Mosadi wa ga Kaine E ne E le Mang?
Karabo ya Baebele
Ngwana wa ntlha wa ga Adame le Efa e bong Kaine o ne a nyala mongwe wa bokgaitsadie kgotsa mongwe wa losika. Baebele e re naya tshedimosetso e e re thusang go dumela ntlha eo.
Dintlha ka Kaine le ba lelapa la gagwe
Batho botlhe ke ditlogolwana tsa ga Adame le Efa. Modimo “o dirile setšhaba sengwe le sengwe sa batho go tswa mo mothong a le mongwe” e bong Adame. (Ditiro 17:26) Mosadi wa ga Adame e bong Efa o ne a nna “mmabatshedi botlhe.” (Genesise 3:20) Ka jalo, Kaine o tshwanetse a bo a ile a nyala mongwe wa bana ba ga Adame le Efa.
Kaine le Abele ke bana ba ntlha ba ga Efa. (Genesise 4:1, 2) Fa Kaine a sena go bolaya monnawe mme Modimo a bo a mo atlhola, o ne a ngongorega a re: “Mongwe fela yo o mponang o tla mpolaya.” (Genesise 4:14) E le gore Kaine o ne a tshaba mang? Baebele ya re Adame le Efa ba ne ba nna le “bana ba basimane le ba basetsana.” (Genesise 5:4) Go bonala bangwe ba bana bao e le bone ba Kaine a neng a ba tshaba.
Ka nako eo go ne go tlwaelegile gore ba masika ba nyalane. Ka sekai, Aborahame o ne a nyala kgaitsadie. (Genesise 20:12) Seo se ne sa khutla fa Modimo a ne a naya Moshe Melao e batho ba gagwe ba neng ba tshwanetse go tshela ka yone mme go ne go setse go fetile dingwagangwaga Kaine a sa tlhole a tshela. (Lefitiko 18:9, 12, 13) Go bonala bana ba nako eo ba ne ba se na malwetse a a kotsi a re a bonang gompieno fa mongwe a ka nna le ngwana le mongwe wa losika lwa gagwe.
Baebele e bua boammaaruri fa e tlhalosa pego ya botshelo jwa ga Adame le Efa le ba malapa a bone. Tatelano ya losika lwa ga Adame ga e a kwalwa fela mo bukeng ya Genesise e e ileng ya kwalwa ke Moshe, gape e gone le mo bukeng ya ga Esera le ya ga Luke. (Genesise 5:3-5; 1 Ditiragalo 1:1-4; Luke 3:38) Bakwadi ba bangwe ba Baebele le bone ba bua ka Kaine.—Bahebera 11:4; 1 Johane 3:12; Jude 11.