Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Baebele ke Lefoko la Modimo?

A Baebele ke Lefoko la Modimo?

“Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go otlhayeng ka tshiamo, gore motho wa Modimo a tshwanelege ka botlalo, a tlhomeleletse ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.”—2 TIMOTHEO 3:16, 17.

ELERURI mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo a bontsha kafa Baebele e leng botlhokwa thata ka gone! Gone ke boammaaruri gore o ne a bua ka karolo ya Baebele e e neng e le teng mo motlheng wa gagwe—mekwalo e ka dinako tse dingwe batho ba reng ke Tesetamente e Kgologolo. Mme totatota mafoko a gagwe a akaretsa le dibuka tsotlhe tse 66 tse di mo Baebeleng le tse di kwadilweng ke barutwa ba ba ikanyegang ba ga Jesu mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.

A o tsaya Baebele e le botlhokwa fela jaaka Paulo? A tota o akanya gore bakwadi ba Baebele ba ne ba tlhotlheleditswe ke Modimo? Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba dumela jalo. Ga ba bolo go nna ba dumela seo. Ka sekai, moruti wa Moesemane e bong John Wycliffe wa lekgolo la lesome le bonè la dingwaga, o ne a tsaya Baebele e le “molao wa boammaaruri o o ka ikanngwang.” Fa The New Bible Dictionary e tlhalosa mafoko a ga Paulo a a umakilweng fa godimo, ya re e re ka Modimo a e “tlhotlheleditse, seo se tlhomamisa gore sotlhe se Baebele e se buang se boammaaruri.”

Go Fetoga ga Maikutlo a Batho ka Baebele

Le fa go ntse jalo, bosheng jaana batho ga ba tlhole ba ikanya Baebele. Buka ya The World’s Religions ya re, “Bakeresete botlhe [ba sa ntse] ba bolela gore Baebele e ka ikanngwa gore e kaele se ba se dirang le se ba se dumelang.” Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore ditiro tsa bone di latola seo. Batho ba le bantsi jaanong ba leba Baebele e le “ngwao ya batho e e ka se kang ya ikanngwa.” Le fa ba dumela gore bakwadi ba Baebele e ne e le banna ba ba nang le tumelo e kgolo, ga ba lebe bakwadi bano fela e le banna ba ba sa itekanelang ba ba lekang go tlhalosa dithuto tse di boteng tsa Modimo mme gape ba ba leba e le ba ba tlhaelang kitso le tshedimosetso e re nang le yone gompieno.

Boammaaruri ke gore mo metlheng eno, tota ke batho ba se kae fela ba ba letlang Baebele e kaela se ba se akanyang le se ba se dirang. Ka sekai, ke ga kae o utlwa batho ba re melaometheo ya Baebele ya boitsholo e feletswe ke nako e bile ga e sa tlhole e dira? Batho ba le bantsi ba akanya gore ba ka ruta batho melao mengwe ya Baebele e ba batlang go e utlwa kgotsa ba ka nna ba tlhopha go e itlhokomolosa fa ba ikutlwa go dira jalo. Batho bangwe ba ba ipitsang Bakeresete ba itlhokomolosa ka boomo se Baebele e se buang ka kgokafalo, boaka, go sa ikanyege le botagwa.—1 Bakorintha 6:9, 10.

Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo? Mo tshimologong ya lekgolo la bo20 la dingwaga, moithutamarope mongwe e bong Rre Charles Marston o ne a tlhalosa lebaka lengwe mo bukeng ya gagwe ya The Bible Is True. O ne a re batho ba le bantsi ba ne ba itlhaganelela go “dumela ba sa ganetse se bakwadi ba gompieno ba neng ba se fopholetsa,” ba ba neng ba tlhasela boammaaruri jwa Baebele. A go sa ntse go ntse jalo le gompieno? Re tshwanetse go leba jang dikakanyo le dikgopolo tsa bakanoki ba ba belaelang gore Baebele e a ikanyega. Bona gore setlhogo se se latelang sa reng ka kgang eno.