Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Babadi ba Makasine Ono

Go Babadi ba Makasine Ono

Makasine o o o balang gone jaanong o simolotse go gatisiwa ka July 1879. Dinako di fetogile fa e sa le ka nako eo, mme le makasine ono o fetogile. (Bona ditshwantsho tse di fa godimo) Go tloga ka makasine ono, o tla tlhokomela gore go na le diphetogo tse dingwe malebana le kafa makasine wa Tora ya Tebelo o lebegang ka gone. Go tla bo go na le diphetogo dife?

Mo dinageng di le dintsi, batho ba le bantsi ba bona tshedimosetso mo Internet mme ba rata go batla tshedimosetso ka tsela eno. Ka go tobetsa maose, ba kgona go bona tshedimosetso e e fitlhelwang mo Internet fela. Dibuka, dimakasine le makwalodikgang a le mantsi a kgona go balwa mo Internet.

E re ka batho ba le bantsi ba rata go bala tshedimosetso mo Internet, bosheng jaana re ile ra fetola Web site ya rona ya www.jw.org, re dira gore e kgatlhe le gore go nne motlhofo go e dirisa. Batho ba ba tsenang mo saeteng eno ba ka kgona go bala dikgatiso tse tlhagang ka dipuo tse di fetang 430. Le fa go ntse jalo, go simolola ka kgwedi eno, batho ba ba dirisang Web site ya rona ba ka kgona gape go bala ditlhogo tse di kgethegileng tse di ntseng di tlhaga ka metlha mo dimakasineng tsa rona tse di printilweng mme gone jaanong di tlhaga fela mo saeteng ya rona. *

E re ka re tla bo re tlhagisa ditlhogo tse di oketsegileng tse di tla tlhagang mo Internet fela, go tloga ka makasine ono, makasine wa Tora ya Tebelo ya batho botlhe o tla fokodiwa go tloga go ditsebe di le 32 go ya go di le 16. Tora ya Tebelo e setse e gatisiwa ka dipuo di le 204. E re ka ditlhogo tsa makasine ono di fokoditswe, go ka kgonega gore o ranolelwe mo dipuong tse di oketsegileng.

Re solofela gore diphetogo tseno di tla dira gore re kgone go fitlhelela batho ba ba oketsegileng ka molaetsa wa Baebele o o bolokang botshelo. Re ikemiseditse go tswelela re naya batho tshedimosetso e e rutang le e e kgatlhang—ka dikgatiso tse di printiwang le tse di mo Internet—gore di solegele molemo babadi ba rona ba bantsi ba ba tlotlang Baebele le ba ba batlang go itse gore tota e ruta eng.

Bagatisi

^ ser. 5 Dingwe tsa ditlhogo tse di tla tlhagang mo Internet ke tse di latelang: Setlhogo se se reng ““Tsa Basha,”” se se nang le porojeke ya go ithuta Baebele e basha ba ka itirelang yone le se se reng ““Se ke se Ithutang mo Baebeleng,” se se diretsweng batsadi gore ba se dirise le bana ba bone ba dingwaga di le tharo le kwa tlase.