Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng Fa o Direla Modimo?

Ke Eng Fa o Direla Modimo?

Ke Eng Fa o Direla Modimo?

Kgosi nngwe e e boifang Modimo e kile ya gakolola morwaayone jaana: “Itse Modimo wa ga rraago, o o direle ka pelo e e itekanetseng, le ka [“moya o o itumetseng,” NW].” (1 Ditirafalo 28:9) Go phepafetse gore Jehofa o batla gore batlhanka ba gagwe ba mo direle ka dipelo tse di itumetseng tse di tletseng kanaanelo.

JAAKA Basupi ba ga Jehofa, re dumela re sa okaoke gore fa re ne re tlhalosediwa ditsholofetso tsa Baebele lekgetlho la ntlha, dipelo tsa rona di ne tsa phophoma ka ditebogo. Re ne re ithuta sengwe se sesha letsatsi le letsatsi ka maikaelelo a Modimo. Fa re ntse re ithuta ka Jehofa, keletso ya rona ya go mo direla “ka pelo e e itekanetseng, le ka [“moya o o itumetseng”, NW]” e ne ya nna ya nonofa.

Batho ba le bantsi ba ba nnang Basupi ba ga Jehofa ba tswelela pele go direla Jehofa ka boitumelo jo bo seng kana ka sepe botshelo jotlhe jwa bone. Le fa go ntse jalo, Bakeresete bangwe ba simolola sentle, mme fa nako e ntse e tsamaya, ba lebala mabaka a a re patelelang le a a re tlhotlheletsang go direla Modimo. A o diragaletswe ke selo se se tshwanang le seo? Fa e le gore se go diragaletse, o se ka wa itlhoboga. O ka boa gape wa nna le boitumelo jo bo go feletseng. Jang?

Akanya ka Masego a o Nnileng le One

Santlha, tlhatlhanya ka masego a a tswang kwa Modimong a o a amogelang letsatsi le letsatsi. Akanya ka dimpho tse di molemo tsa ga Jehofa: ditiro tsa gagwe tse di methalethale tsa popo—tse di bonwang ke batho botlhe go sa kgathalesege maemo a bone a lotso kgotsa a ikonomi—tsela ya tlholego e a re nayang dijo le dino ka yone, boitekanelo jo o bo ipelelang, go itse ga gago boammaaruri jwa Baebele, mme go feta tsotlhe, mpho ya Morwawe. Loso lwa gagwe lo ne lo go baakanyetsa tsela ya gore o kgone go direla Modimo ka segakolodi se se phepa. (Johane 3:16; Jakobe 1:17) Fa o nna o tlhatlhanya ka tsela e Modimo a leng molemo ka yone, o tla mo anaanela le go feta pele. Pelo ya gago e tla go tlhotlheletsa gore o mo direle o lebogela sotlhe se a se dirileng. Ga go na pelaelo gore o tla boa gape o ikutlwa ka tsela e mopesalema a neng a ikutlwa ka yone fa a ne a kwala a re: “Jehofa Modimo wa me, di dintsi ditiro tsa gago tse di gakgamatsang, tse o di dirileng, le megopolo ya gago e e kwano go rona; . . . di feta mo go ka balwang.”—Pesalema 40:5.

Mafoko ano a ne a kwalwa ke Dafide, monna yo botshelo jwa gagwe bo neng bo tletse mathata. Fa a ne a sa ntse a le lekau, Dafide o ne a fetsa nako e ntsi a tshaba e re ka Kgosi Saulo yo o boikepo le bafemedi ba gagwe ba ne ba mmatla gore ba mmolaye. (1 Samuele 23:7, 8, 19-23) Gape Dafide o ne a na le makoa a gagwe a a neng a tshwanetse go a lwantsha. O ne a dumalana le seno mo go Pesalema 40: “Gonne masula a a se nang palo a ntsentse gare; maikepo a me a tsile go ntshwara, . . . a mantsi bogolo go feta palo ya meriri ya tlhogo ya me.” (Pesalema 40:12) Ee, Dafide o ne a na le mathata, mme a ne a sa mo fekeetse gotlhelele. O ne a akanya ka ditsela tse Jehofa a neng a mo segofatsa ka tsone go sa kgathalesege mathata a a neng a na le one, mme o ne a fitlhela gore masego ao a feta mathata a gagwe kgakala.

Fa o ikutlwa o faraferwe ke mathata kgotsa ke maikutlo a go inyatsa, go molemo gore o akanye ka masego a o nnileng le one, jaaka Dafide a ile a dira. Ga go na pelaelo gore go lebogela masego a a ntseng jalo go ile ga go tlhotlheletsa gore o ineele mo go Jehofa; dikakanyo tse di ntseng jalo gape di ka go thusa gore o tsosolose boitumelo jo bo go feletseng le go go thusa gore o direle Modimo ka pelo e e tletseng kanaanelo.

Dipokano Tsa Phuthego di ka Thusa

Mo godimo ga go tlhatlhanya mo bojosing ka tsela e Jehofa a leng molemo ka yone, re tshwanetse go kopanela mmogo le Bakeresete ka rona. Go a kgothatsa go kopana ka metlha le banna, basadi le basha ba ba ratang Modimo le ba ba ikemiseditseng go mo direla. Sekao sa bone se ka re tlhotlheletsa gore re direle Jehofa ka moya otlhe. Go nna teng ga rona kwa Holong ya Bogosi go ka ba kgothatsa le bone.

Ke boammaaruri gore fa re tla gae morago ga letsatsi le le boima kwa tirong, kgotsa fa re kgobegile marapo ka ntlha ya bothata bongwe kgotsa bokoa, go ka nna ga se ka ga nna motlhofo gore re akanye ka go ya dipokanong kwa Holong ya Bogosi. Mo dinakong tse di ntseng jalo, re ka nna ra tlhoka go ikgagamaletsa letsogo, re ‘iteye mmele wa rona,’ jaaka fa re ka bolela jalo, gore re tle re kgone go utlwa taelo ya gore re kopane mmogo le Bakeresete ka rona.—1 Bakorintha 9:26, 27; Bahebera 10:23-25.

Fa go tlhokega gore re dire jalo, a re tshwanetse go swetsa ka gore tota ga re rate Jehofa? Nnyaa le eseng. Bakeresete ba ba godileng ba nako e e fetileng ba go neng go bonala kwantle ga pelaelo epe gore ba ne ba rata Modimo, ba ne ba tshwanelwa ke gore ba iteke ka natla go dira thato ya Modimo. (Luke 13:24) Moaposetoloi Paulo e ne e le mongwe wa Bakeresete bao. O ne a tlhalosa maikutlo a gagwe jaana ka tshosologo: “Ke itse gore mo go nna, ke gore, mo nameng ya me, ga go nne sepe se se molemo; gonne kgono ya go eletsa e teng mo go nna, mme kgono ya go dira se se molemomogolo ga e yo mo go nna. Gonne molemo o ke o eletsang ga ke o dire, mme bosula jo ke sa bo eletseng ke jone jo ke bo dirang e le tlwaelo.” (Baroma 7:18, 19) Mme o ne a bolelela Bakorintha jaana: “Fa, jaanong, ke bolela dikgang tse di molemo, ga se lebaka la gore ke ipelafatse, gonne tlamego e beilwe mo godimo ga me. . . . Fa ke dira seno ka go rata, ke na le maduo; mme fa e le gore ke se dira e se ka go rata ga me, lefa go ntse jalo ke sikarisitswe bolebalebi.”—1 Bakorintha 9:16, 17.

Jaaka ba le bantsi ba rona, Paulo o ne a na le ditshekamelo tsa boleo tse di neng di kgoreletsa keletso ya gagwe ya go dira se se siameng. Le fa go ntse jalo, o ne a lwantsha ditshekamelo tseo thata, mme gantsi o ne a atlega. Ke boammaaruri gore Paulo o ne a se ka a dira seno ka nonofo ya gagwe. O ne a kwala jaana: “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.” (Bafilipi 4:13) Jehofa, ene yo o neng a naya Paulo maatla, le wena o tla go nonotsha gore o dire se se siameng fa o mo kopa gore a go thuse. (Bafilipi 4:6, 7) Ka jalo, “tlhabana tlhabano ka thata [o] tlhabanela tumelo,” mme Jehofa o tla go segofatsa.—Jude 3.

Ga o tlhoke go lwa ntwa eno o le nosi. Mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa, bagolwane ba ba godileng ba Bakeresete, bao le bone ba tshwareletseng mo go ‘tlhabaneleng tumelo,’ ba ikemiseditse go go thusa. Fa o kopa mogolwane gore a go thuse, o tla leka thata gore a ‘bue le wena ka tsela e e nametsang.’ (1 Bathesalonika 5:14) Mokgele wa gagwe e tla nna gore a nne “jaaka boipoteletso mo phefong, le boitekeletso mo ledimong.”—Isaia 32:2.

“Modimo ke lorato,” mme o batla gore batlhanka ba gagwe ba mo direle ka lorato. (1 Johane 4:8) Fa e le gore go rata Modimo ga gago go tlhoka go tsosolosiwa, tsaya dikgato tse di tshwanetseng gore o dire jalo, jaaka go tlhalositswe fa godimo. O tla itumelela go bo o dirile jalo.