DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BAEBELE

Baebele e a Reng ka Botsala?

Setswana
Baebele e a Reng ka Botsala?
https://cms-imgp.jw-cdn.org/img/p/500100116/univ/art/500100116_univ_sqr_xl.jpg
ijwbq setlhogo 183

Baebele e a Reng ka Botsala?

Baebele e a Reng ka Botsala?

Karabo ya Baebele

 Ditsala di ka dira gore re itumele le gore re atlege mo botshelong. Ditsala tse di siameng di ka re tlhotlheletsa ka tsela e e molemo e bile di ka dira gore re nne batho ba ba botoka.—Diane 27:17.

 Le fa go ntse jalo, Baebele e re bontsha gore go botlhokwa go nna kelotlhoko fa re tlhopha ditsala. E re bontsha ditlamorago tsa go tlhopha ditsala tse di sa siamang. (Diane 13:20; 1 Bakorintha 15:33) Ditsala tse di ntseng jalo di ka dira gore motho a se ka a dira ditshwetso tse di siameng kgotsa tsa senya mekgwa ya gagwe e mentle.

Mo setlhogong seno

 Tsala e e siameng ke e e ntseng jang?

 Baebele e ruta gore botsala jo bo siameng ga bo a tshwanela go theiwa fela mo go reng lo rata dilo tse di tshwanang. Ka sekai, Pesalema 119:63 e a re: “Ke tsala ya botlhe ba ba go boifang. Le ya ba ba bolokang ditaelo tsa gago.” Ela tlhoko gore Mopesalema a re o batla go nna ditsala le batho ba ba batlang go itumedisa Jehofa le ba ba tshelang go ya ka melao ya gagwe.

 Baebele e tlhalosa dinonofo tse tsala e e siameng e tshwanetseng go nna le tsone. Ka sekai:

  •   “Tsala ya boammaaruri e lorato ka dinako tsotlhe e bile ke morwarramotho yo o ka ikaegang ka ene ka dinako tsa matshwenyego.”—Diane 17:17.

  •   “Go na le balekane ba ba ikemiseditseng go direlana bosula, mme go na le tsala e e ikanyegang go gaisa ba lelapa la gaeno.”—Diane 18:24.

 Ditemana tseno di bontsha gore tsala e e siameng e a ikanyega, e lorato, e pelontle e bile e pelotshweu. Tsala ya boammaaruri ke motho yo re ka mo ikanyang ka dinako tsa mathata. Tsala eo e kgona go go bolelela fa o fapoga kgotsa o tloga o dira tshwetso e e sa siamang.—Diane 27:6, 9.

 Dikai tsa ditsala tse di molemo mo Baebeleng

 dwcBaebele e na le dikai tsa botsala jo bo molemo magareng ga batho ba dingwaga tse di farologaneng, ba ba sa golang ka go tshwana, ba ditso tse di farologaneng le ba ba nang le maemo a a sa tshwaneng. Akanya ka dikai tseno tse tharo.

  •   Ruthe le Naomi. Naomi e ne e le matsalaagwe Ruthe, mme a ka tswa a ne a feta Ruthe thata ka dingwaga e bile ba ne ba farologane ka ditso. Le fa go ntse jalo, e ne ya nna ditsala tse di atamalaneng thata.—Ruthe 1:16.

  •   Dafide le Jonathane. Le fa gone Jonathane a ne a feta Dafide ka dingwaga di le 30, Baebele e a re ba ne ba ‘atamalane thata.’—1 Samuele 18:1.

  •   Jesu le baaposetoloi ba gagwe. Jesu o ne a na le taolo mo baaposetoloing ba gagwe ka gonne e ne e le moruti le mong wa bone. (Johane 13:13) Le fa go ntse jalo, o ne a sa tseye gore e ka se nne ditsala tsa gagwe. Go na le moo, Jesu o ne a atamalane thata le botlhe ba ba ikobelang dithuto tsa gagwe. O ile a re: “Ke lo bitsa ditsala, ka gonne ke lo boleletse dilo tsotlhe tse ke di utlwileng kwa go Rre.”—Johane 15:14, 15.

 A motho a ka kgona go nna tsala ya Modimo?

 Ee, go a kgonega gore batho e nne ditsala tsa Modimo. Baebele e a re: “Ke tsala e kgolo ya batho ba ba siameng.” (Diane 3:32) Ka mafoko a mangwe, Modimo o tsalana le batho ba ba itshwarang sentle, ba ba ikanyegang, ba ba tlotlegang e bile ba dira ka natla go latela melao ya gagwe ya se se siameng le se se sa siamang. Ka sekai, Dikwalo di bitsa monna mongwe yo o neng a ikanyega e bong Aborahame, tsala ya Modimo.—2 Ditiragalo 20:7; Isaia 41:8; Jakobe 2:23.