Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Atamalana le Modimo

“Jehofa o Kopa Eng mo go Wena?”

“Jehofa o Kopa Eng mo go Wena?”

JEHOFA o lebeletse eng mo bathong ba ba batlang go mo obamela ka tsela e a e amogelang? A o lebeletse gore ba itekanele, ka go dira jalo a dira gore go nne thata gore rona batho ba ba sa itekanelang re mo itumedise? Kgotsa a o lebeletse gore re dire fela se re ka se kgonang? Dikarabo tsa dipotso tseo di botlhokwa fa e le gore re batla go itumela fa re direla Modimo. Mma re sekaseke kafa moporofeti Mika a ileng a sobokanya dilo tse Modimo a di lebeletseng mo go rona ka teng.—Bala Mika 6:8.

“O go boleletse se se molemo.” Ga re tlhoke go fopholetsa gore Modimo o lebeletse eng mo go rona. O re boleletse, ka go tlhalosa se a se lebeletseng mo go rona sentle mo Baebeleng. Se Modimo a re kopang sone “se molemo.” Go ne go ka se nne ka tsela e nngwe. “Modimo ke lorato,” ka gone o re batlela se se molemo. (1 Johane 4:8; 5:3) Go ela tlhoko se a se lebeletseng mo go rona ga go mo itumedise fela mme gape go re solegela molemo.—Duteronome 10:12, 13.

“Jehofa o kopa eng mo go wena?” A Modimo o na le tshwanelo ya go kopa sengwe mo go rona? Ee, o na le tshwanelo eo! E re ka e le Motswedi wa botshelo e bile e le Motlamedi wa botshelo, re tshwanetse go mo ikobela. (Pesalema 36:9) Mme gone, o kopa eng mo go rona? Mika o sobokanya dilo tse Modimo a di lebeletseng mo go rona ka dipolelwana di le tharo. Tsa ntlha tse pedi di amana thata le kafa re dirisanang le batho ba bangwe ka teng mme ya boraro e amana le kamano ya rona le Modimo.

‘Dira tshiamiso.’ Go ya ka buka nngwe, lefoko la Sehebera le le reng “tshiamiso” “le akaretsa go nna le dikamano tse di siameng le tse di tshwanetseng mo setšhabeng.” Modimo o re kopa gore re tshware ba bangwe sentle le ka tsela e e tshwanetseng go ya ka melao ya gagwe. Re dira tshiamiso fa re sa tlhaole ba bangwe, re ba tshwara sentle e bile re ikanyega mo go bone. (Lefitiko 19:15; Isaia 1:17; Bahebera 13:18) Fa re dirisana le ba bangwe ka tshiamo le bone ba ka tlhotlheletsega gore re tshwara jalo.—Mathaio 7:12.

“Go rata bopelonomi.” Modimo ga a re kope fela gore re bontshe bopelonomi mme o batla gore re bo rate. Lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “bopelonomi” (cheʹsedh) le ka ranolwa gape e le “bopelonomi jo bo lorato” kgotsa “lorato lo lo ikanyegang.” Mokanoki mongwe wa Baebele a re: “Lorato, bopelotlhomogi le bopelonomi ke dithanolo tse di sa felelang tsa lefoko [cheʹsedh]; ga se epe ya dinonofo tseno e le nngwe mme ke tsone tsotlhe di kopane.” Fa re rata bopelonomi, re bo bontsha ka go rata; re itumelela go thusa batho ba ba tlhokang. Ka ntlha ya seo, re nna le boitumelo jo bo nnang teng ka ntlha ya go aba.—Ditiro 20:35.

“Nna boingotlo fa o tsamaya le Modimo wa gago.” Mo Baebeleng, polelwana “fa o tsamaya” e kaya “go tsaya kgato e e rileng.” Re tsamaya le Modimo ka go latela tsela ya botshelo e a e tlhalositseng mo Baebeleng. Re tshwanetse “go nna boingotlo” fa re tsaya kgato eo. Jang? Fa re le boingotlo fa pele ga Modimo, re lemoga seemo sa rona fa pele ga gagwe e bile re lemoga makoa a rona. Ka jalo “go nna boingotlo fa o tsamaya le” go kaya go nna tekatekano malebana le se re akanyang gore o se lebeletse mo go rona le se re kgonang go se dira.

Se se itumedisang ke gore, le ka motlha Jehofa ga a ke a batla se se fetang se re se kgonang. O a itumela fa re dira sotlhe se re ka se kgonang go mo direla. (Bakolosa 3:23) O tlhaloganya makoa a rona. (Pesalema 103:14) Fa le rona, ka boingotlo jo bo tshwanetseng, re ithuta go amogela makoa a rona, re ka kgona go itumelela go tsamaya le ene. Ke eng fa o sa ithute gore o ka simolola jang go tsamaya le Modimo? Fa re dira jalo, o tla re segofatsa thata.—Diane 10:22.

Dikgaolo tsa Baebele tse di ka balwang ka November:

Joele 1Mika 7