Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ka Tumelo, Barake O ne A Fenya Mophato o O Boitshegang wa Masole

Ka Tumelo, Barake O ne A Fenya Mophato o O Boitshegang wa Masole

Ka Tumelo, Barake O ne A Fenya Mophato o O Boitshegang wa Masole

IKAKANYE o lebane le mophato o mogolo wa sesole o o batlang go go tlhasela. Ba na le dibetsa tsa bosheng tsa sesole mme ba ipaakanyetsa go di dirisa. Wena le ditsala tsa gago lo eme fa pele ga bone lo se na sepe se lo ka iphemelang ka sone.

Ka nako ya baatlhodi ba Iseraele, Barake, Debora le Baiseraele ba bangwe ba le 10 000 ba ne ba lebana le one maemo ano. Baba ba bone e ne e le Bakanana ba ba neng ba eteletswe pele ke molaodi wa masole, Sisera. Dibetsa tsa bone e ne e le dikara tsa ntwa tse di nang le maotwana a a nang le disekele tsa tshipi tse di kotsi. Lefelo la tlhabano e ne e le Thaba ya Tabore mo mokgatšheng o o phothoselang wa Kishone. Se se neng sa diragala koo se bontsha gore Barake e ne e le monna yo o nang le tumelo e e tlhomologileng. Akanya ka dilo tse di neng tsa baka ntwa eo.

Iseraele o Kopa Thuso mo go Jehofa

Buka ya Baatlhodi e re bolelela kafa Baiseraele ba neng ba tlogela kobamelo e e itshekileng gangwe le gape ka teng le kafa ditlamorago tsa seo di neng di le botlhoko ka gone. Nako le nako fa seno se direga, Modimo o ne a ba romelela mmoloki gore a ba golole fa ba ikuela kwa go ene gore a ba utlwele botlhoko mme morago ga moo ba bo ba tsuologa gape. Jaaka ba ne ba tlwaetse, “bomorwa Iseraele ba simolola gape ba dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa ka gonne jaanong Ehude [moatlhodi yo o neng a ba golola fa ba ne ba gatelelwa ke Bamoabe] o ne a sule.” Tota e bile, “ba ne ba tlhopha medimo e mesha.” Ditlamorago ya nna eng? “Jehofa a ba rekisetsa mo seatleng sa ga Jabine kgosi ya Kanana, yo o neng a busa kwa Hasore; molaodi wa masole a gagwe ya bo e le Sisera . . . Mme bomorwa Iseraele ba simolola go goela kwa go Jehofa, ka gonne [Sisera] o ne a na le dikara tsa ntwa di le makgolo a le robongwe tse di tlhometsweng disekele tsa tshipi, mme ene ka esi o ne a gatelela bomorwa Iseraele ka go ba tshwara makgwakgwa dingwaga di le masome a mabedi.”—Baatlhodi 4:1-3; 5:8.

Dikwalo di bolela jaana ka botshelo kwa Iseraele: “[Mo malatsing ao] ditselana di ne di se na batsamai, le batsamai ba ditsela ba ne ba tsamaya ka ditselana tse di potologang. Banni ba naga e e bulegileng ba ne ba kgaotsa.” (Baatlhodi 5:6, 7) Batho ba ne ba boifa go tlhaselwa ka dikara tsa ntwa. Mokanoki mongwe a re: “Batho ba kwa Iseraele ba ne ba tshelela mo letshogong mme go ne go se na sepe se setšhaba se neng se ka se dira go iphemela.” Ka gone, jaaka fa Baiseraele gantsi ba ne ba dira fa ba kgobegile marapo, ba ne ba kopa Jehofa gore a ba thuse.

Jehofa o Tlhoma Moeteledipele

Go gatelelwa ke Bakanana go ne ga tsosetsa setšhaba sotlhe sa Baiseraele mathata. Modimo o ne a dirisa moporofeti wa mosadi e bong Debora gore a ba bolelele ka dikatlholo tsa gagwe le ka taelo ya gagwe. Ka jalo, Jehofa o ne a mo naya tshiamelo ya go nna mmè wa tshwantshetso kwa Iseraele.—Baatlhodi 4:4; 5:7.

Debora o ne a roma gore go bidiwe Barake mme a mo raya a re: “A Jehofa Modimo wa Iseraele ga a ntsha taelo? ‘Tsamaya mme o ikale mo Thabeng ya Tabore, mme o tsamaye le banna ba le dikete di le lesome ba ba tswang mo go bomorwa Nafetali le mo go bomorwa Sebulone. Mme ruri ke tla gogela kwa go wena Sisera molaodi wa masole a ga Jabine fa mokgatšheng o o phothoselang wa Kishone le dikara tsa gagwe tsa ntwa le boidiidi jwa gagwe, mme ruri ke tla mo tsenya mo seatleng sa gago.’” (Baatlhodi 4:6, 7) Fa Debora a re ‘a Jehofa ga a ntsha taelo?’ o ne a bontsha gore ga a laole Barake gotlhelele. Modimo o ne a mo dirisa fela go fetisa ditaelo tsa gagwe. Barake o ne a arabela jang?

Barake o ne a re: “Fa e le gore o tla tsamaya le nna, ruri ke tla ya; mme fa e le gore ga o kitla o tsamaya le nna, ga nkitla ke tsamaya.” (Baatlhodi 4:8) Ke eng fa Barake a ne a etsaetsega go amogela boikarabelo jo a neng a bo neilwe ke Modimo? A o ne a bontsha bogatlapa? A o ne a sa tshepe ditsholofetso tsa Modimo? Nnyaa. Barake o ne a sa gane go diragatsa kabelo e a neng a e neilwe, e bile o ne a sa gane go ikobela Jehofa. Go na le moo, tsela e a neng a arabela ka yone e ne e bontsha gore o ne a inyatsa gore a ka se ka a kgona go diragatsa taelo ya Modimo a le nosi. Go nna gone ga moemedi wa Modimo go ne go tla mo tlhomamisetsa gore o kaelwa ke Modimo mme go dire gore ene le banna ba gagwe ba nne pelokgale. Ka jalo, boikutlo jwa ga Barake bo ne bo sa supe bokoa, go na le moo, bo ne bo supa gore o na le tumelo e e nonofileng.

Tsela e Barake a neng a itshwara ka yone e ka bapisiwa le e Moshe, Gidione le Jeremia ba neng ba itshwara ka yone. Banna bano le bone ba ne ba inyatsa gore ba ka se ka ba kgona go diragatsa ditaelo tse ba neng ba di neilwe ke Modimo. Mme ga ba a ka ba tsewa ba sa ikanyege ka ntlha ya go dira jalo. (Ekesodo 3:11–4:17; 33:12-17; Baatlhodi 6:11-22, 36-40; Jeremia 1:4-10) Mme Debora o ne a bontsha boikutlo jo bo ntseng jang? Ga a ka a leka go laola dilo. Go na le moo, o ne a nna e ntse e le motlhanka yo o ikokobeditseng wa ga Jehofa. O ne a raya Barake a re: “Ruri ke tla tsamaya le wena.” (Baatlhodi 4:9) O ne a iketleeditse go tlogela legae la gagwe—lefelo le le babalesegileng thata—gore a tsamaye le Barake go ya ntweng e e neng e tla simolola nako nngwe le nngwe. Debora le ene o ne a supa tumelo le bopelokgale.

Ka Tumelo ba Sala Barake Morago

Lefelo la tlhabano ya masole a Baiseraele e ne e le thaba e e bonalang sentle ya Tabore. Lefelo leo le ne le tlhophilwe sentle. E ne e le lefelo le ditso tse di gaufi tsa Nafetali le Sebulone di neng di tlwaetse go kopanela mo go lone. Ka jalo, jaaka Modimo a ne a laetse, baithaopi ba le dikete di le lesome—le Debora—ba ne ba sala Barake morago ba tlhatloga thaba eno.

Botlhe ba ba neng ba tsamaya le Barake ba ne ba tlhoka go nna le tumelo. E re ka Jehofa a ne a solofeditse Barake gore o tla fenya Bakanana, dibetsa tsa Baiseraele di ne di ntse jang? Baatlhodi 5:8 ya re: “Thebe e ne e sa bonwe, le fa e le lerumo, mo gare ga dikete di le masome a manè mo Iseraele.” Baiseraele ba ne ba sa tlhomelela ka dibetsa di le dintsi. Tota le fa ba ne ba na le dithebe le marumo, ba ne ba se kitla ba kgona go emelana le dikara tsa ntwa tse di nang le disekele tsa tshipi. Fa Sisera a utlwa gore Barake o tlhatlogetse kwa Thabeng ya Tabore, o ne a akofa a phuthela dikara tsa gagwe tsa ntwa kwa “mokgatšheng o o phothoselang wa Kishone.” (Baatlhodi 4:12, 13) Se Sisera a neng a sa se lemoge e ne e le gore o ne a tla bo a tlhabana le Modimo Mothatayotlhe.

Barake o Fenya Masole a ga Sisera

E ne ya re fa ntwa e simolola, Debora o ne a raya Barake a re: “Nanoga, gonne leno ke letsatsi le ka lone Jehofa ruri a tla tsenyang Sisera mo seatleng sa gago. A Jehofa ga se ene a duleng a le kwa pele ga gago?” Barake le banna ba gagwe ba ne ba tshwanetse go fologela mo mokgatšheng ba tswa kwa thabeng ya Tabore mme seo se ne se tla dira gore Sisera a kgone go dirisa dikara tsa gagwe tsa ntwa go fenya mmaba wa gagwe. O ka bo o ile wa ikutlwa jang fa o ka bo o ne o le mongwe wa masole a ga Barake? A o ne o tla diragatsa ditaelo o sa okaoke, o gakologelwa gore kaelo eo e tswa kwa go Jehofa? Barake le banna ba gagwe ba ba dikete di le lesome ba ne ba ikobela ditaelo. “Mme Jehofa a tsenya tlhakatlhakano mo go Sisera le mo dikareng tsotlhe tsa gagwe tsa ntwa le mo bothibelelong jotlhe ka bogale jwa tšhaka fa pele ga ga Barake.”—Baatlhodi 4:14, 15.

Ka thuso ya ga Jehofa, Barake o ne a fenya masole a ga Sisera. Pego eno ya tlhabano ga e tlhalose dilo tsotlhe tse di diragetseng. Le fa go ntse jalo, pina ya ga Barake le Debora ya phenyo ya re ‘magodimo le maru a ne a rotha metsi.’ Ga go pelaelo gore ditsuatsue di ne tsa dira gore dikara tsa ntwa tsa ga Sisera di tshwarwe ke seretse mme seo sa dira gore Barake a fenye. Ka gone, sebetsa se segolo sa Bakanana se ile sa ba swabisa. Pina eo e bolela jaana ka ditopo tsa banna ba ga Sisera: “Molatswana o o phothoselang wa Kishone o ne wa di gogola.”—Baatlhodi 5:4, 21.

A go a utlwala go dumela gore tiragalo eno e diragetse? Mokgatšha o o phothoselang wa Kishone ke molapo o gantsi o se nang metsi a mantsi. Morago ga ditsuatsue kgotsa dipula tse di nang lobaka lo loleele, gantsi melatswana e e ntseng jalo e ne e tlala ka bonako e bo e nna merwalela e e kotsi. Ka Ntwa ya Lefatshe I, go bolelwa gore pula e e neng ya na metsotso e le 15 fela e bo e kolobetsa mmu wa mmopa e ne ya tsenya batlhabani botlhe ba dipitse mo kotsing. Dipego tse di buang ka ntwa ya ga Napoleon le Ba-Turkey ka April 16, 1799 kwa Thabeng ya Tabore di bontsha gore “Ba-Turkey ba le bantsi ba ne ba nwela fa ba ne ba leka go kgabaganya mokgatšha wa Kishone o o rwaleletsweng ke metsi.”

Mokwalahisitori wa Mojuda e bong Flavius Josephus o bolela gore fa masole a ga Sisera le Barake a ne a tloga a kopana, “go ne ga tla sefefo se segolo go tswa kwa legodimong, le ka pula e kgolo le sefako, mme phefo ya phailela pula mo difatlhegong tsa Bakanana, ya fifatsa matlho a bone mme metswi le metsekedi ya bone ya se ka ya ba thusa.”

Baatlhodi 5:20 ya re: “Dinaledi di ne tsa tlhabana di le kwa legodimong, di ne tsa tlhabana le Sisera di le mo medikologong ya tsone.” Dinaledi di ne tsa tlhabana jang le Sisera? Bangwe ba tsaya polelo eno e le e e rayang gore Modimo o ne a ba thusa. Ba bangwe bone ba re ba ne ba thusiwa ke baengele, ba thusiwa ke go wa ga dinaledi, kgotsa gore Sisera o ne a ikaega ka se se neng sa bolelelwa pele ke balepadinaledi se tota se neng se se boammaaruri. E re ka Baebele e sa tlhalose gore dinaledi di ile tsa lwa jang mo ntweng eno, go bonala go lekane go swetsa fela ka gore polelo eno e bontsha gore Modimo o ne a thusa masole a Iseraele ka tsela nngwe. Le fa go ka tswa go diregile eng, Baiseraele ba ne ba sola sebaka seno molemo. “Barake a lelekisa dikara tsa ntwa . . . mo bothibelelo jotlhe jwa ga Sisera bo neng jwa wa ka bogale jwa tšhaka. Ga se ka ga sala le fa e le a le mongwe fela.” (Baatlhodi 4:16) Go ne ga diragala eng ka molaodi wa masole e bong Sisera?

Mogateledi O Wela “mo Seatleng sa Mosadi”

Baebele ya re: “Mme Sisera ene, [a tlogela ntwa] a tshabela ka dinao kwa mogopeng wa ga Jaele mosadi wa ga Hebere wa Mokene, gonne go ne go na le kagiso fa gare ga ga Jabine kgosi ya Hasore le ba ntlo ya ga Hebere wa Mokene.” Jaele o ne a laletsa Sisera yo o neng a lapile gore a tsene mo mogopeng wa gagwe, a mo naya mashi gore a nwe mme a mmipa ka kobo gore a robale. Go tswa foo, Jaele “a tsaya lomapo lwa mogope a bo a tsaya noto ka seatla sa gagwe,” e leng dilo tse motho yo o nnang mo mogopeng a di dirisang ka metlha. “A ya kwa go ene a nanabela mme a kokotela lomapo mo ditlhakoreng tsa tlhogo ya gagwe mme a lo phunyeletsa fa fatshe, a santse a thulametse e bile a lapile. A swa fela jalo.”—Baatlhodi 4:17-21.

Morago ga moo, Jaele a ya go kgatlhantsha Barake a mo raya a re: “Tla mme ke tla go bontsha monna yo o mmatlang.” Pego eo e oketsa jaana: “Ka jalo a tsena mo teng kwa go ene, mme bona! Sisera a bo a ole a sule, lomapo lo tsene mo ditlhakoreng tsa tlhogo ya gagwe.” A bo tiragalo eo e tshwanetse ya bo e ile ya nonotsha tumelo ya ga Barake jang ne! Pelenyana ga moo moporofeti wa mosadi Debora o ne a mo reile a re: “Bontle ga e kitla e nna jwa gago mo tseleng e o e tsamayang, gonne Jehofa o tla rekisetsa Sisera mo seatleng sa mosadi.”—Baatlhodi 4:9, 22.

A go ka twe se Jaele a se dirileng ke boferefere? Jehofa o ne a sa go lebe ka tsela eo. Pina ya phenyo ya ga Barake le Debora ya re: “Mo basading ba ba mo mogopeng, ke ene a tla segofadiwang segolo.” Pina eno e dira gore re nne le boikutlo jo bo siameng malebana le loso lwa ga Sisera. Go tlhalosiwa gore mmaagwe o ne a mo letile ka tlhoafalo gore a boe kwa ntweng. A botsa jaana: “Ke ka ntlha yang fa kara ya gagwe ya ntwa e diegile go tla?” “Ba ba botlhale ba bahumagadi ba gagwe” ba ne ba leka go mo ritibatsa ka go akantsha gore o tshwanetse a bo a kgaoganya thopo ya tlhabano—diaparo tse di kgabisitsweng bontle le basetsana ba ba neng ba tla newa banna. Bahumagadi ba ne ba botsa jaana: “A ga ba a tshwanela go aba thopo, sebopelo—dibopelo tse pedi [masole a ne a raya bagadingwana ba ba thopilweng] di ye kwa monneng mongwe le mongwe yo o nonofileng, Sisera a bone thopo ya matsela a a fetotsweng mmala . . . Seaparo se se kgabisitsweng, letsela le le fetotsweng mmala, diaparo tse pedi tse di kgabisitsweng a di bonele dithamo tsa banna ba thopo?”—Baatlhodi 5:24, 28-30.

Se re se Ithutang

Pego ya ga Barake e re ruta dithuto tse di botlhokwa. Ga go na pelaelo gore ope fela yo o sa tsenyeng Jehofa mo botshelong jwa gagwe o tla nna le mathata. Batho ba ba ikwatlhayang ba bo ba retologela mo Modimong le go dumela mo go ene ba tla gololwa mo mathateng a a farologaneng. A mme le rona ga re a tshwanela go nna le moya o o ntseng jalo wa go nna kutlo? Tota le fa dilo tse Modimo a batlang re di dira di ka bonala di sa tsamaisane le tsela e rona re akanyang ka yone, re ka tlhomamisega gore ditaelo tsa gagwe ka metlha di tla re solegela molemo. (Isaia 48:17, 18) Ke fela ka go nna le tumelo mo go Jehofa le go latela ditaelo tsa Modimo Barake a ileng a kgona go ‘falatsa masole a batswakwa.’—Bahebera 11:32-34.

Mafoko a a konelang a a amang maikutlo a pina ya ga Debora le Barake a re: “A baba botlhe ba gago ba nyelele jalo, Jehofa, a ba ba go ratang ba nne jaaka fa letsatsi le tswa ka thata ya lone.” (Baatlhodi 5:31) A bo seno se tla nna boammaaruri jang ne fa Jehofa a fedisa lefatshe le le boikepo leno la ga Satane!

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Jehofa o ne a dirisa Debora go roma Barake

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Noka ya Kishone e a tlhatsa

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Thaba ya Tabore