Fetela kwa tshedimosetsong

Babelona o Mogolo ke Eng?

Babelona o Mogolo ke Eng?

Karabo ya Baebele

Babelona o Mogolo, o go buiwang ka ene mo lokwalong lwa Tshenolo, ke madumedi otlhe a a rutang batho maaka, a Modimo a sa a batleng. * (Tshenolo 14:8; 17:5; 18:21) Le fa madumedi ano otlhe a sa dire dilo ka go tshwana, ka tsela nngwe a dira gore batho ba katoge Modimo wa boammaaruri, e bong Jehofa.—Duteronome 4:35.

O ka lemoga Babelona o Mogolo jang?

  1. Babelona o Mogolo o tshwantshetsa sengwe. Baebele e tlhalosa gore ke “mosadi” e bile ke “seaka se segolo” le gore o na le leina le e leng “bosaitsiweng: ‘Babelona o Mogolo.’” (Tshenolo 17:1, 3, 5) Buka ya Tshenolo e kwadilwe “ka ditshupo,” ka jalo go a utlwala go swetsa ka gore Babelona o Mogolo ga se mosadi wa mmatota mme o tshwantshetsa sengwe. (Tshenolo 1:1) Mo godimo ga moo, o ‘ntse mo metsing a mantsi’ a a emelang “batho le boidiidi le ditšhaba le diteme.” (Tshenolo 17:1, 15) Mosadi wa mmatota a ka se kgone go dira jalo.

  2. Babelona o Mogolo o emela mokgatlho wa lefatshe lotlhe. O bidiwa “motse o mogolo o bogosi jwa one bo leng godimo ga dikgosi tsa lefatshe.” (Tshenolo 17:18) Ka jalo, o na le tlhotlheletso mo lefatsheng lotlhe.

  3. Babelona o Mogolo ke mokgatlho wa bodumedi, e seng wa sepolotiki kgotsa wa kgwebo. Bogologolo Babelona e ne e itsege e le motse o o ratang bodumedi thata, o o dirisang “maselamose” le “boloi.” (Isaia 47:1, 12, 13; Jeremia 50:1, 2, 38) Tota e bile madumedi a a neng a ganetsa Modimo wa boammaaruri, e bong Jehofa, a ne a obamela koo. (Genesise 10:8, 9; 11:2-4, 8) Babusi ba Babelona ba ne ba ikgogomosetsa Jehofa le kobamelo ya gagwe. (Isaia 14:4, 13, 14; Daniele 5:2-4, 23) Ka tsela e e tshwanang, Babelona o Mogolo o itsege ka go “dirisana le meya.” Seno se bontsha gore ke mokgatlho wa bodumedi.—Tshenolo 18:23.

    Babelona o Mogolo ga e ka ke ya nna mokgatlho wa sepolotiki ka gonne “dikgosi tsa lefatshe” di a mo lelela fa a senngwa. (Tshenolo 17:1, 2; 18:9) Gape ga se mokgatlho wa kgwebo ka gonne Baebele e mo farologanya le ‘bagwebi ba lefatshe.’—Tshenolo 18:11, 15.

  4. Letlapa le le tshwantshitsweng Kgosi Nabonidus wa Babelona le matshwao a medingwana ya Sine, Ishetare le Shamashe

    Go a tshwanela gore go twe Babelona o Mogolo ke bodumedi jwa maaka. Go na le go ruta batho gore ba atamalane le Modimo wa boammaaruri, e bong Jehofa, bodumedi jwa maaka bo dira gore ba obamele medingwana. Baebele ya re go dira jalo ke go “akafala le medimo.” (Lefitiko 20:6; Ekesodo 34:15, 16) Ditumelo tse di jaaka gore Modimo ke Rara, ke Morwa e bile ke Moya o o Boitshepo; dithuto tsa gore moya ga o swe; le go dirisa ditshwantsho mo kobamelong, di tlholegile kwa Babelona mme di sa ntse di aname mo bodumeding jwa maaka. Madumedi ano a tswakanya kobamelo ya bone le go rata lefatshe. Baebele e bitsa go tlhoka go ikanyega gono e re ke kgokafalo ya semoya.—Jakobe 4:4.

    Madumedi a maaka a humile e bile a ipelafatsa ka dikhumo tsa one. Seno se dumalana le kafa Baebele e tlhalosang Babelona o Mogolo ka gone, gore o “apere bobududu jo bo mokgona le bohibidu jo bo letlhololo” e bile o “kgabisitswe ka gouta le leje le le tlhokegang le diperela.” (Tshenolo 17:4) Babelona o Mogolo ke motswedi wa dilo tse di “ferosang sebete tsa lefatshe” kgotsa ke motswedi wa dithuto le ditiro tse di sa tlotlomatseng Modimo. (Tshenolo 17:5) Maloko a bodumedi jwa maaka ke “batho le boidiidi le ditšhaba le diteme” tse di emang Babelona o Mogolo nokeng.—Tshenolo 17:15.

Babelona o Mogolo o ikarabelela ka dintsho tsa “botlhe ba ba bolailweng mo lefatsheng.” (Tshenolo 18:24) Hisitori e bontsha gore bodumedi jwa maaka ga bo a ka jwa tlhotlheletsa dintwa le borukutlhi fela, mme gape bo paletswe ke go ruta batho boammaaruri ka Jehofa, Modimo yo o lorato. (1 Johane 4:8) Mme go tlhoka go dira jalo go ne ga felela ka tshololo ya madi e e seng kana ka sepe. Ka jalo, go a utlwala go bo Baebele e re ba ba batlang go itumedisa Modimo ba tshwanetse go ‘tswa mo go [Babelona o Mogolo],’ ka go ikgaoganya le bodumedi jwa maaka.—Tshenolo 18:4; 2 Bakorintha 6:14-17.

^ ser. 1 Bona setlhogo se se reng, “Nka Bona Jang Bodumedi Jwa Boammaaruri?