Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lo Eme lo Feletse ka Tlhatswegopelo e e Nitameng

Lo Eme lo Feletse ka Tlhatswegopelo e e Nitameng

Lo Eme lo Feletse ka Tlhatswegopelo e e Nitameng

“Ka metlha [o] iteka mo boemong jwa lona mo dithapelong tsa gagwe, gore kwa bofelong lo eme lo feletse le ka tlhatswegopelo e e nitameng mo thatong yotlhe ya Modimo.”—BAKOLOSA 4:12.

1, 2. (a) Batho ba e seng badumedi ba ile ba lemoga eng ka Bakeresete ba pele? (b) Buka ya Bakolosa e bontsha jang go kgatlhegelana ka lorato?

BALATEDI ba ga Jesu ba ne ba kgatlhegela baobamedikabone fela thata. Tertullian (mokwadi wa dibuka wa lekgolo la bobedi le la boraro la dingwaga C.E.) o tlhalosa bopelonomi jo ba neng ba bo bontsha dikhutsana, bahumanegi le bagodi. Ditiro tseo tse di bontshang lorato di ile tsa kgatlha batho ba e seng badumedi thata jaana mo bangwe ba ileng ba bua jaana ka Bakeresete, ‘Bonang kafa ba ratanang ka teng.’

2 Buka ya Bakolosa e bontsha tsela eo ya lorato e Paulo le mopati wa gagwe e bong Epaforase ba neng ba kgatlhegela bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba kwa Kolosa ka yone. Paulo o ile a ba kwalela jaana: Epaforase “ka metlha [o] iteka mo boemong jwa lona mo dithapelong tsa gagwe, gore kwa bofelong lo eme lo feletse le ka tlhatswegopelo e e nitameng mo thatong yotlhe ya Modimo.” Mo ngwageng wa 2001, mafoko ano a Bakolosa 4:12 e tla bo e le temana ya ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa: “Lo eme lo feletse le ka tlhatswegopelo e e nitameng mo thatong yotlhe ya Modimo.”

3. Epaforase o ne a rapelela dilo dife tse pedi?

3 O kgona go bona gore dithapelo tse Epaforase a neng a di rapelela baratiwa ba gagwe di ne di le gabedi: (1) gore ‘kwa bofelong ba eme ba feletse’ le (2) gore ba eme “ka tlhatswegopelo e e nitameng mo thatong yotlhe ya Modimo.” Tshedimosetso eno e ile ya akarediwa mo Dikwalong gore e re solegele molemo. Ka jalo ipotse, ‘Nna ka bonna ke tshwanetse go dira eng gore kwa bofelong ke eme ke feletse le ka go tlhatswega pelo mo go nitameng mo thatong yotlhe ya Modimo? Mme fa ke ntse ke dira jalo, matswela e tla nna eng?’ A re boneng.

Kgaratlhela go ‘Ema o Feletse’

4. Bakolosa ba ne ba tshwanetse go nna ba ba ‘feletseng’ ka tsela efe?

4 Epaforase o ne a eletsa thata gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba semoya ba Kolosa ‘kwa bofelong ba eme ba feletse.’ Lefoko le Paulo a le dirisitseng, le fano le ranotsweng e le “feletse,” le ka kaya go itekanela, go gola sentle ka botlalo. (Mathaio 19:21; Bahebera 5:14; Jakobe 1:4, 25) O ka tswa o itse gore fa motho e le Mosupi yo o kolobeditsweng wa ga Jehofa ga go bolele gore ke Mokeresete yo o godileng ka botlalo. Paulo o ile a kwalela Baefeso, ba ba neng ba nna kwa bophirima jwa Kolosa, gore badisa le barutisi ba leke go thusa “[botlhe go] fitlhelela bongwefela mo tumelong le mo kitsong e e leng yone kaga Morwa Modimo, go ya monneng yo o godileng ka botlalo, go ya selekanyong sa bogolo jo e leng jwa botlalo jwa ga Keresete.” Golo gongwe Paulo o ile a kgothaletsa Bakeresete go nna “ba ba godileng ka botlalo mo maatleng a go tlhaloganya.”—Baefeso 4:8-13; 1 Bakorintha 14:20.

5. Re ka lwela jang go nna batho ba ba feletseng?

5 Fa e le gore batho bangwe kwa Kolosa ba ne ba ise ba gole ka botlalo kana ba ise ba nonofe sentle, ba ne ba tshwanetse go lwela go nna jalo. A ga go a tshwanela ga nna jalo le ka rona gompieno? E ka ne re ile ra kolobediwa masomesome a dingwaga a a fetileng kana bosheng jaana, a re kgona go bona kgatelopele mo tseleng ya rona ya go akanya? A re akanyetsa melaometheo ya Baebele pele ga re dira ditshwetso? A dilo tse di amanang le Modimo le dilo tsa phuthego di nna di na le seabe se segolo mo botshelong jwa rona go na le gore re tshogane fela re di dirile? Fano re ka se kgone go umaka ditsela tsotlhe tse re ka bontshang go gola jalo ka tsone go fitlha botlalong, le fa go ntse jalo, akanya ka dikai tseno tse pedi.

6. Ke kae moo motho a ka tlhokang go gola teng go fitlha a itekanela jaaka Jehofa?

6 Sekai sa ntlha: A re re gongwe o goletse mo lefelong le le itsegeng ka go tlhaola batho kana go ila batho ba setso se sengwe, setšhaba kana karolo e nngwe. Re a itse gore Modimo ga a tlhaole batho le gore le rona ga re a tshwanela go dira jalo. (Ditiro 10:14, 15, 34, 35) Mo phuthegong ya rona kana potologo, go na le batho ba maemo a a sa tshwaneng le a rona ka jalo re kopana le bone. Le fa go ntse jalo, re ka tswa re sa ntse re na le maikutlo a a sa siamang ka batho bano kana go ba belaela go le kana kang? A re sa ntse re na le maikutlonyana mangwe ka bone, re nna bonako go akanya sengwe se se sa siamang ka bone fa mongwe wa bone a re direla phoso kana a re kgopisa ka tsela nngwe? Ipotse, ‘A nka tswa ke tlhoka go gola thata malebana le go nna le pono e e tshwanang le ya Modimo ya go se tlhaole batho?’

7. Go nna ga rona Bakeresete ba ba feletseng go ka akaretsa go nna le pono efe ka batho ba bangwe?

7 Sekai sa bobedi: Go ya ka Bafilipi 2:3, ga re a tshwanela go dira ‘sepe ka manganga kgotsa ka ntlha ya boikgopolo, fa e se gore ka kgobalalo ya mogopolo re tseye ba bangwe ba le bagolo mo go rona.’ Re gatela pele go le kana kang mo kgannyeng eno? Mongwe le mongwe o na le makoa le mo a nonofileng gone. Fa e le gore mo nakong e e fetileng re ne re le bonako go bona makoa a batho ba bangwe, a re setse re gatetse pele, re sa tlhole re lebelela gore ba nne jaaka e kete ba “itekanetse”? (Jakobe 3:2) A gone jaanong re kgona go bona—kana le e leng go senka—dilo tse ba bangwe ba re fetang ka tsone? ‘Kgaitsadi yono o a nkgaisa ka go nna pelotelele.’ ‘Motho yole o na le tumelo e e nonofileng tota.’ ‘Ruri ke morutisi yo o molemo go nkgaisa.’ ‘Ruri o kgona go laola kgalefo ya gagwe go mpheta.’ Gongwe Bakolosa ba ne ba tlhoka go gola mo kgannyeng eno? A go ntse jalo le ka rona?

8, 9. (a) Ke ka tsela efe Epaforase a ileng a rapelela Bakolosa go ‘ema’ ba feletse? (b) ‘Go ema o feletse’ go tla akaretsa eng mo isagweng?

8 Epaforase o ile a rapelela Bakolosa gore ba ‘eme ba feletse.’ Ga go pelaelo gore Epaforase o ne a rapela Modimo gore fela jaaka fa Bakolosa ba ne ba feletse, ba nonofile sentle e bile e le Bakeresete ba ba godileng ka botlalo, ba ‘eme’ kana ba tswelele pele ba le fela jalo.

9 Re ka se ka ra akanya gore motho mongwe le mongwe yo o nnang Mokeresete, tota le fa a nonofile sentle, o tla nnela jalo ruri. Jesu o ile a re morwa mongwe wa Modimo wa moengele “o ne a se ka a itsetsepela mo boammaaruring.” (Johane 8:44) Paulo le ene o ne a gakolola Bakorintha kaga bangwe ba mo nakong e e fetileng ba neng ba kile ba direla Jehofa mme jaanong ba sa tlhole ba dira jalo. O ile a tlhagisa bakaulengwe ba ba tloditsweng ka moya jaana: “Ka gone a yo o akanyang gore o eme a tlhokomele gore a se ka a wa.” (1 Bakorintha 10:12) Seno se gatelela lebaka la go bo a ne a rapelela Bakolosa gore ‘kwa bofelong ba eme ba feletse.’ Fa ba setse ba feletse, ba godile ka botlalo, ba ne ba tshwanetse go tswelela pele jalo, ba sa kate ka morago, ba itsemeletsa kana go katogela go sele. (Bahebera 2:1; 3:12; 6:6; 10:39; 12:25) Ka gone ba tla bo ba ‘feletse’ mo letsatsing la go tlhatlhobiwa ga bone ga makgaolakgang le la go amogelwa.—2 Bakorintha 5:10; 1 Petere 2:12.

10, 11. (a) Epaforase o ne a re tlhomela sekao sefe malebana le go rapela? (b) Go ya ka se Epaforase a ileng a se dira, ke eng se o ka ikemisetsang go se dira?

10 Re setse re buile ka botlhokwa jwa go umaka batho ba bangwe ka maina fa re rapela, re kopa Jehofa ka tlhamalalo gore a ba thuse, a ba gomotse, a ba segofatse le go ba abela moya o o boitshepo. Dithapelo tse Epaforase a neng a rapelela Bakolosa ka tsone di ne di ntse jalo. Mme re ka kgona—tota e bile re tshwanetse—go itseela malebela mo mafokong ao malebana le se re ka se umakang mo go Jehofa fa re rapela. Ga go pelaelo gore, re tshwanetse go kopa Jehofa gore a re thuse gore ‘kwa bofelong re kgone go ema re feletse.’ A o dira jalo?

11 Ke eng fa o sa umake maemo a o leng mo go one fa o rapela? Bua le Modimo malebana le selekanyo se o setseng o kgonne go gatela pele ka sone mo go nneng motho yo o ‘feletseng,’ yo o godileng ka botlalo le yo o nonofileng sentle. Mo kope gore a go thuse go lemoga moo o sa ntseng o tlhoka go gola teng semoyeng. (Pesalema 17:3; 139:23, 24) Ga go pelaelo gore, go na le mo o sa ntseng o ka dira jalo gone. Go tswa foo, go na le gore seo se go kgobe marapo, kopa Modimo ka tsela e e utlwalang sentle, o mo kopa ka tlhamalalo gore a go thuse gore o gole. Dira jalo ka makgetlho a mantsinyana. Tota e bile, ke eng fa o sa ikemisetse gore mo bekeng eno e e tlang o tla rapela ka makgetlhonyana gore o thusiwe gore ‘kwa bofelong o eme o feletse.’ Mme rulaganyetsa go dira jalo thata fa o ntse o akanyetsa temana ya ngwaga. Fa o rapela, umaka thata mekgwa e o ka tswang o na le yone e e ka dirang gore o kate ka morago, o itsemeletse kana e e ka dirang gore o katoge tirelo ya Modimo le kafa o ka e tilang ka teng.—Baefeso 6:11, 13, 14, 18.

Rapelela Tlhatswegopelo e e Nitameng

12. Ke eng fa segolobogolo Bakolosa ba ne ba tlhoka “tlhatswegopelo e e nitameng”?

12 Epaforase o ile a rapelela selo se sengwe gape se se neng se le botlhokwa thata mo go thuseng Bakolosa gore ba fitlhelwe kgabagare ba amogelesega mo Modimong. Se botlhokwa fela jalo le mo go rona. E ne e le eng? O ne a rapelela gore ba eme ka “tlhatswegopelo e e nitameng mo thatong yotlhe ya Modimo.” Ba ne ba faraferwe ke dithuto tse di timetsang le difilosofi tse di senyang, tse dingwe tsa tsone di neng di lebega di tsamaelana le kobamelo ya boammaaruri. Ka sekai, ba ne ba gatelelwa go keteka malatsi a a rileng ka go itima dijo kana go dira mekete, e e jaaka e e neng e dirwa mo kobamelong ya Sejuda. Barutisi ba maaka ba ne ba tlhoma mogopolo wa bone thata mo baengeleng, ditshedi tseo tse di maatla tsa semoya tse di neng tsa dirisiwa go tlisa Molao wa ga Moshe. Akanya fela o gatelelwa ka dilo tse di ntseng jalo! Go ne go na le megopolo e mentsintsi e go neng go ganetsanwa ka yone.—Bagalatia 3:19; Bakolosa 2:8, 16-18.

13. Bakolosa ba ne ba ka thusiwa ke fa ba lemoga dilo dife, mme dilo tseo di ka re thusa jang rona?

13 Paulo o ne a tsibogela seo ka go gatelela seabe sa ga Jesu Keresete. “E re ka lo amogetse Keresete Jesu Morena, tswelelang lo tsamaya lo le seoposengwe le ene, lo namile medi e bile lo agiwa mo go ene gape lo tsepamisiwa mo tumelong, fela jaaka lo ne lwa rutwa.” Ee, (Bakolosa fela jaaka rona) ba ne ba tshwanetse go tlhatswega pelo ka botlalo ka seabe sa ga Keresete mo maikaelelong a Modimo le mo botshelong jwa rona. Paulo o ile a tlhalosa jaana: “Mo go ene ka namana go na le botlalo jotlhe jwa nonofo ya bomodimo. Mme jalo lo na le botlalo ka ene, ene yo e leng tlhogo ya puso yotlhe le taolo.”—Bakolosa 2:6-10.

14. Ke eng fa tsholofelo e ne e le selo sa mmatota mo Bakoloseng?

14 Bakolosa e ne e le Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya. Ba ne ba na le tsholofelo e e sa tshwaneng le epe, botshelo kwa legodimong, e bile ba ne ba na le mabaka a a molemo a go boloka tsholofelo eo e ntse e phatsima. (Bakolosa 1:5) E ne e le ‘thato ya Modimo’ gore ba nne le tlhatswegopelo e e nitameng kaga go tlhomama ga tsholofelo ya bone. A ope fela wa bone o ne a tshwanetse go belaela tsholofelo eo? Legoka! A go tshwanetse ga nna jalo le gompieno ka botlhe ba ba nang le tsholofelo e ba e neilweng ke Modimo ya botshelo mo lefatsheng la paradaise? Le e seng! Ga go pelaelo gore tsholofelo eo e e tlhomameng ke karolo ya ‘thato ya Modimo.’ Jaanong akanya ka dipotso tseno: Fa o kgaratlhela go nna mongwe wa “boidiidi jo bogolo” jo bo tla falolang “pitlagano e kgolo,” tsholofelo ya gago e tlhomame go le kana kang? (Tshenolo 7:9, 14) A ke karolo ya “tlhatswegopelo e e nitameng mo thatong yotlhe ya Modimo”?

15. Paulo o ile a tlhalosa motseletsele ofe o o akaretsang tsholofelo?

15 Fa re bua ka “tsholofelo” ga re bue ka keletso fela e e seng ya sepe, kana go ijesa dijo tsa ditoro. Re kgona go bona seno go tswa mo motseletseleng wa dintlha tse Paulo a ileng a di tlhalosetsa Baroma pelenyana. Mo motseletseleng oo, sengwe le sengwe sa dilo tse di umakwang se amanngwa kana se tsamaelana le se se se latelang. Ela tlhoko moo Paulo a bayang “tsholofelo” teng fa a ntse a akantshana le bone: “A re kganeng fa re le mo dipitlaganong, e re ka re itse gore pitlagano e tsala boitshoko; boitshoko, le jone, boemo jo bo amogelesegang; boemo jo bo amogelesegang, le jone, tsholofelo, mme tsholofelo ga e swabise; ka gonne lorato lwa Modimo lo tshololetswe mo dipelong tsa rona ka moya o o boitshepo, o re neng ra o newa.”—Baroma 5:3-5.

16. Fa o ne o ithuta boammaaruri jwa Baebele, o ile wa nna le tsholofelo efe?

16 Fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba go abela molaetsa wa Baebele la ntlha, o ile wa kgatlhiwa ke boammaaruri bongwe, jo bo jaaka boemo jwa baswi kana tsogo ya baswi. Mo go ba le bantsi, selo sa konokono se se neng sa ba kgatlha ke go utlwa gore go ya ka Baebele go ka kgonega gore batho ba tshele mo lefatsheng la paradaise. Gopola fa o ne o utlwa thuto eo la ntlha. A tsholofelo e e molemo ruri—go tla bo go sa tlhole go na le malwetse le botsofe, o tla tswelela pele o tshela o itumelela maungo a ditiro tsa diatla tsa gago, e bile go tla bo go tshelwa ka kagiso le diphologolo! (Moreri 9:5, 10; Isaia 65:17-25; Johane 5:28, 29; Tshenolo 21:3, 4) O ile wa bapala tsholofelo e e molemo tota!

17, 18. (a) Motseletsele wa dilo tse Paulo a ileng a di tlhalosetsa Baroma o ile wa amanngwa jang le tsholofelo? (b) Baroma 5:4, 5 e bua ka mofuta ofe wa tsholofelo, a mme o na le yone?

17 Fa go ntse go ya, o ka tswa o ile wa ganediwa kana wa bogisiwa. (Mathaio 10:34-39; 24:9) Tota le mo dinakong tsa bosheng jaana, Basupi ba dinaga tse di farologaneng ba ile ba tseelwa matlo kana ba ile ba patelesega go nna batshabi. Bangwe ba ile ba ketekwa, ba amogwa dibuka tsa bone tsa Baebele, kana metswedi ya tshedimosetso e ile ya bua maaka ka bone. Tota le fa e ka nna mofuta ofe fela wa pogiso o o ileng wa lebana le one, jaaka fa Baroma 5:3 e bolela, o ne wa kgona go kgana mo dipogisong tseo, mme go ne ga go leretse matswela a a molemo. Pitlagano eo e ne ya dira gore o nne le boitshoko, fela jaaka Paulo a ne a kwala. Go tswa foo boitshoko bo ne jwa dira gore o nne le boemo jo bo amogelesegang. O ne o itse gore o dira se se siameng, o dira thato ya Modimo, ka jalo o ne wa tlhomamisega gore o a go amogela. Go ya ka mafoko a ga Paulo, o ne wa ikutlwa o na le “boemo jo bo amogelesegang.” Fa Paulo a tswelela pele o ne a re “boemo jo bo amogelesegang, le jone, [bo tlhagisa] tsholofelo.” Seo se ka tswa se gakgamatsa go sekae. Ke eng fa Paulo a ile a umaka “tsholofelo” kwa moragorago jalo? A o ne wa se ka wa nna le tsholofelo go sa le gale fa o ne o ithuta dikgang tse di molemo la ntlha?

18 Ga go pelaelo gore Paulo fano ga a bue ka maikutlo a tsholofelo ya botshelo jo bo itekanetseng a re ileng ra nna le one la ntlha. Se a buang ka sone fano se akaretsa se se fetang seo; se tseneletse go sekae, se a tlhotlheletsa. Fa re itshoka ka boikanyegi mme ka jalo re lemoga gore Modimo o a re amogela, seno se nna le tlhotlheletso e kgolo e e oketsang le go nonotsha tsholofelo e re ileng ra nna le yone kwa tshimologong. Jaanong tsholofelo e re neng re na le yone e nna selo sa mmatota, e tlhomama thata e bile e nna ya rona ka namana. Tsholofelo eno e e nonotshitsweng e phatsima le e leng go feta. E tlhotlheletsa botho jwa rona, bojotlhe jwa rona. “Mme tsholofelo ga e swabise; ka gonne lorato lwa Modimo lo tshololetswe mo dipelong tsa rona ka moya o o boitshepo.”

19. Tsholofelo ya gago e tshwanetse go nna jang bontlhanngwe jwa dithapelo tsa gago tsa ka metlha?

19 Epaforase o ne a rapela ka tlhoafalo gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba Kolosa ba nne ba amiwa e bile ba tlhatswegile pelo ka se ba se solofetseng, ba na le “tlhatswegopelo e e nitameng mo thatong yotlhe ya Modimo.” E kete le rona re ka aga re atamela Modimo jalo ka metlha kaga tsholofelo ya rona. Fa o ithapelela, akaretsa tsholofelo ya gago e e malebana le lefatshe le lesha. Tlhalosetsa Jehofa kafa o e tlhoafaletseng ka teng o tlhatswegile pelo ka botlalo gore e tla goroga. Mo kope gore a go thuse go nonotsha le go godisa tsela e o tlhatswegileng pelo ka yone. Fela jaaka Epaforase a ile a rapelela Bakolosa gore ba nne le “tlhatswegopelo e e nitameng mo thatong yotlhe ya Modimo,” le wena dira fela jalo. Dira jalo gangwe le gape.

20. Fa batho ba sekae ba tlogela tsela ya Bokeresete, ke eng fa seo se sa tshwanela go re kgoba marapo?

20 O se ka wa itewa tsebe kana wa kgobiwa marapo ke go bo e se batho botlhe ba ba emang ba feletse le go nna le tlhatswegopelo e e nitameng. Bangwe ba ka nna ba retelelwa, ba fapoga, kana le e leng go tlogela. Seo se ne sa direga le mo go ba e neng e le ditsala tse dikgolo tsa ga Jesu, baaposetoloi ba gagwe. Mme gone, a e ne ya re fa Judase a fetoga motsietsi, a baaposetoloi ba bangwe ba ile ba ngodiega kana ba tlogela? Legoka! Petere o ne a dirisa Pesalema 109:8 go bontsha gore go ne go tla nna le yo o tsayang maemo a ga Judase. Go ne ga tlhophiwa motho o sele, mme batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang ba ne ba tswelela pele ka matlhagatlhaga ka tiro ya bone ya go rera. (Ditiro 1:15-26) Ba ne ba ititeile sehuba go ema ba feletse ba tlhatswegile pelo ka nitamo.

21, 22. Go ema ga gago o feletse le ka tlhatswegopelo e e nitameng go tla lemogiwa ka tsela efe?

21 O ka tlhomamisega ka botlalo gore go ema ga gago o feletse e bile o tlhatswegile pelo ka nitamo mo thatong yotlhe ya Modimo go tla lemogiwa. Go tla elwa tlhoko le go anaanelwa. Ke bomang?

22 Ebu, go tla lemogiwa ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago ba ba go itseng le ba ba go ratang. Tota le fa bontsi jwa bone ba sa go bue ka mafoko, matswela a gone a tla tshwana le a re a balang mo go 1 Bathesalonika 1:2-6: “Ka metlha re leboga Modimo fa re umaka kaga lona lotlhe mo dithapelong tsa rona, gonne re gopola tiro ya lona ya go nna le tumelo, re sa kgaotse, le tiro ya lona ya bonatla ya lorato le boitshoko jwa lona ka ntlha ya tsholofelo ya lona mo Moreneng wa rona Jesu Keresete fa pele ga Modimo wa rona le Rara. Gonne . . . dikgang tse di molemo tse re di rerang ga di a ka tsa tla mo go lona ka puo e le yosi mme gape di tlile ka maatla le ka moya o o boitshepo le tlhatswego pelo e e nonofileng . . . mme lo ne lwa nna baetsi ba rona le ba Morena.” Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba tshelang le wena ba tla ikutlwa ka tsela e e tshwanang fa ba ntse ba etse tlhoko gore o ‘eme o feletse le ka tlhatswegopelo e e nitameng mo thatong yotlhe ya Modimo.’—Bakolosa 1:23.

23. O tshwanetse go ikemisetsa go dira eng mo ngwageng ono o o tlang?

23 Rraago wa selegodimo le ene o tla go lemoga mme o tla itumela. Se belaele seo. Ka ntlha yang? Ka gonne o eme o feletse e bile o tlhatswegile pelo ka nitamo “mo thatong yotlhe ya Modimo.” Paulo o ile a kwalela Bakolosa a ba kgothatsa ka ntlha ya go tsamaya ga bone “kafa go tshwanetseng Jehofa gore [ba] mo itumedise ka botlalo.” (Bakolosa 1:10) Ee, go a kgonega gore batho ba ba sa itekanelang ba ka mo itumedisa ka botlalo. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago ba Kolosa ba ne ba dira jalo. Bakeresete ba o tshelang le bone ba dira jalo gone jaanong. Le wena o ka dira jalo! Ka gone, a mo ngwageng ono o o tlang, dithapelo tsa gago tsa letsatsi le letsatsi le ditiro tsa gago tsa ka metlha di supe gore o ikemiseditse gore ‘kwa bofelong o eme o feletse le ka tlhatswegopelo e e nitameng mo thatong yotlhe ya Modimo.’

A o A Gakologelwa?

• ‘Go ema o feletse’ go akaretsa eng?

• Ke dilo dife tse di go amang tse o tshwanetseng go di akaretsa fa o rapela?

• Go ya kafa go akantshitsweng ka teng mo go Baroma 5:4, 5, ke mofuta ofe wa tsholofelo o o batlang go nna le one?

• Thuto ya rona e go tlhotlheleditse go ikemisetsa go dira eng mo ngwageng o o tlang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Epaforase o ne a rapelela gore bakaulengwe ba gagwe ba eme ba feletse, ba tlhatswegile pelo kaga Keresete le tsholofelo ya bone

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Dimilione tse dingwe tsa batho le tsone di na le tsholofelo e e tlhomameng le tlhatswegopelo e e nitameng fela jaaka wena