DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BAEBELE

A Marea ke Mmaagwe Modimo?

Setswana
A Marea ke Mmaagwe Modimo?
https://cms-imgp.jw-cdn.org/img/p/502018108/univ/art/502018108_univ_sqr_xl.jpg
ijwbq setlhogo 136

A Marea ke Mmaagwe Modimo?

A Marea ke Mmaagwe Modimo?

Karabo ya Baebele

 Nnyaa, Baebele ga e re Marea ke mmaagwe Modimo e bile ga e kgothaletse Bakeresete gore ba mo obamele kgotsa ba mo tseele kwa godimo. a Seo ke ka gonne:

  •   Marea ga a ise a tsamaye a re ke mmaagwe Modimo. Baebele ya re Marea o ile a tshola “Morwa Mogodimodimo” e seng Modimo ka sebele.​—Mareko 1:1; Luke 1:32.

  •   Jesu Keresete ga a ise a tsamaye a re Marea ke mmaagwe Modimo kgotsa gore o ne a tshwanetse go tlotlomadiwa ka tsela nngwe. Nako nngwe mosadi mongwe o ne a tlotlomatsa Marea go bo e le mmaagwe Jesu mme Jesu o ile a raya mosadi yoo a re: “Nnyaa, go na le moo, go itumela ba ba utlwang lefoko la Modimo e bile ba le boloka!”​—Luke 11:27, 28.

  •   Mafoko a a reng “Mmaagwe Modimo” le “Theotokos” ga a yo mo Baebeleng.

  •   Mafoko a a reng “Kgosigadi ya Magodimo” a a mo Baebeleng ga a bue ka Marea go na le moo a bua ka modimo wa maaka o Baiseraele ba neng ba mo obamela. (Jeremia 44:15-19) Mafoko ano a ka tswa a ne a bua ka modimo wa mosadi wa kwa Babelona yo o bidiwang Ishtar (Astarte).

  •   Bakeresete ba ntlhantlha ba ne ba sa obamele Marea e bile ba ne ba sa mo tseele kwa godimo. Rahisitori mongwe a re Bakeresete “ba ne ba ka se ka ba tseela Marea kwa godimo kgotsa go mo tlotlomatsa ka gonne seo se ne se tla tshwana le go obamela modimo wa maaka.”​—In Quest of the Jewish Mary.

  •   Baebele ya re Modimo ga a na tshimologo le fa e le bokhutlo. (Pesalema 90:1, 2; Isaia 40:28) Seo se raya gore ga a na mama. Gape Marea o ne a ka se kgone go tshola Modimo mo popelong ya gagwe ka gonne Baebele ya re le magodimo ka boone ga a lekane Modimo.​—1 Dikgosi 8:27.

Marea e ne e le Mmaagwe Jesu e seng “Mmaagwe Modimo”

 Marea e ne e le Mojuda e bile o ne a tswa mo losikeng lwa ga Kgosi Dafide. (Luke 3:23-31) Modimo o ne a mo rata ka gonne o ne a na le tumelo e bile a ineetse mo Modimong. (Luke 1:28) Modimo o ile a mo tlhopha gore a nne mmaagwe Jesu. (Luke 1:31, 35) Marea le Josefa ba ile ba nna le bana ba bangwe.​—Mareko 6:3.

 Le fa Baebele e re Marea o ile a nna mongwe wa balatedi ba ga Jesu, ga e tlhalose tshedimosetso e nngwe gape ka ene.​—Ditiro 1:14.

a Dikereke tse dintsi di ruta batho gore Marea ke mmaagwe Modimo. Di mmitsa “Kgosigadi ya kwa Legodimong” kgotsa di dirisa lefoko la Segerika Theotokos le le kayang “Mmaagwe Modimo.”