Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se ke Se Ithutang mo Baebeleng

DINGWAGA TSE 3 GO YA KWA TLASE

Se ke Se Ithutang mo Baebeleng

Pula e a na.

“Ga ke kgone go tswela kwa ntle.

Goreng e sa kgaotse?”

Boipelo o a lela.

Mme ka tshoganyetso!

Letsatsi le a tlhaba.

Pula e sele.

Boipelo o itumetse!

O tabogela kwa ntle,

mme ka boitumelo,

Boipelo o bona

sengwe se se gakgamatsang.

Boipelo a re,

“Ke ne ke sa itse

gore pula e e tswang kwa Modimong

e dira gore malomo a gole!”

SE BATSADI BA KA SE DIRANG

E re ngwana wa gago a supe:

  • Fensetere

  • Boipelo

  • Malomo

  • Nonyane

  • Setlhare

Batla dilo tse di fitlhegileng.

  • Khukhwane

  • Sefofane

Bala Ditiro 14:17. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a dirile pula?