Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Motho—O Bopilwe e le Morwa Modimo

Motho—O Bopilwe e le Morwa Modimo

 Motho—O Bopilwe e le Morwa Modimo

JEHOFA MODIMO o bopile motho wa ntlha ka lorole lo lo tswang mo mmung a bo a budulela moya wa botshelo mo teng ga maroba a dinko tsa gagwe “mme motho a nna moya o o tshelang.” (Genesise 2:7; 1 Bakorintha 15:45) Fa Adame a sena go bopiwa le go naya diphologolo maina, Modimo o ne a dira gore a robale boroko jo bogolo; fa a ntse a robetse Modimo a tsaya longwe lwa dikgopo tsa ga Adame a bo a bopa mosadi ka lone. Ka jalo fa a ne a tlisiwa mo go ene Adame o ne a ka re: “Yono ke lerapo la marapo a me le nama ya nama ya me.” O ne a re ke Mosadi, “ka gonne a ntshitswe mo monneng.” (Genesise 2:21-23) Moragonyana Adame o ne a mo naya leina a re ke Efa (mo go kayang “Yo o Tshelang”).—Genesise 3:20.

Fa moaposetoloi Paulo a ne a neela Baathena bosupi jwa gore Jehofa Modimo ke ene a bopileng motho, o ne a re: “O dirile setšhaba sengwe le sengwe sa batho go tswa mo mothong a le mongwe, gore ba nne mo godimo ga lefatshe lotlhe.” (Ditiro 17:26) Ka jalo, ditšhaba le ditso tsotlhe di tswa mo mothong a le mongwe.

Monna le Mosadi wa Ntlha

Adame le Efa ba ne ba bopiwa go ela kwa bofelong jwa “letsatsi” la borataro la popo. (Genesise 1:24-31) Ga go na dipego dipe tse di buang ka motho wa bogologolo, mekwalo ya gagwe, temothuo le dilo tse a neng a di kgatlhegela pele ga 4026 B.C.E. e leng nako e Adame a bopilweng ka yone. E re ka Baebele e tlhalosa hisitori ya motho go tloga fela kwa tshimologong fa batho ba babedi ba ntlha ba bopiwa, ga go ka ke ga twe batho ba nnile gone pele ga tiragalo eno. Dipego tsa masaledi a a omeletseng a ditshedi tsa bogologolo mo lefatsheng di bontsha gore ga go na go tshwana gope magareng ga diphologolo le batho. Gape ga go na bosupi bope jwa gore batho ba ne ba tshela jaaka diphologolo mo dipegong tsa bogologolo tsa batho, e ka ne e le mo ditlankaneng tse di kwadilweng, mo dilong tse di setilweng mo dikgageng, mo majeng kgotsa mo dilong tse di tshwanang le tseo.

Dikwalo di tlhalosa se se farologaneng, go re kwa tshimologong motho e ne e le morwa Modimo mme o ne a leofa. (Moreri 7:20; 1 Johane 1:8-10) Moithutamarope e bong O. D. Miller a re: “Ka jalo thuto e e neng e dumelwa mo ‘motlheng wa bogologolo’ e ne e se tlhamane. Ga go pelaelo gore thuto ya bogologolo ya go re motho o ne a leofa le gore losika lwa batho lo ne lwa diragalelwa ke selo se se utlwisang botlhoko mme ba latlhegelwa ke boitumelo le boitsheko jo ba neng ba na le jone pele ke boammaaruri jo bo utlwisang botlhoko jo bo ka se kang jwa belaelwa. Dikgopolo tse re nang le tsone gompieno tsa bogologolo, tse di simololang ka gore motho wa pele e ne e le phologolo, ruri di tshwanetse go fetolwa. . . . Nnyaa; motho wa pele e ne e se phologolo.”—Har–Moad, 1892, tsebe 417.

Baebele e senola gore legae la ntlha la motho e ne e le “tshingwana mo Edene.” (Genesise 2:8) Tshingwana eno e ne e le gaufi le lefelo le batho ba pele ga Morwalela ba neng ba tshela mo go lone. Tsela e gantsi bakanoki ba lebang dilo ka yone e tlhalositswe jaana ke P. J. Wiseman: “Bosupi jotlhe jo re nang le jone jwa Genesise, thutamarope le dilo tse batho ba di dumelang di bontsha gore dipoa tsa Mesopotamia ke lone legae la bogologolo la batho. Tsela e batho ba ba nnang kwa botlhaba jo bo kgakala ba tlhabologileng ka yone, e ka ne e le Ba-China kgotsa Ba-India, ga e ka ke ya tshwana le ya batho bano ba bogologolo, ka jalo e bontsha sentle gore ke teng kwa botshelo bo simologileng gone.”—New Discoveries in Babylonia About Genesis, 1949, tsebe 28.

Motho o Bopilwe mo “Setshwanong sa Modimo”

Fa Modimo a ne a bua le ‘modiri wa gagwe yo o setswerere’ ka boikaelelo jwa gagwe jwa go bopa batho o ne a re: “A re dire motho mo setshwanong sa rona, kafa tshwanong ya rona.” (Genesise 1:26,  27; Diane 8:30, 31; bapisa le Bakolosa 1:15-17.) Ela tlhoko gore Dikwalo ga di re Modimo o ne a bopa motho mo setshwanong sa phologolo e e tlhaga ya naga kgotsa ya mo lapeng kgotsa tlhapi. Motho o bopilwe mo “setshwanong sa Modimo”; e ne e le “morwa Modimo.” (Luke 3:38) Gore Modimo o na le mmele o o ntseng jang “ga go nako epe e mongwe a boneng Modimo ka yone.” (1 Johane 4:12) Ga go motho ope mo lefatsheng yo o itseng gore mmele wa Modimo o o galalelang, wa selegodimo, wa semoya o ntse jang, ka jalo re ka se tshwantshe mmele wa motho le wa Modimo. “Modimo ke Moya.”—Johane 4:24.

Le fa go ntse jalo, motho o bopilwe “mo setshwanong sa Modimo” ka gonne o bopilwe a na le dinonofo tse di tshwanang le tsa Modimo tse di jaaka lorato le tshiamiso. (Bapisa le Bakolosa 3:10.) Gape o na le maatla le botlhale jo bo fetang jwa diphologolo, gore a kgone go anaanela dilo tse Modimo a di anaanelang le go di itumelela tse di jaaka bontle jwa botaki, go bua, go ntsha mabaka le dilo tse dingwe tse mogopolo le pelo di kgonang go di dira tse diphologolo di sa kgoneng go di dira. Mo godimo ga moo, motho o kgona go nna le kamano e e gaufi le Modimo, a mo itse a bo a bue le ene. (1 Bakorintha 2:11-16) Ka ntlha ya mabaka ano motho o ne a ka kgona go emela Modimo sentle le go laola mefuta ya dibopiwa tse di tshelang mo loaping, mo lefatsheng le mo lewatleng.

E re ka motho a bopilwe ke Modimo, o ne a itekanetse go tswa kwa tshimologong. (Duteronome 32:4) Ka jalo, Adame o ne a na le tshiamelo ya go naya bana ba gagwe botshelo jo bo itekanetseng le tshono ya go tshelela ruri mo lefatsheng. (Isaia 45:18) Adame le Efa ba ne ba laelwa jaana: “Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe lo bo lo le fenye.” (Genesise 1:28) Fa lelapa la bone le ntse le oketsega, ba ne ba tla lema lefatshe le go dira gore le nne lentle ka tsela e Mmopi wa bone a le bopileng ka yone.

Bokgoni Jwa go Itlhophela

E re ka motho a bopilwe mo setshwanong sa Modimo, go ya ka fa tshwanong ya gagwe, o ne a kgona go itlhophela. O ne a kgona go itlhophela go dira se se siameng kgotsa se se sa siamang. O ne a ka ikobela Mmopi wa gagwe a sa patelediwe ke sepe le ka lorato, mme o ne a ka kgona go tlotla le go galaletsa Modimo go feta diphologolo. Ka botlhale o ne a ka baka Modimo ka ntlha ya dinonofo tsa gagwe tse di molemo e bile o ne a ka kgona go ema bolaodi jwa gagwe nokeng.

Le fa go ntse jalo, kgololesego ya ga Adame e ne e lekanyeditswe. O ne a ka tswelela a tshela a itumetse fa fela a ne a ikobela bolaodi jwa ga Jehofa. Seno se bonala ka setlhare sa kitso ya molemo le bosula se Adame a neng a laetswe gore a se ka a se ja. Go se ja e ne e tla bo e le sesupo sa go sa nne kutlo kgotsa go tsuologela bolaodi jwa Modimo.—Genesise 2:9, 16, 17.

E re ka Adame e ne e le “morwa Modimo,” kamano ya gagwe le Modimo e ne e tshwana le ya morwa le rraagwe mme o ne a tshwanetse go mo ikobela. (Luke 3:38) Mo godimo ga moo, Modimo o ne a bopa motho a na le keletso ya go mo obamela. Keletso eno, fa e sa dirisiwe sentle e ne e tla dira gore motho a dire se se sa siamang le go fedisa kgololesego ya gagwe, e dira gore a obamele selo sengwe se se bopilweng go na le gore a obamele Mmopi. Kwa bofelong seno se ne se tla dira gore a tlontlologe.

Morwa Modimo wa semoya yo o neng a tsuologa o ne a dira gore mosadi wa ga Adame e bong Efa a leofe mme Efa ene a raela Adame yo o neng a tsuologela Jehofa ka boomo. (Genesise 3:1-6) Fa Adame a sena go leofa o ne a latlhegelwa ke tshiamelo ya go nna morwa Modimo le go itekanela mme a fetisetsa boleo, go sa itekanela le loso mo baneng ba gagwe e leng mo bathong botlhe. Tota le fa ba tsholwa ba ne ba le mo setshwanong sa Rraabone Adame, ba sa itekanela e bile ba tlile go swa.—Genesise 3:17-19; Baroma 5:12.

Jehofa o dirile thulaganyo e e lorato ya go golola batho mo botlhankeng jwa boleo le loso. Gore molao wa Modimo o o itekanetseng o diragadiwe ka botlalo, motho yo o itekanetseng o ne a tshwanetse go ntshiwa setlhabelo go re naya se motho yo o itekanetseng, Adame a se latlhileng ka go tlhoka kutlo. (1 Bakorintha 15:22) Modimo o ne a romela morwawe yo o tsetsweng a le esi e bong Jesu Keresete, gore a tsholwe e le monna yo o itekanetseng mo lefatsheng. O ne a amogela kabelo eno ka boikokobetso mme ka loso lwa gagwe lo lo utlwisang botlhoko mo thupeng ya tlhokofatso o ne a golola batho mme a dira gore go kgonege gore batho ba ba sa itekanelang ba lebelele pele isagwe e e itumedisang e le bana ba Modimo.—Baroma 8:20, 21.