Fetela kwa tshedimosetsong

Molao o o Reng “Leitlho mo Boemong Jwa Leitlho” o Kayang?

Molao o o Reng “Leitlho mo Boemong Jwa Leitlho” o Kayang?

Karabo ya Baebele

Molao o o reng “leitlho mo boemong jwa leitlho” ke karolo ya melao e Modimo a neng a e naya Moshe gore a e neye Baiseraele e bile Jesu o ile a bua ka one ka nako ya Thero ya kwa Thabeng. (Mathaio 5:38; Ekesodo 21:24, 25; Duteronome 19:21) Molao oo o ne o kaya gore fa motho a dirile sengwe se se phoso, katlholo ya gagwe e ne e tshwanetse go lekana le molato o a o dirileng. *

Molao oo o ne o dirisiwa fa motho a utlwisitse motho yo mongwe botlhoko ka boomo. Molao o Modimo a neng a o neile Moshe o ne o bua jaana ka motho yo o ntseng jalo: “Go robega mo boemong jwa go robega, leitlho mo boemong jwa leitlho, leino mo boemong jwa leino; mofuta wa bogole jo a dirang gore bo nne teng mo mothong, ke jo bo tshwanetseng jwa dirwa gore bo nne teng mo go ene.”—Lefitiko 24:20.

 Boikaelelo jwa molao ono e ne e le eng?

Molao o o reng “leitlho mo boemong jwa leitlho” o ne o sa direlwa gore motho a ipusolosetse ka boene. Go na le moo, o ne o diretswe go thusa baatlhodi gore fa ba atlhola motho ba se ka ba gagamatsa letsogo thata le fa e le go le repisa thata.

Gape molao oo o ne o diretswe go thibela motho gore a se ka a loga maano a go utlwisa motho yo mongwe botlhoko ka boomo. “Ba ba salang [kgotsa ba ba bonang fa molao wa Modimo o latelwa] ba tla utlwa ba bo ba boifa, mme ba ka se tlhole ba dira sepe se se bosula jaaka seno gape mo gare ga gago.”—Duteronome 19:20.

 A Bakeresete ba sa ntse ba latela molao ono?

Nnyaa, Modimo ga a lebelela gore Bakeresete ba latele molao ono ka gonne Molao o Modimo a neng a o naya Moshe o ile wa fedisiwa fa Jesu a sena go intsha setlhabelo.—Baroma 10:4.

Mme gone molao ono o re thusa go tlhaloganya tsela e Modimo a ikutlwang ka yone. Ka sekai, o re thusa go bona gore Modimo o rata tshiamiso. (Pesalema 89:14) Gape o re bontsha gore Modimo o batla gore motho yo o dirileng sengwe se se sa siamang a otlhaiwe go ya ka “selekanyo se se tshwanetseng.”—Jeremia 30:11.

 Dikgopolo tse di phoso ka molao ono

Kgopolo e e phoso: Molao ono o ne o le setlhogo thata.

Boammaaruri: Molao ono o ne o sa neye baatlhodi tshwanelo ya go feteletsa dilo fa ba atlhola motho. Go na le moo, baatlhodi ba ba tshwanelegang ba ne ba o latela fa fela ba sena go sekaseka kgetsi yotlhe le go bona gore a motho yo o molato o dirile seno ka boomo kgotsa e ne e le phoso fela. (Ekesodo 21:28-30; Dipalo 35:22-25) Ka jalo, molao ono o ne o thusa baatlhodi gore ba se ka ba feteletsa dilo fa ba atlhola motho.

Kgopolo e e phoso: Molao ono o ne o kgothaletsa batho gore ba nne ba ipusolosetsa.

Boammaaruri: Molao o Modimo a neng a o naya Moshe o ne o re: “O se ka wa ipusolosetsa le fa e le go tshwara bomorwa batho ba gaeno ka pelo.” (Lefitiko 19:18) Molao ono o ne o sa kgothaletse batho go ipusolosetsa, go na le moo, o ne o ba kgothaletsa go tshepa Modimo le dithulaganyo tse a di dirileng go rarabolola melato.—Duteronome 32:35.

^ ser. 3 Molao oo o ka Se-Latin o bidiwang lex talionis o ne o dirisiwa bogologolo mo dilong tsa semolao.