Ga ke Itumelele Botshelo—A Bodumedi, Modimo kgotsa Baebele e ka Thusa?
Karabo ya Baebele
Ee. Baebele, buka ya bogologolo e e nang le botlhale, e na le dikarabo tsa dipotso tse di botlhokwa mo botshelong e bile e ka go thusa gore o ikutlwe botoka o bo o itumele. Sekaseka dingwe tsa dipotso tse e di arabang.
A go na le Mmopi? Baebele ya re Modimo o “bopile dilo tsotlhe.” (Tshenolo 4:11) E re ka Modimo e le Mmopi wa rona, o itse se re se tlhokang gore re itumele le gore re kgotsofale mo botshelong.
A Modimo o a nkgathalela? Baebele ga e tlhalose Modimo e le motho yo o sa amegeng ka batho go na le moo ya re: ‘Ga a kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.’ (Ditiro 17:27) O kgatlhegela go itse se se go diragalelang e bile o batla go go thusa gore o atlege.—Isaia 48:17, 18; 1 Petere 5:7.
Go itse Modimo go tla nthusa jang gore ke itumele? Modimo o re bopile re na le ‘se re se tlhokang semoyeng,’ keletso e re nang le yone ya go tlhaloganya bokao le boikaelelo jwa botshelo. (Mathaio 5:3) Gape se re se tlhokang semoyeng se akaretsa keletso ya go itse Mmopi wa rona le go nna le kamano le ene. Modimo o tla anaanela matsapa a gago a go batla go mo itse, ka gonne Baebele ya re: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.”—Jakobe 4:8.
Batho ba le dimilione ba lemogile gore go nna le kamano le Modimo go dirile gore ba itumele le gore ba kgotsofale mo botshelong. Le fa go itse Modimo go ka se dire gore o tshele botshelo jo bo se nang mathata, botlhale jwa gagwe jo bo mo Baebeleng bo ka go thusa go
Nna le botshelo jwa lelapa jo bo itumedisang.
Nna le kagiso le batho ba bangwe.
Lebana le mathata a a farologaneng a a jaaka go tshwenyega thata mo maikutlong, mathata a madi le bolwetse jo bo sa foleng.
Madumedi a mantsi a a dirisang Baebele ga a dirise se e se rutang. Go farologana le one, bodumedi jwa boammaaruri, jo bo dirisang se Baebele e se rutang, bo tla go thusa go itse Modimo.