Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Lefatshe le Tla Ntsha Dijo Tse di Lekaneng Gore re Tswelele re Tshela?

A Lefatshe le Tla Ntsha Dijo Tse di Lekaneng Gore re Tswelele re Tshela?

Babadi ba a Botsa . . . 

A Lefatshe le Tla Ntsha Dijo Tse di Lekaneng Gore re Tswelele re Tshela?

▪ Lefatshe e leng polanete ya rona e ntle le na le dilo di le dintsi thata tse di dirang gore re tswelele re tshela. Le fa go ntse jalo, palo ya batho e e ntseng e oketsega le tsela e dilo tse lefatshe le di tlhagisang di dirisiwang ka bonako ka yone, e ka dira gore o ipotse jaana: ‘A go tla nna le nako e ka yone lefatshe le tla bong le sa ntshe sepe? A lefatshe le tla nna le ntsha dijo tse di lekaneng le dilo tse dingwe?’

Fa re akanya ka potso eno, re ka tlhomamisega gore se Modimo a se solofeditseng batho mo dingwageng di feta 4 000 tse di fetileng se tla direga: “Malatsi otlhe a lefatshe le tswelelang le le gone ka one, go jala peo le thobo, serame le mogote, selemo le mariga, motshegare le bosigo, ga di kitla di khutla.” (Genesise 8:22) Ka jalo, fela jaaka re itse gore letsatsi le tla tlhaba letsatsi le letsatsi, re ka tlhomamisega gore lefatshe le ka se ka la kgaotsa go ntsha dilo tse di tlhokegang gore re tswelele re tshela.

Mo pegong ya 2004 ya setlhogo se se reng “A Polanete ya Rona e ka Kgona go re Tlamela?” Alex Kirby, mmegi wa dikgang tsa tikologo o ne a re: “Lefatshe le tlhagisa dijo tse dintsi tse di ka kgonang go tlamela mongwe le mongwe. Gantsi dijo di a bo di le mo lefelong le le sa siamang kgotsa tlhwatlhwa ya tsone e le kwa godimo thata mo batho ba sa kgoneng go di reka kgotsa di ka se ka tsa bolokwa lobaka lo loleele. Ka jalo go tlhomamisa gore mongwe le mongwe o na le dijo tse di lekaneng ke kgang e e amanang thata le dipolotiki e seng le saense.” Fa lefatshe le tlhokometswe sentle e bile dilo tse di tswang mo go lone di dirisiwa sentle, go ka se nne le lebaka la go boifa gore go tla nna le tlhaelo ya dijo. Ka sekai, mo motlheng wa Baiseraele ba bogologolo, Modimo o ne a laetse ka tsela e e utlwalang sentle gore lefatshe le dirisiwe jang. Jaaka go begilwe mo go Lefitiko 25:4, Modimo o ne a raya Baiseraele a re: “Mo ngwageng wa bosupa lefatshe leo le nne le sabata wa boikhutso jo bo feletseng . . . Lo se ka lwa jala peo mo tshimong ya lona.” Tota le fa ba ne ba sa tshwanela go lema lefatshe mo ngwageng mongwe le mongwe wa bosupa, Modimo o ne a solofeditse gore o tla tlhomamisa gore batho ba gagwe ba itumelela dilo di le dintsi tse di molemo le gore ga ba tshwenyege ka gore di ne di tla tlhaela.—Lefitiko 26:3-5.

Tota le fa gompieno batho ba leka ka natla go baakanya tshenyo e e bakilweng mo lefatsheng le mo dilong tse lefatshe le di ntshang, ba le bantsi ba amegile thata ka gore maiteko a a dirilweng ga se a sepe kgotsa a dirilwe go setse go le thari. Tharabololo e le yosi fela ya leruri e mo go Tshenolo 11:18. Baebele ya re Jehofa o tla “senya ba ba senyang lefatshe.” Jehofa ga a kitla a fedisa fela batho ba ba senyang lefatshe le dilo tse di ntshiwang mo go lone mme gape o tla tlhomamisa gore lefatshe le tlhagisa dijo tse dintsi tse di tla fepang batho botlhe ba ba nnang mo go lone. Batho botlhe ba ba itlhokomolosang ka boomo boikaelelo jwa Modimo le go senya lefatshe ka ntlha ya bopelotshetlha ba tla fedisiwa. Ka fa letlhakoreng le lengwe, batho ba ba emang bolaodi jwa ga Jehofa nokeng ka go rata ba tla bona gore mafoko ano a a mo go Pesalema 72:16 a boammaaruri: “Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba.”

Jehofa o ikaeletse gore batho ba tshele le go tlhokomela legae la bone—lefatshe la paradaise, ka ntlha ya lorato le botlhale jwa gagwe. (Genesise 1:28) Mo pusong ya gagwe, batho ba ba kutlo ba tla ithuta go dirisa dilo tse di tswang mo lefatsheng ka botlhale mme di sa fele. Ruri re leboga Motlamedi yo o lorato jalo yo o tla kgotsofatsang keletso ya setshedi sengwe le sengwe!—Pesalema 145:16.

[Mafoko a a mo go tsebe 22]

“Go tlhomamisa gore mongwe le mongwe o na le dijo tse di lekaneng ke kgang e e amanang thata le dipolotiki e seng le saense”