Baebele
Kwa Baebele e Tswang Gone
Baebele ke Eng?
Simolola go ithuta ka molaetsa o o itumedisang o o bidiwang lefoko la Modimo.
A Baebele ke Buka e e Nang le Botlhale Jwa Batho?
Ela tlhoko kafa Baebele ka boyone e itlhalosang ka teng.
A Baebele e Tswa Kwa Modimong?
Bakwadi ba le bantsi ba tlhalosa fa Modimo e le ene a ba laetseng se ba se kwadileng. Ka ntlha yang?
A Baebele e Kwadilwe ke Moshe?
Moshe o ne a dirisiwa go kwala Baebele. Ke batho ba le kae ba ba kwadileng Baebele?
A go Na le Yo a Ka Itseng Gore ke Mang Tota a Kwadileng Baebele?
Bakwadi ba Baebele ba bolela fa ba laetswe ke Modimo go kwala se ba se kwadileng. A re ka dumela se ba se kwadileng?
A Baebele e Ile ya Fetolwa?
E re ka Baebele e le buka ya bogologolo, a re ka ikanya molaetsa wa yone gore ga o ise o fetolwe?
A Saense e Dumalana le Baebele?
A go na le mo Baebele e dirang diphoso teng fa e bua ka saense?
A Baebele ya re Lefatshe le Sephara?
A re ka tshepa buka eno ya bogologolo?
A Baebele ke Buka ya Makgoa?
Bakwadi ba Baebele ba tsholetswe kae, ba tswa kwa karolong efe ya lefatshe?
Dipego Tse di Buang ka Jesu di Kwadilwe Leng?
Go tsere nako e kae gareng ga nako ya loso lwa ga Jesu le nako e Diefangele di kwadilweng ka yone?
Go Bala Baebele Le go E Tlhaloganya
O ka Dira Eng Gore o Tlhaloganye Baebele?
Go sa kgathalesege gore o godisitswe jang, o ka tlhaloganya molaetsa wa Modimo o o mo Dikwalong Tse di Boitshepo.
A Baebele e a Ikganetsa?
Sekaseka ditemana tse go tweng Baebele e a ikganetsa mo go tsone le dintlha tse o ka di dirisang gore o di tlhaloganye botoka.
Lefoko la Modimo ke Eng Kgotsa ke Mang?
Lereo leo le tlhalosiwa ka ditsela tse di farologaneng mo Baebeleng.
Molao o o Reng “Leitlho mo Boemong Jwa Leitlho” o Kayang?
A molao o o reng “leitlho mo boemong jwa leitlho” o kgothaletsa batho gore ba ipusolosetse?
Melao e e Lesome ke Eng?
E neilwe bomang? A Bakeresete ba tshwanetse go e boloka?
Tora ke Eng?
Ke mang yo o e kwadileng? A dithuto tsa yone di nnela ruri?
Boporofeti le Matshwao a mo Baebeleng
Boporofeti ke Eng?
A boporofeti jotlhe jwa Baebele bo bua ka dilo tse di tla diregang mo isagweng? E seng ka dinako tsotlhe.
A Jesu ke Ene a Diragaditseng Boporofeti jo bo Buang ka Mesia?
A go ka direga gore go nne le Bomesia ba le mmalwa?
A Dipalo Tse di mo Baebeleng Di na Le Bokao? A Baebele e Dumalana le Masaitsiweng a Dipalo?
Bona dikai dingwe tsa se dipalo tsa mo Baebeleng di se tshwantshetsang, o bo o bone kafa di farologaneng ka gone le masaitsiweng a dipalo.
Tatelano ya Ditiragalo Tsa Baebele e Bontsha Eng ka Ngwaga wa 1914?
Boporofeti jwa “metlha e le supa” jo bo mo go Daniele kgaolo 4 bo bontsha nako e e botlhokwa thata ya go busiwa ga batho.
Buka ya Tshenolo—E Kaya Eng?
Buka eno ka boyone ya re ba ba e balang, ba e tlhaloganya e bile ba dirisa molaetsa wa yone ba tla itumela.
“Alefa le Omega” ke Mang Kgotsa ke Eng?
Goreng leina leno le tshwanela Jehofa?
Jerusalema yo Mosha ke Eng?
Motse ono o o kgethegileng o go ama jang?
Sebatana sa Naga sa Ditlhogo Tse Supa sa Tshenolo Kgaolo 13 ke Eng?
Sebatana sa naga se na le taolo, maatla le setulo sa bogosi. Boporofeti jwa Baebele bo senola eng?
Sebatana se se Mmala wa Bohibidu jo bo Letlhololo se go Buiwang ka Sone mo go Tshenolo 17 ke Eng?
Ditsela tse thataro tse di ka go thusang gore o lemoge sebatana seno se se boitshegang.
Bokao Jwa 666 ke Eng?
Baebele e senola bokao jwa palo 666 le letshwao la sebatana sa naga.
Babelona yo Mogolo ke Eng?
Baebele e bontsha gore Babelona yo Mogolo ke mokgatlho o o maatla e bile o na le tlhotlheletso e kgolo.
Bodiba Jwa Molelo ke Eng? A bo Tshwana le Dihele Kgotsa le Gehena?
Jesu o na le “dilotlolo tsa dihele,” a mme o na le dilotlolo tsa bodiba jwa molelo?
Lefatshe le ya Bokhutlong
Sesupo sa ‘Malatsi a Bofelo’ Kgotsa sa “Bokhutlo” ke Eng?
Baebele e ile ya bolelelapele dilo di le dintsi tse di supang gore ke malatsi a bofelo.
A Baebele e Ile ya Bolelela Pele Tsela e Batho ba Akanyang ka Yone Le e Ba Itshwarang ka Yone Gompieno?
Baebele e ile ya bolelela pele gore batho ba tla nna bosula le go feta.
Pitlagano e Kgolo ke Eng?
Batho ba ba reng lefatshe le a fela ba bua dilo tse di tshosang. Gone re ka solofela eng?
Ntwa ya Haramagedona ke Eng?
Lefoko Haramagedona le tlhaga gangwe fela mo Baebeleng, mme ntwa e le buang ka yone e tlhalosiwa mo Dikwalong ka kakaretso.
A Lefatshe le Tlile go Senngwa?
Baebele e tlhalosa se Modimo a ikaeletseng go se dira ka lefatshe.
Lefatshe le Tla Fela Leng?
Go itse karabo, o tlhoka go tlhaloganya gore Baebele ya re ke eng se se tlileng go senngwa.
Bogosi Jwa Modimo bo Tla Fitlhelela Eng?
Utlwa gore o ka lebelela gore go diragale eng fa puso ya Modimo e busa lefatshe.
Kagiso mo Lefatsheng—E Tla Tla Jang?
Utlwa kafa Modimo a solofetsang go tlisa kagiso ka teng mo lefatsheng ka Bogosi jwa gagwe.
Batho, Mafelo le Dilo Tsa mo Baebeleng
Basadi ba go Buiwang ka Bone mo Baebeleng—Re ka Ithuta Eng mo go Bone?
Bapisa basadi ba ba molemo ba mo Baebeleng le ba ba sa siamang.
A Marea ke Mmaagwe Modimo?
Baebele le hisitori di re thusa go araba potso eno ka tsela e e utlwalang sentle.
Mosadi wa ga Kaine E ne E le Mang?
Baebele e araba potso eno ka tsela e e utlwalang sentle.
A Kgang ya Morwalela wa ga Noa ke Tlhamane Fela?
Baebele ya re Modimo o ile a senya batho ba ba sa siamang ka morwalela. Baebele e ntsha bosupi bofe go tshegetsa kgang eo?
Letlole la Kgolagano ke Eng?
Modimo o ne a laela Baiseraele ba bogologolo gore ba age letlole leo. Le ne le dirisediwa eng?
A Setopo sa ga Jesu Se ne Se Phuthetswe ka Letsela la Kwa Turin?
Dintlha tse tharo tse di re thusang go bona se Baebele e se buang ka letsela leno.
Baebele ya Reng ka Di Dinosaur?
A se Baebele e se buang se dumalana le saense?
A Modimo o Dirisitse Evolution go Dira Ditshedi Tse di Farologaneng?
Mme gone, Baebele ga e ganetse baitsesaense ba ba buang gore dibopiwa ga di tshwane.
Kgakololo e e Molemo
A Baebele e ka Nthusa go Nna le Lelapa le le Itumetseng?
Kgakololo e e molemo e e thailweng mo Baebeleng e e thusitseng banna le basadi ba le dimilione gore ba nne le malapa a a itumetseng.
Ke ka Bona Kae Tsholofelo?
Motswedi o o ikanyegang o ka tokafatsa botshelo jwa gago gone jaanong le go go fa tsholofelo ka bokamoso.
A madi ke modi wa dilo tsotlhe tse di bosula?
Batho ba tlwaetse go re “madi ke modi wa dilo tsotlhe tse di bosula” mme gone seo ga se se Baebele e se buang
Mathata a Madi le Dikoloto—A Baebele e ka Thusa?
Madi a ka se ka a dira gore o itumele, mme melaometheo e menѐ ya Baebele e ka go thusa malebana le kafa o dirisang madi ka gone.
Fa o Tshwerwe ke Bolwetse Jo bo Sa Foleng—A Baebele e ka Thusa?
Ee! Ithute ditsela di le tharo tse o ka lebanang le bolwetse jo bo sa foleng ka tsone.
Baebele ya Reng ka go Galefa?
A go galefa go phoso? O ka dirang fa o simolola go tseega maikutlo?
A Baebele e ka Nthusa fa ke Tshwenyegile mo Maikutlong?
Go na le dilo di le tharo tse Modimo a thusang batho ba ba tshwenyegileng mo maikutlong ka tsone.
A Bodumedi, Modimo kgotsa Baebele E ka Go Thusa go Itumelela Botshelo?
Utlwa gore go nna le kamano le Modimo go ka tokafatsa botshelo jwa gago jang gone jaanong le mo isagweng.
A Baebele ya Re go Ithata go Phoso?
Jesu o ile a re: “O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.” O ne a kayang?