DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BAEBELE

Go Kaya Eng go Nna “Mosamarea yo o Molemo”?

Setswana
Go Kaya Eng go Nna “Mosamarea yo o Molemo”?
https://cms-imgp.jw-cdn.org/img/p/500100122/univ/art/500100122_univ_sqr_xl.jpg
ijwbq setlhogo 190

Go Kaya Eng go Nna “Mosamarea yo o Molemo”?

Go Kaya Eng go Nna “Mosamarea yo o Molemo”?

Karabo ya Baebele

Gantsi mafoko “Mosamarea yo o Molemo,” a dirisiwa go tlhalosa motho yo o ratang go thusa ba bangwe. Mafoko ano a tswa mo pegong kgotsa mo setshwantshong se Jesu a neng a se dirisa go bontsha gore moagisani yo o pelotlhomogi o thusa ba bangwe go sa kgathalesege gore ba tswa kae le gore ke ba lotso lefe. a

Mo setlhogong seno

 Setshwantsho sa “Mosamarea yo o Molemo” se bua ka eng?

Setshwantsho seo se bua ka eng? Go ne go na le monna mongwe yo neng a tswa kwa Jerusalema a ya Jeriko. Fa a le mo tseleng o ile a tlhaselwa ke dinokwane, di ile tsa mo itaya di bo di mo tlogela a le gaufi le go swa.

Moperesiti mongwe wa Mojuda o ile a feta ka tsela eo mme morago ga feta moeteledipele wa bodumedi wa Mojuda. Le fa gone e ne e le ba lotso lo le longwe le monna yoo, ba ile ba mo feta fela mme ga ba ka ba mo thusa.

Kwa morago go ile ga tla monna mongwe wa lotso lo longwe. Monna yoo e ne e le Mosamarea. (Luke 10:33; 17:16-18) Mosamarea yoo o ile a utlwela monna yo o gobetseng botlhoko mme a bo a hapa dintho tsa gagwe. O ile a mo isa kwa ntlong ya baeng a bo a mo tlhokomela. Mo letsatsing le le latelang, o ile a duela mong wa ntlo ya baeng a bo a kopa gore a tlhokomele monna yo o gobetseng, mo godimo ga moo o ile a re o tla duelela ditshenyegelo tsotlhe tsa monna yoo fa a boa.—Luke 10:30-35.

 Goreng Jesu a ile a bua ka setshwantsho seno?

Fa Jesu a bua ka setshwantsho seno, o ne a bua le monna mongwe yo neng a akanya gore batho ba lotso le bodumedi jwa gagwe ke bone fela baagisani ba gagwe. Jesu o ne a batla go ruta monna yono thuto ya botlhokwa ya gore “moagisani” ga a reye fela Bajuda. (Luke 10:36, 37) Pego eno e ne ya tsenngwa mo Baebeleng e le gore e solegele molemo botlhe ba ba batlang go itumedisa Modimo.—2 Timotheo 3:16, 17.

 Re ithuta eng mo setshwantshong seno?

Pego eno e bontsha gore moagisani yo o molemo o bontsha gore o utlwela ba bangwe botlhoko ka ditiro. O thusa ope fela yo o tlhokang thuso go sa kgathalesege gore motho yoo o tswa kae le gore ke wa lotso lofe. Moagisani yo o molemo o tshwara ba bangwe ka tsela e a ka ratang go tshwarwa ka yone.—Mathaio 7:12.

 Basamarea e ne e le bomang?

Basamarea ba ne ba nna kwa bokone jwa Judea. Ba ne ba akaretsa bana ba Bajuda ba ba neng ba nyalane le batho ba e seng Bajuda.

Ka lekgolo la ntlha C.E., Basamarea ba ne ba itiretse bodumedi jwa bone. Ba ne ba amogela fela dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Makwalo a Sehebera mme ba sa amogele tse dingwe.

Bajuda ba le bantsi ba motlha wa ga Jesu ba ne ba tlhoile Basamarea e bile ba sa batle go kopana le bone. (Johane 4:9) Bajuda ba bangwe ba ne ba dirisa lefoko “Mosamarea” e le go tlhapatsa.—Johane 8:48.

 A tota pego ya “Mosamarea yo o Molemo” e ile ya direga?

Dikwalo ga di bontshe gore a pego eno ke tiragalo e e neng ya direga. Le fa go ntse jalo, gantsi Jesu o ne a dirisa meetlo e e tlwaelegileng le mafelo fa a ruta, gore bareetsi ba gagwe ba kgone go mo tlhaloganya botoka.

Dintlha di le dintsi tse di bontshang gore lefelo leo le ne le ntse jang di boammaaruri. Ka sekai:

  • Tsela e e tswang Jerusalema e ya kwa Jeriko e boleele jwa dikilometara di feta 20 mme e boteng ka kilometara e le nngwe. Pego eno e ne e nepile fa e re batho ba ne ba tswa “Jerusalema [ba] fologela kwa Jeriko.”—Luke 10:30, Baebele e e Boitshepo.

  • Baperesiti le Balefi ba ba neng ba nna kwa Jeriko ba ne ba dirisa tsela eno fa ba ya kwa Jerusalema.

  • Dinokwane di ne di iphitlha mo tseleng e e se nang batho, ba emetse go tlhasela batho ba ba fetang mo tseleng eo segolobogolo ba ba neng ba tsamaya ba le esi.

a Setshwantsho sa “Mosamarea yo o molemo” se itsege gape e le setshwantsho sa “Moagisani wa Mosamarea.”