na le dikgopolo tse di farologaneng ka kgang ya gore go diragalang ka moya fa motho a swa. Go ya ka buka ya History of Western Philosophy, Baegepeto ba ne ba na le kgopolo ya gore “meya ya baswi e fologela mo lefelong la baswi.” Moragonyana bafilosofi ba ne ba ganetsa kgang ya gore meya ya baswi e fologela mo lefelong le le lefifi la baswi, mme ba re e tlhatlogela kwa lefelong le le kwa godimo la moya. Ga twe mofilosofi wa Mogerika Socrates o ne a dumela gore fa motho a swa moya o “a tswa o ya kwa lefelong le le sa bonaleng . . . mme o nna botshelo jwa one jotlhe le medimo.”

Baebele ya Reng?

Ga go na gope mo Lefokong la Modimo le le tlhotlheleditsweng, Baebele, le reng batho ba na le moya o o sa sweng. Ipalele Genesise 2:7. Ya re: “Jehofa Modimo a bopa motho ka lorole lo lo tswang mo mmung a ba a budulela moya wa botshelo mo teng ga maroba a dinko tsa gagwe, mme motho a nna moya o o tshelang.” Seo se utlwala sentle fela. Fa Modimo a ne a bopa monna wa ntlha, Adame, ga A ka a tsenya sengwe sa semoya mo go ene. Nnyaa, ka gonne Baebele ya re “motho a nna moya o o tshelang.” Go ne go sa tsenngwa moya mo teng ga gagwe. Ene ka boene e ne e le moya.

Fa Jehofa a ne a bopa lefatshe le batho, o ne a sa ikaelela gore motho a swe. Maikaelelo a Modimo e ne e le gore batho ba tshelele ruri mo Paradaiseng mo lefatsheng. Adame o ne a swa fela ka gonne o ne a se ka a ikobela molao wa Modimo. (Genesise 2:8, 15-17; 3:1-6; Isaia 45:18) A fa motho wa ntlha a swa, o ne a ya kwa lefelong la moya? Nnyaa! Ene—moya Adame—o ne a boela mo loroleng lo lo sa tsheleng lo a neng a bopilwe ka lone.—Genesise 3:17-19.

Rotlhe re ruile boleo le loso mo go rraaronamogologolwane, Adame. (Baroma 5:12) Loso lono ke go sa nne teng, fela jaaka go ne ga nna ka Adame. (Pesalema 146:3, 4) Tota e bile, Baebele mo dibukeng tsotlhe tsa yone tse 66 ga nke e amanya mafoko “bosasweng” kgotsa “bosakhutleng” le lefoko “moya.” Go na le moo, Dikwalo di bua ka phepafalo gore moya—motho—o a swa. Moya o a swa.—Moreri 9:5, 10; Esekiele 18:4.

A Dilo Tse di Bonwang ka Matlho Ga di A Siama?

Go tweng ka kgopolo ya gore dilo tse di bonwang ka matlho, go akaretsa lefatshe, ga di a siama? Batho ba ba neng ba leba dilo jalo ke ba bodumedi jwa Manichaeism, e leng mokgatlho wa bodumedi o o simolotsweng ke motho yo o neng a bidiwa Mani kwa Peresia mo lekgolong la boraro la dingwaga C.E. The New Encyclopædia Britannica ya re: “Bodumedi jwa Manichaeism bo simologile ka ntlha ya tlalelo e batho ba nang le yone.” Mani o ne a dumela gore go nna motho “ga se ga tlholego, go ka se itshokelwe e bile ga go a siama gotlhelele.” Gape o ne a dumela gore tsela e le nngwe fela ya go tswa mo “botlhokong” jono ke fa moya o tlogela mmele, o tswa mo lefatsheng, mme o ya go nna kwa lefelong la moya.

Go farologana le seo, Baebele e re bolelela gore mo Modimong “sengwe le sengwe se a se dirileng” fa a ne a bopa lefatshe le batho se ne se le “molemo tota.” (Genesise 1:31) Ka nako eo, go ne go se na sepe se se kgaogantseng batho le Modimo. Adame le Efa ba ne ba itumelela botsalano jo bo gaufi le Jehofa, fela jaaka Jesu Keresete yo o itekanetseng a ne a itumelela go nna le botsalano jo bo gaufiufi le Rraagwe yo o kwa legodimong.—Mathaio 3:17.

Fa batsadi ba rona ba ntlha, Adame le Efa ba ne ba sa leofa, ba ka bo ba nnile le kamano e e gaufi le Jehofa Modimo ka bosakhutleng mo lefatsheng la paradaise. Ba simolotse botshelo kwa Paradaiseng ka gonne Dikwalo tsa re: “Jehofa Modimo a jala tshingwana mo Edene, go ela kwa botlhaba, mme a baya gone motho yo a mmopileng.” (Genesise 2:8) Efa o ne a bopelwa teng kwa tshingwaneng eo ya paradaise. Fa Adame le Efa ba ka bo ba sa leofa, bone le bana ba bone ba ba itekanetseng ba ka bo ba ne ba bereka mmogo ba itumetse go fitlha lefatshe lotlhe e nna paradaise. (Genesise 2:21; 3:23, 24) Paradaise ya mo lefatsheng e ne e tla nna legae la batho ka bosakhutleng.

Ke ka Ntlha Yang fa Bangwe ba ya Legodimong?

O ka nna wa re, ‘Mme gone, Baebele ya re go na le batho bangwe ba ba yang legodimong, ga ke re?’ Ee. Fa Adame a sena go leofa, maikaelelo a ga Jehofa e ne ya nna go tlhoma Bogosi jwa kwa legodimong jo bana bangwe ba ga Adame ba neng ba tla “busa lefatshe e le dikgosi” mo go jone, mmogo le Jesu Keresete. (Tshenolo 5:10; Baroma 8:17) Ba ne ba tla tsosediwa kwa botshelong jwa bosasweng kwa legodimong. Palo ya bone botlhe ke 144 000, mme ba pele mo go bone e ne e le barutwa ba ba ikanyegang ba ga Jesu ba lekgolo la ntlha la dingwaga.—Luke 12:32; 1 Bakorintha 15:42-44; Tshenolo 14:1-5.

Le fa go ntse jalo, e ne e se maikaelelo a Modimo a kwa tshimologong gore batho ba ba siameng ba tswe mo lefatsheng ba ye kwa legodimong. Tota e bile, fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ne a re: “Ga go na motho ope yo o tlhatlogetseng kwa legodimong fa e se yo o fologileng kwa legodimong, e bong Morwa motho.” (Johane 3:13) Ka “Morwa motho,” e bong Jesu Keresete, Modimo o ne a ntsha thekololo e e dirang gore batho ba ba bontshang tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu ba kgone go bona botshelo jo bo sa khutleng. (Baroma 5:8) Mme batho ba bantsintsi bao ba tla tshela kae ka bosakhutleng?

Maikaelelo a Modimo a Kwa Tshimologong a Tla Diragadiwa

Le fa Modimo a ikaeletse go tsaya batho bangwe gore ba ye go busa mmogo le Jesu Keresete mo Bogosing jwa kwa legodimong, seo ga se reye gore batho botlhe ba ba molemo ba ya legodimong. Jehofa o dirile lefatshe gore e nne legae la batho la Paradaise. Go ise go ye kae, maikaelelo ao a Modimo a kwa tshimologong a tla diragadiwa.—Mathaio 6:9, 10.

Mo pusong ya ga Jesu Keresete le babusi mmogo le ene ba kwa legodimong, go tla nna le kagiso le boitumelo mo lefatsheng. (Pesalema 37:9-11) Ba Modimo a ba gakologelwang ba tla tsosiwa mme ba tla itumelela boitekanelo jo bo feletseng. (Ditiro 24:15) Ka gonne batho ba ba kutlo ba ikanyega mo Modimong, ba tla newa se batsadi ba rona ba pele ba se latlhileng—botshelo jo bo sa khutleng ba itekanetse mo lefatsheng la paradaise.—Tshenolo 21:3, 4.

Jehofa Modimo ga nke a palelwa ke go diragatsa se a ikaeletseng go se dira. O ne a bolela jaana ka moporofeti wa gagwe Isaia: “Fela jaaka pula e e nang e fologa, le kapoko, e tswa kwa magodimong mme e sa boele kwa lefelong leo, mme e kolobetsa lefatshe e dira gore le tlhagise maungo le bo le tlhogise, mme mojadi a newe peo le moji a newe senkgwe, lefoko la me le le tswang mo molomong wa me le tla nna fela jalo. Ga le kitla le boela mo go nna le se na matswela, ruri le tla dira selo se se intumedisang, ruri le tla atlega mo go se ke le rometseng kwa go sone.”—Isaia 55:10, 11.

Mo bukeng ya Baebele ya Isaia, re kgona go bona gore botshelo bo tla nna jang mo lefatsheng la Paradaise. Ga go na monni wa kwa Paradaiseng yo o tla reng, “Ke a bobola.” (Isaia 33:24) Diphologolo di ka se nne kotsi mo bathong. (Isaia 11:6-9) Batho ba tla aga magae a mantle mme ba nne mo go one e bile ba tla jala mme ba je ba kgotsofale. (Isaia 65:21-25) Mo godimo ga moo, Modimo “o tla kometsa loso ka bosaengkae, mme Morena Molaodimogolo Jehofa o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe.”—Isaia 25:8.

Go ise go ye kae, batho ba ba kutlo ba tla tshela mo lefatsheng mo maemong a a molemolemo jalo. Ba ‘tla gololwa mo go nneng batlhanka ba go bola mme ba nne le kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.’ (Baroma 8:21) A bo go tla itumedisa jang ne go tshelela ruri mo lefatsheng le le solofeditsweng la Paradaise! (Luke 23:43) O ka kgona go tshela teng fa o ka tsaya kgato gone jaanong ka kitso ya boammaaruri ya Dikwalo mme wa bontsha tumelo mo go Jehofa Modimo le Jesu Keresete. E bile jaanong o ka tlhomamisega gore go a utlwala go dumela mo lefatsheng la paradaise.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Adame le Efa ba ne ba bopetswe gore ba tshelele ruri mo lefatsheng la paradaise

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Mo lefatsheng la Paradaise . . . 

ba tla aga matlo

ba tla lema masimo a mofine

ba tla segofadiwa ke Jehofa

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]

U.S. Fish & Wildlife Service, Washington, D.C./NASA