Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SE SE KA FA NTLE: A O TSHWANETSE GO BOIFA BOKHUTLO JWA LEFATSHE?

Bokhutlo Jwa Lefatshe—Poifo, Kgatlhego le go Kgobega Marapo

Bokhutlo Jwa Lefatshe—Poifo, Kgatlhego le go Kgobega Marapo

O ikutlwa jang ka December 21, 2012, letlha le le mo khalendareng ya Ba-Maya le batho ba le bantsi ba ileng ba bolela gore le tla tlisa diphetogo mo lefatsheng lotlhe? Go ikaegile ka gore o ne o solofetse eng, o ka nna wa bo o itumetse, o kgobegile marapo kgotsa o sa tlhole o na le kgatlhego. A e ne e le polelelopele e nngwe gape e e seng boammaaruri ya bokhutlo jwa lefatshe?

Go tweng ka “bokhutlo jwa lefatshe” jo bo tlhalosiwang mo Baebeleng? (Mathaio 24:3, Baebele e e Boitshepo) Bangwe ba boifa gore lefatshe le tla fisiwa ka molelo. Ba bangwe ba kgatlhiwa ke dilo tse di ka nnang tsa direga ka bokhutlo jwa lefatshe. Ba le bantsi ba lapisitswe ke go nna ba bolelelwa gore bokhutlo jwa lefatshe bo gaufi. Mme a e ka tswa e le tsela e batho ba tsibogelang ditlhamane ka teng go na le kafa ba tsibogelang boammaaruri ka teng?

O ka gakgamadiwa ke go utlwa gore tota Baebele ya reng ka bokhutlo jwa lefatshe. Baebele ga e tlhalose fela lebaka la go bo re ka lebelela pele go tla ga bokhutlo mme gape e bontsha gore go ka nna ga dira gore bangwe ba kgobege marapo fa go bonala e kete bokhutlo ga bo tle. Re kopa gore o sekaseke dikarabo tsa Baebele tsa dipotso dingwe tse di tlwaelegileng tse di kaga bokhutlo jwa lefatshe.

 A lefatshe le tla fisiwa ka molelo?

KARABO YA BAEBELE: [Modimo] o thaile lefatshe mo mafelong a lone a a tlhomameng; ga le kitla le reketlisiwa ka bosakhutleng, kgotsa ka bosaengkae.”—PESALEMA 104:5.

Lefatshe le ka se senngwe, e ka tswa e le ka molelo kgotsa ka tsela epe e sele. Go na le moo, Baebele e ruta gore polanete eno ke legae le le nnetseng ruri la batho. Pesalema 37:29 ya re: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 115:16; Isaia 45:18.

Fa Modimo a sena go bopa lefatshe, o ne a re go “molemo tota” mme o sa ntse a ikutlwa fela jalo. (Genesise 1:31) Go na le gore a batle go le senya, o solofetsa “go senya ba ba senyang lefatshe” le go le sireletsa gore le se ka la senyediwa ruri.—Tshenolo 11:18.

Mme gone, o ka nna wa ipotsa ka 2 Petere 3:7. Temana eo ya Baebele ya re: “Magodimo le lefatshe tse di gone jaanong di boloketswe molelo.” A seo ga se bontshe gore lefatshe le tla fisiwa ka molelo? Tota e bile, ka dinako tse dingwe, Baebele e dirisa mafoko “magodimo,” “lefatshe” le “molelo” ka tsela ya tshwantshetso. Ka sekai, fa Genesise 11:1 e re: “Lefatshe lotlhe la tswelela le na le puo e le nngwe fela,” e dirisa “lefatshe” go kaya batho.

Go ya ka se se builweng mo go 2 Petere 3:7, go bontsha gore magodimo, lefatshe le molelo o o umakilweng moo le tsone ke dilo tsa tshwantshetso. Temana 5 le 6 di tsamaisana le Morwalela wa motlha wa ga Noa. Mo tiragalong eo, lefatshe la bogologolo le ne la senngwa mme polanete ya rona ga ya ka ya nyelela. Go na le moo, Morwalela o ne wa fedisa “lefatshe” kgotsa batho ba ba ratang thubakanyo. Gape o ne a wa fedisa mofuta mongwe wa “magodimo”—batho ba ba neng ba busa. (Genesise 6:11) Ka tsela e e tshwanang, 2 Petere 3:7 e bolelela pele ka go fedisediwa ruri ga batho ba ba bosula le mebuso e e bosula jaaka e kete di fisiwa ka molelo.

Go tla direga eng kwa bokhutlong jwa lefatshe?

KARABO YA BAEBELE: “Lefatshe le a feta le keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.”—1 JOHANE 2:17.

“Lefatshe” le le tla fetang, ga se polanete mme ke batho ba ba sa tsheleng go ya ka thato ya Modimo. Fela jaaka ngaka e e arang e ka ntsha tlhagala ya kankere go boloka botshelo jwa molwetse, Modimo o tla ‘kgaola’ batho ba ba bosula gore batho ba ba  siameng ba kgone go itumelela botshelo mo lefatsheng. (Pesalema 37:9) Ka tsela eo, “bokhutlo jwa lefatshe” ke selo se se siameng.

Go akanya ka “bokhutlo jwa lefatshe” ka tsela eo e e siameng go bonala mo dithanolong tsa Baebele, tse di ranotseng polelwana eno e le “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo,” kgotsa “bokhutlo jwa metlha.” (Mathaio 24:3, New International Version) E re ka batho le lefatshe ba tla falola bokhutlo, go a utlwala gore morago ga foo go tla nna le tsamaiso e ntšha ya dilo. Baebele e dumalana le seo, ka gore e bua ka ‘tsamaiso e e tlang ya dilo.’—Luke 18:30.

Jesu o ne a re nako eo ya isagwe ke “go ntšhafadiwa ga dilo tsotlhe.” Ka nako eo, o tla dira gore batho ba boe ba nne mo seemong se Modimo a neng a ikaeletse gore ba nne mo go sone kwa tshimologong. (Matthew 19:28, NIV) Ka nako eo re tla itumelela

Fa re dira “go rata ga Modimo” le se a batlang gore re se dire, ga re tlhoke go boifa bokhutlo jwa lefatshe. Go na le moo, re ka lebelela pele go tla ga jone.

A tota bokhutlo jwa lefatshe bo gaufi?

KARABO YA BAEBELE: “Fa lo bona dilo tseno di diragala, itseng gore bogosi jwa Modimo bo gaufi.”—LUKE 21:31.

Mo bukeng ya The Last Days Are Here Again, Porofesa Richard Kyle o ne a kwala ka gore “go bo go na le diphetogo tse di sa lebelelwang le tlhakatlhakano, seo se dira gore go nne le dipolelelopele ka bokhutlo jwa lefatshe.” Gantsi seno se direga fa go le thata go tlhalosa diphetogo le tlhakatlhakano e e leng teng.

Le fa go ntse jalo, baporofeti ba Baebele ba ba neng ba bua ka bokhutlo ba ne ba sa leke go tlhalosa ditiragalo tse di tlhakanyang tlhogo tsa mo metlheng ya bone. Go na le moo, Modimo o ne a ba tlhotlheletsa go tlhalosa maemo a a tla bontshang gore bokhutlo jwa lefatshe bo gaufi. Sekaseka bongwe jwa boporofeti joo mme o itirele tshwetso ya gore a bo a diragadiwa mo metlheng ya rona.

Jaaka Jesu a ile a bolela, fa re bona “dilo tseno tsotlhe” re tshwanetse go itse gore bokhutlo jwa lefatshe bo atametse. (Mathaio 24:33) Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore bosupi jono bo boammaaruri mme ba bolelela batho ba bangwe ka tumelo ya bone ka go rera mo dinageng di le 236.

A ditebelelo tse di seng boammaaruri ka bokhutlo di kaya gore bo ka se tle?

KARABO YA BAEBELE: “Motlhang ba reng: ‘Kagiso le polokesego!’ foo tshenyego ya tshoganyetso e tla ba wela ka ponyo ya leitlho fela jaaka setlhabi sa tlalelo mo mosading yo o moimana; mme ga ba kitla ba falola ka gope.”1 BATHESALONIKA 5:3.

Baebele e tshwantsha go senngwa ga lefatshe le go simologa ga ditlhabi tsa pelegi—mmè a ka se tile botlhoko joo mme bo tla ka tshoganyetso. Nako e e supang bokhutlo gape e tshwana le boimana, ka gonne mmè yo o imileng o nna a ntse a bona matshwao a a oketsegang a gore o tloga a belega. Ngaka ya gagwe e ka nna ya fopholetsa letlha la go tsholwa ga ngwana; le fa go ntse jalo, le fa pelegi e ka diega, o sa ntse a tlhomamisegile gore go ise go ye kae ngwana o tla tsholwa. Ka tsela e e tshwanang, ditebelelo dipe tse di seng boammaaruri ka ga bokhutlo ga di fetole boammaaruri jwa gore re tshela mo “metlheng ya bofelo.”—2 Timotheo 3:1.

O ka nna wa ipotsa gore, ‘Fa e le gore sesupo sa gore bokhutlo bo atametse se bonala sentle, ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba sa kgone go se lemoga?’ Baebele e bontsha gore fa bokhutlo bo atamela, batho ba le bantsi ba tla nyatsa bosupi jwa gone. Go na le gore ba dumele gore go na le diphetogo tse dikgolo mo  metlheng eno ya bofelo, ba tla sotla ba re: “Go tswa letsatsing le borraaronamogologolwane ba neng ba robala mo losong ka lone, dilo tsotlhe di sa ntse di ntse jaaka go tswa kwa tshimologong ya popo.” (2 Petere 3:3, 4) Ka mafoko a mangwe, sesupo sa metlha ya bofelo se bonala sentle mme ba le bantsi ba a se itlhokomolosa.—Mathaio 24:38, 39.

Mo setlhogong seno go sekasekilwe bosupi bongwe jwa Dikwalo jo bo bontshang gore bokhutlo bo atametse. * A o ka rata go ithuta mo go oketsegileng? Fa e le gore go ntse jalo, ke eng o sa ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa mme o amogele thuto ya bone ya mahala ya Baebele? Dithuto tseno di ka tshwarwa kwa legaeng la gago, kwa lefelong le lengwe le le go siametseng kgotsa le e leng ka founo. O tlhoka fela go ipha nako e bile melemo e o ka e bonang e mentsi thata.

^ ser. 39 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 9 ya setlhogo se se reng “A re Tshela mo ‘Metlheng ya Bofelo’?,” mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.