Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Babadi ba a Botsa . . .

A go Nna le Tumelo ke Tsela ya go Ikgomotsa Fela?

A go Nna le Tumelo ke Tsela ya go Ikgomotsa Fela?

Go ritibatsa maikutlo ke tsela nngwe ya go itsietsa e e dirang gore batho ba itlhokomolose boammaaruri le go dira gore motho a se ka a akanya sentle. Ka sekai, batho bangwe ba dirisa bojalwa go ritibatsa maikutlo a bone. Kwa tshimologong bojalwa bo ka dira gore ba ikutlwe ba itshepa e bile ba kgona go lebana le mathata a botshelo. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, batho ba ba ikaegang ka bojalwa ba ikutlwisa botlhoko. A go ka buiwa se se tshwanang ka bodumedi?

Batho bangwe ba dumela gore go nna le tumelo go tshwana le go dumela sengwe le sengwe. Ba re batho ba ba ikaegang ka tumelo ga ba batle go ikakanyetsa kgotsa ga ba batle go nna le bosupi jo bo tlhotlheletsang se ba se dumelang. Batshwayadiphoso bao ba kaya gore batho ba ba nang le tumelo e e nonofileng ba itlhokomolosa boammaaruri.

Baebele e bua go le gontsi ka tumelo. Le fa go ntse jalo, ga go na gope mo e re kgothaletsang gore re dumele sengwe le sengwe. E bile ga e rotloetse batho gore ba itsape go akanya. Go na le moo, e tlhalosa batho ba ba dumelang sengwe le sengwe se ba se utlwang e le batho ba ba se nang maitemogelo kgotsa dieleele. (Diane 14:15, 18) Ruri e tla bo e le boeleele go amogela kgopolo e e rileng e le boammaaruri kwantle ga go sekaseka mabaka! Go tla bo go tshwana le go bipa matlho a rona mme re bo re leka go kgabaganya mmila o o tlhanaselang fela ka gonne mongwe a re laetse gore re dire jalo.

Go na le gore Baebele e re kgothaletse gore re dumele sengwe le sengwe, e re kgothaletsa gore re nne re butse matlho rona a tshwantshetso gore re se ka ra tsiediwa. (Mathaio 16:6) Re nna re butse matlho a rona ka go dirisa ‘maatla a rona a go akanya.’ (Baroma 12:1) Baebele e re thapisa gore re neele bosupi jwa se re se buang le go dira ditshwetso tse di siameng tse di theilweng mo mabakeng. Ela tlhoko dikai dingwe go tswa mo makwalong a ga moaposetoloi Paulo.

Fa Paulo a ne a kwalela batho ba ba kwa phuthegong ya Roma, o ne a sa batle gore ba dumele mo Modimong fela ka gonne a ba bolelela gore ba dire jalo. Go na le moo, o ne a ba kgothaletsa gore ba sekaseke bosupi jwa gore Modimo ke motho wa mmatota. O ne a kwala jaana: “Dinonofo tse di sa bonaleng tsa [Modimo] di bonwa sentle mo popong ya lefatshe go ya pele, ka gonne di lemogiwa ka dilo tse di dirilweng, e leng maatla a gagwe a a sa feleng le Bomodimo, mo e leng gore [ba ba ganetsang bolaodi jwa Modimo] ga ba na seipato.” (Baroma 1:20) Paulo o ne a dirisa tsela e e tshwanang ya go tlhalosa dilo fa a ne a kwalela Bahebera. O ne a re: “Ke boammaaruri gore, ntlo nngwe le nngwe e agiwa ke mongwe, mme yo o agileng dilo tsotlhe ke Modimo.” (Bahebera 3:4) Mo lekwalong le Paulo a le kwaletseng Bakeresete ba ba nnang kwa motseng wa Thesalonika, o ne a ba kgothaletsa gore ba tlhophe se ba se dumelang. O ne a batla gore ba ‘tlhomamise dilo tsotlhe.’—1 Bathesalonika 5:21.

Tumelo e ka nna thebe e e re sireletsang

Tumelo e e sa theiwang mo bosuping jo bo utlwalang e ka nna sengwe se o ka ikaegang ka sone fela, se se ka dirang gore motho a tsietsege le go utlwa botlhoko. Paulo o ne a bua jaana ka batho bangwe ba badumedi ba motlha wa gagwe: “Ke naya bosupi ka bone gore ba na le tlhoafalo ka Modimo; mme e seng go ya ka kitso ya boammaaruri.” (Baroma 10:2) A bo go le botlhokwa jang ne gore re latele kgakololo ya ga Paulo e a neng a e neela phuthego ya kwa Roma! O ne a re: “Lo fetolwe ka go fetola megopolo ya lona, gore lo iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.” (Baroma 12:2) Tumelo e e theilweng mo kitsong ya boammaaruri ya Modimo ga e nne selo se re ikaegang ka sone mme e nna “thebe e kgolo” e e re sireletsang gore re se ka ra utlwa botlhoko mo maikutlong le gore re se ka ra gobala semoyeng.—Baefeso 6:16.