Fetela kwa tshedimosetsong

A Kgang ya Morwalela wa ga Noa ke Tlhamane Fela?

A Kgang ya Morwalela wa ga Noa ke Tlhamane Fela?

Karabo ya Baebele

Morwalela wa ga Noa ga se tlhamane fela. Modimo o ile a o tlisa mo lefatsheng go fedisa batho ba ba sa siamang mme o ile a laela Noa gore a age araka gore a boloke batho ba ba siameng le diphologolo. (Genesise 6:11-20) Re ka dumela gore Morwalela o kile wa nna gone ka gonne re bala ka one mo Baebeleng.—2 Timotheo 3:16.

 A ke nnete kgotsa ke tlhamane fela?

Baebele ya re go kile ga nna le motho yo o bidiwang Noa le gore Morwalela o kile wa direga.

  • Bakwadi ba Baebele ba bua ka Noa mo dibukeng tsa bone. Ka sekai, Esera le Luke e ne e le bakwadi ba ba tshepiwang ba hisitori mme ba ile ba umaka leina la ga Noa mo masikeng a setšhaba sa Iseraele. (1 Ditiragalo 1:4; Luke 3:36) Mathaio le Luke ba ba kwadileng ka botshelo jwa ga Jesu, ba ile ba kwala mafoko a Jesu a ileng a a bua ka Noa le ka Morwalela.—Mathaio 24:37-39; Luke 17:26, 27.

    Moporofeti Esekiele le moaposetoloi Paulo le bone ba ile ba re Noa e ne e le mongwe wa batho ba ba nang le tumelo e bile ba dira dilo tse di itumedisang Modimo. (Esekiele 14:14, 20; Bahebera 11:7) A bakwadi bano ba Baebele ba ne ba ka kwala ka motho yo o iseng a tsamaye a nne gone ba bo ba re rotloetsa gore re etse sekao sa gagwe? Go bonala sentle fela gore Noa le banna le basadi ba go buiwang ka bone mo Baebeleng, ba re tlhometse sekao se sentle ka gonne e ne e se batho ba ditlhamane.—Bahebera 12:1; Jakobe 5:17.

  • Go na le tshedimosetso e Baebele e e umakang ka Morwalela. Fa Baebele e bua ka Morwalela, ga e re “Gatwe e kile” jaaka e kete go buiwa ditlhamane. Go na le moo, Baebele e umaka ngwaga, kgwedi le letsatsi le Morwalela o tlileng ka lone. (Genesise 7:11; 8:4, 13, 14) Gape e bua ka boleele jwa araka ya ga Noa. (Genesise 6:15) Seno se re bontsha gore fa Baebele e bua ka Morwalela, ga e bue ka one jaaka e kete ke tlhamane fela.

 Goreng Modimo a dirile gore go nne le Morwalela?

Baebele ya re pele ga Morwalela, “bosula jwa motho bo ne bo le bogolo mo lefatsheng.” (Genesise 6:5) Gape ya re “lefatshe le ne la senyega mo ponong ya Modimo wa boammaaruri” ka gonne batho ba ne ba le dikgoka e bile ba sa itshwara sentle.—Genesise 6:11; Jude 6, 7.

Baebele ya re bosula joo jotlhe bo ile jwa bakwa ke baengele ba ba sa siamang, ba ba ileng ba tswa kwa legodimong go tla go robalana le basadi ba mo lefatsheng. Basadi bao ba ile ba nna le bana ba ba bidiwang Banefilime mme ba ne ba tlhorontsha batho. (Genesise 6:1, 2, 4) Modimo o ile a dira tshwetso ya go fedisa batho ba ba sa siamang le go tlogela ba ba siameng gore ba simolole dilo sesha.—Genesise 6:6, 7, 17.

 A batho ba ne ba itse gore Morwalela o e tla?

Ee. Modimo o ile a bolelela Noa gore go tlile go diragala eng, a bo a mo laela gore a age araka gore a kgone go boloka batho le diphologolo. (Genesise 6:13, 14; 7:1-4) Noa o ile a tlhagisa batho mme ba ile ba mo itlhokomolosa. (2 Petere 2:5) Baebele ya re: “Ba se ka ba tsaya tsia go fitlha morwalela o tla o bo o ba gogola botlhe.”—Mathaio 24:37-39.

 Araka ya ga Noa e ne e ntse jang?

Araka e ne e tshwana le lebokoso mme e ne e le boleele jwa dimetara di le 133, bophara jwa dimetara di le 22 le bogodimo jwa dimetara di le 13. * Araka eo e ne e agilwe ka dikgong tsa setlhare sa boroku e bile e tshasitswe tere mo teng le kwa ntle. E ne e na le matlhatlaganyane a le mararo le dikamore di le mmalwa. Go ne go na le kgoro mo khoneng mme go bonala fensetere e ne e le kwa godimonyana. Go bonala marulelo a araka eno a ne a dirilwe ka tsela e e dirang gore metsi a kgone go tshologa e seng go ema mo godimo ga yone.—Genesise 6:14-16.

 Go tsere Noa lobaka lo lo kae go aga araka?

Baebele ga e tlhalose gore Noa o tsere lobaka lo lo kae mme go bonala a tsere dingwaga di le dintsi. Noa o ne a na le dingwaga di feta 500 fa ngwana wa gagwe wa ntlha a tsholwa mme o ne a na le dingwaga di le 600 fa Morwalela o tla. *Genesise 5:32; 7:6.

Fa Modimo a ne a laela Noa gore a age araka, bana ba gagwe ba ne ba setse ba godile e bile ba nyetse, go ka direga gore ba ne ba le mo dingwageng tsa bo50 kgotsa bo60. (Genesise 6:14, 18) Fa e le gore tshedimosetso eno e boammaaruri, go raya gore go tsere Noa dingwaga di le 40 kgotsa 50 go fetsa go aga araka eo.

^ ser. 9 Baebele e dirisa dikubita fa e tlhalosa bogolo jwa araka. Kubita e le nngwe e ne e lekana le disentimetara di le 44,45.—Go ya ka buka ya The Illustrated Bible Dictionary, Revised Edition, Part 3, tsebe 1635.

^ ser. 10 Fa o batla go bona gore batho ba nako ya ga Noa ba ne ba tshela lobaka lo lo kae, bona setlhogo se se reng, “A Ruri mo Metlheng ya Ditiragalo Tsa Baebele Batho Ba ne Ba Tshela Lobaka lo Loleele Jaana?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya December 1, 2010.