Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lebaka La go Bo o Ka Ikanya Diefangele Tsa Baebele

Lebaka La go Bo o Ka Ikanya Diefangele Tsa Baebele

“Dibuka tseno di ile tsa atlega ka tsela e e seng kana ka sepe. Di ile tsa nna le tlhotlheletso mo difiliming tse di neng tsa ja dibilione tsa diranta . . . le dibuka tse di ileng tsa rekiwa thata . . . Makoko mangwe a Bokeresete a ne a di dirisa. Di ile tsa dira gore go nne le madumedi le dikgopolo tse di belaetsang.”—SUPER INTERESSANTE, MAKASINE MONGWE WA DIKGANG WA KWA BRAZIL.

KE ENG se se kana kana se se neng se kgatlha ka tsone? Makasine ono o ne o akgela ka ditiragalo tse batho ba neng ba di kgatlhegela thata tsa bosheng tse di neng di le ka ga go phuthiwa ga dibuka tse e seng diefangele, tse di kwadilweng ka go latelana le tse di senolang boporofeti tse di ribolotsweng mo magareng a lekgolo la bo20 la dingwaga kwa Nag Hammadi le kwa mafelong mangwe kwa Egepeto. Dibuka tseno le tse dingwe tsa mofuta ono gantsi di ne di bidiwa dibuka tsa Gnostic kgotsa Apocryphal. *

A go Ne ga Logiwa Leano Lengwe?

Mo motlheng o batho ba le bantsi ba neng ba sa ikanye Baebele le madumedi a Orthodox, dibuka tse go sa tlhomamisiweng boammaaruri jwa tsone e leng Gnostic kgotsa Apocryphal di ne di lebega di ngoka batho ba le bantsi. Dibuka tseno di ne tsa tlhotlheletsa thata tsela e batho ba le bantsi ba lebang dithuto tsa ga Jesu Keresete le Bokeresete ka yone. Jaaka makasine mongwe o tlhalosa: “Efangele ya ga Thomas le [dibuka] tse dingwe tse go sa tlhomamisiwang boammaaruri jwa tsone di tlhotlheletsa setlhopha se se ntseng se oketsega sa batho mo metlheng eno ya gompieno: ba ba tlhoafaletseng dilo tsa semoya mme ba sa ikanye bodumedi.” Go ile ga lemogiwa gore kwa Brazil fela “go na le bobotlana ditlhopha di le 30 tse bodumedi jwa tsone bo ikaegileng ka dibuka tse go sa tlhomamisiweng boammaaruri jwa tsone.”

Go ribololwa ga dibuka tseno go ile ga anamisa kgang ya gore mo lekgolong la bonè la dingwaga C.E., Kereke ya Katoliki e ne ya loga leano la go fitlha boammaaruri ka ga Jesu, gore dipego dingwe tsa botshelo jwa gagwe tse di tlhagang mo dibukeng tse go sa tlhomamisiweng boammaaruri jwa tsone, di ne di sa kwalwa le gore Diefangele tse nnè tse di neng tsa fitlhelwa mo Dibaebeleng tsa segompieno  di ne di fetotswe. Porofesa nngwe ya bodumedi e bong Elaine Pagels, a re: “Jaanong re simolola go bona gore se re se bitsang Bokeresete—le se re itseng e le tsela e Bakeresete ba dirang dilo ka yone—tota se theilwe mo dibukeng di se kae tse di rileng tse di nang le tshedimosetso e e tswang mo dibukeng tse dingwe tse dintsi.”

Go ya ka se bakanoki ba bangwe ba ba jaaka Pagels ba se buang, Baebele ga se yone fela buka e Bakeresete ba dumelang mo go yone; go na le dibuka tse dingwe tse di jaaka dibuka tse go sa tlhomamisiweng boammaaruri jwa tsone tse ba dumelang mo go tsone. Ka sekai, thulaganyo nngwe ya BBC ya setlhogo se se reng Masaitseweng a Baebele [Bible Mysteries], “Marea Magadalena wa Mmatota [The Real Mary Magdalene]” o ne a lemoga gore dibuka tse go sa tlhomamisiweng boammaaruri jwa tsone di mo tlhalosa e le “morutisi le motho yo o kaelang batho kwa barutweng ba bangwe ka tsela ya semoya. Ga se morutwa fela; ke moaposetoloi yo mogolo mo baaposetoloing ba bangwe.” Fa Juan Arias a ne a akgela ka seabe se go tweng Marea Magadalena o na le sone, o ne a kwala jaana mo lokwalodikgannyeng lwa Estado de São Paulo lwa kwa Brazil: “Gompieno sengwe le sengwe se dira gore re dumele gore mokgatlho wa bogologolo wa Bakeresete o o simolotsweng ke Jesu, e ne e le wa ‘basadi,’ e re ka dikereke tsa ntlha di ne di tshwarelwa mo matlong a basadi, kwa ba neng ba okamela e le baruti le bobishopo teng.”

Go lebega batho ba le bantsi ba leba dibuka tse go sa tlhomamisiweng boammaaruri jwa tsone di le botlhokwa go feta Baebele. Le fa go ntse jalo, tsela eno e batho ba lebang dilo ka yone e dira gore re ipotse dipotso dingwe tsa botlhokwa: A Mokeresete o tshwanetse go ikanya dibuka tse go sa tlhomamisiweng boammaaruri jwa tsone? Fa di sa dumalane le dithuto tse di utlwalang sentle tsa Baebele, ke buka efe e re tshwanetseng go e dumela—Baebele kgotsa dibuka tse go sa tlhomamisiweng boammaaruri jwa tsone? A mme tota mo lekgolong la bonè la dingwaga go kile ga logiwa leano la go thibela le go fetola dibuka tseno tse nnè tsa Diefangele gore tshedimosetso e e botlhokwa ka ga Jesu, Marea Magadalena le ba bangwe e se ka ya tsenngwa mo go tsone? Go bona dikarabo tsa dipotso tseno, a re sekasekeng nngwe ya Diefangele tse nnè tsa Baebele e leng Efangele ya ga Johane.

Bosupi jo bo Tswang mo Efangeleng ya ga Johane

Kapetla ya botlhokwa ya Efangele ya ga Johane e ne ya fitlhelwa kwa Egepeto kwa tshimologong ya lekgolo la bo20 la dingwaga mme jaanong e itsiwe e le Papyrus Rylands 457 (P52). E na le se e leng Johane 18:31-33, 37, 38 mo Baebeleng ya segompieno mme e bolokilwe kwa Laeboraring ya John Rylands kwa Manchester kwa Engelane. Eno ke kapetla ya bogologolo ya mokwalo wa seatla e e sa ntseng e le teng mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Bakanoki ba le bantsi ba dumela gore e kwadilwe mo e ka nnang ka 125 C.E., kwatara fela ya lekgolo la dingwaga kgotsa morago ga loso lwa ga Johane. Sengwe se se kgatlhang ke gore mokwalo wa seatla o o mo kapetleng eno o batla o dumalana le mekwalo ya seatla e e neng ya kwalwa moragonyana. Lebaka la go bo khopi ya Efangele ya ga Johane e ne e setse e isitswe kwa Egepeto kwa kapetla eno e ribolotsweng teng, le tshegetsa kgang ya gore dikgang tse di molemo go ya ka Johane di ne di setse di kwadilwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. mme di kwadilwe ke Johane ka boene jaaka Baebele e bontsha. Ka jalo buka ya ga Johane ke pego ya mosupi yo o boneng ka matlho.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, dibuka tse go sa tlhomamisiweng boammaaruri jwa tsone di kwadilwe tsotlhe mo lekgolong la bobedi la dingwaga go ya pele, dingwaga di le lekgolo kgotsa go feta morago ga ditiragalo tse di se tlhalosang di diragetse. Bangwe ba bomankge ba ngangisana ka gore dibuka tseno tse go sa tlhomamisiweng boammaaruri jwa tsone di ikaegile ka mekwalo kgotsa ditso tsa  bogologolo, mme ga go na bosupi jwa seo. Ka gone, go tla bo go tshwanela go botsa jaana, ke buka efe e o tla e ikanyang thata—bosupi jwa batho ba ba boneng ka matlho kgotsa jwa batho ba ba ileng ba tshela dingwaga di le makgolo morago ga dilo tseo di sena go direga? Karabo ya potso eno e motlhofo. *

Papyrus Rylands 457 (P52), kapetla ya Efangele ya ga Johane ya lekgolo la bobedi la dingwaga C.E., e ne e kwadilwe fela masome a le mmalwa a dingwaga morago ga mokwalo wa yone wa ntlha

Go tweng ka magatwe a gore Diefangele tsa Baebele di ne di fetotswe gore dipego tse di rileng tsa botshelo jwa ga Jesu di se ka tsa tlhaga? Ka sekai, a go na le bosupi jwa gore Efangele ya ga Johane e ne ya fetolwa mo lekgolong la bonè la dingwaga gore e se ka ya umaka dintlha tse di seng boammaaruri? Gore re arabe potso eno, re tshwanetse go gopola gore nngwe ya dibuka tsa botlhokwa tsa Baebele ya segompieno ke mokwalo wa seatla wa lekgolo la bonè la dingwaga o o itsegeng e le Vatican 1209. Fa e le gore Baebele e na le diphetogo tse di dirilweng mo lekgolong la bonè la dingwaga, go raya gore diphetogo tseno di ka bo di le teng mo mokwalong ono wa seatla. Se se itumedisang ke gore mokwalo o mongwe wa seatla o o nang le Luke le Johane, o o itsegeng e le Bodmer 14, 15 (P75), ke wa 175 C.E. go ya go 225 C.E. Go ya ka bomankge, tsela e e kwadilweng ka yone e tshwana thata le ya Vatican 1209. Ka mafoko a mangwe, ga go na diphetogo tse dikgolo tse di ileng tsa dirwa mo Diefangeleng tsa Baebele, mme re na le Vatican 1209 go tlhomamisa seno.

Ga go na bosupi, makwalo kgotsa sepe fela se se tlhomamisang gore tsela e Johane—kgotsa Diefangele tse dingwe—di kwadilweng ka yone e ile ya fetolwa mo lekgolong la bonè la dingwaga. Fa Dr. Peter M. Head wa Yunibesithi ya Cambridge a sena go sekaseka dikapetla tsa mokwalo wa seatla tse di kokoantsweng tse di neng tsa ribololwa kwa Oxyrhynchus, kwa Egepeto, o ne a kwala jaana: “Ka tsela e e motlhofo fela, mekwalo eno ya seatla e tlhomamisa tsela e ditlhaka tse dikgolo di neng di kwalwa ka yone [mokwalo wa seatla o o kwadilweng ka mokwalo o mogolo wa lekgolo la bonè la dingwaga go ya pele] e leng se se dirang gore dikgatiso tsa bosheng di tshwaiwe diphoso. Ga go tlhokege gore go tlhaloganngwe dilo ka tsela e ntšha ya kafa mokwalo wa kwa tshimologong wa NT [Tesetamente e Ntšha] o kwadilweng ka yone.”

Mokwalo wa seatla wa lekgolo la bonè la dingwaga wa Vatican 1209 o o fa godimo o bontsha gore mokwalo wa Diefangele o ne wa fetoga go se kae

Re ka Swetsa ka Goreng?

Diefangele tse nnè tse di tsewang e le karolo ya Dikwalo Tse di Boitshepo—Mathaio, Mareko, Luke le Johane—di ne tsa amogelwa ke Bakeresete mo lefatsheng lotlhe mo e ka nnang mo bogareng jwa lekgolo la bobedi la dingwaga. Buka e e neng e dirisiwa thata ya ga Tatian e e bidiwang Diatessaron (lefoko la Segerika le le kayang “tse nnè”), e e kwadilweng magareng ga 160 le 175 C.E., e ne e dirisa fela tshedimosetso e e tswang mo Diefangeleng tse di tsewang e le karolo ya Dikwalo Tse di Boitshepo mme e sa dirise “diefangele” tsa Gnostic. (Bona lebokoso la setlhogo se se reng  “Go Femela Diefangele.”) Selo se sengwe sa botlhokwa ke kakgelo e e ileng ya dirwa ke Irenaeus yo o neng a tshela go ela kwa bofelong jwa lekgolo la bobedi la dingwaga C.E. O ne a gatelela gore go tshwanetse ga bo go na le Diefangele tse nnè, e re ka go na le dikhutlo tse nnè tsa lefatshe le diphefo tse nnè tse di fokang go tswa mo dikhutlong tse nnè tsa lefatshe. Le fa dipapiso tsa gagwe di ka dira gore go nne le dipotso, ntlha ya gagwe e gatelela kgopolo ya gore go ne go na le dibuka di le nnè fela tsa Baebele tse di tsewang e le Dikwalo Tse di Boitshepo ka nako eo.

Dintlha tseno tsotlhe di bontsha eng? Gore Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika—go akaretsa le Diefangele tse nnè—tse re nang le tsone gompieno ga di a fetoga go simolola kwa lekgolong la bobedi la dingwaga go ya pele. Ga go na lebaka le le utlwalang la go dumela gore go ile ga logiwa leano mo lekgolong la bonè la dingwaga go fetola kgotsa go thibela karolo nngwe ya Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng  ke Modimo. Go farologana le seo, mokanoki wa Baebele e bong Bruce Metzger o ne a kwala jaana: “Go ela kwa bofelong jwa lekgolo la bobedi la dingwaga, . . . diphuthego tse di phatlaletseng le tse di farologaneng tsa badumedi di ne tsa dira tumalano ya botlhokwa malebana le karolo e kgolo ya Tesetamente e Ntšha e e ileng ya fitlhelwa kwa Mediterranean mme gape le go ya kwa mafelong a kwa Boritane go ya kwa Mesopotamia.”

Moaposetoloi Paulo le Petere ba ne ba buelela boammaaruri jwa Lefoko la Modimo. Boobabedi ba ne ba tlhagisa Bakeresete ka bone fela thata gore ba se ka ba amogela kgotsa ba dumela sepe ntle le se ba neng ba se rutilwe. Ka sekai, Paulo o ne a kwalela Timotheo jaana: “Wena Timotheo, disa se o se neilweng gore o se tlhokomele, o furalela dipuo tse di se nang mosola tse di senyang boitsheko jwa se se boitshepo le dikganetso tsa se se bidiwang “kitso” mme e se yone. Gonne ka go dira mponeng ka kitso e e ntseng jalo bangwe ba fapogile mo tumelong.” Petere o ne a gatelela seo jaana: “Nnyaa, e ne e se ka go latela dipolelo tsa maaka tse di logetsweng maano ka boferefere go bo re ne ra lo tlwaelanya le maatla le go nna gone ga Morena wa rona Jesu Keresete, mme e ne e le ka go bo re ne re fetogile basupi ba ba boneng tlotlomalo ya gagwe ka matlho.”—1 Timotheo 6:20, 21; 2 Petere 1:16.

Moporofeti Isaia o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana mo makgolong a dingwaga a a fetileng: “Bojang jo botala bo omeletse, sethunya se swabile; mme fa e le lefoko la Modimo wa rona, le tla nna ka bosakhutleng.” (Isaia 40:8) Le rona re ka tlhomamisega ka tsela e e tshwanang gore yo o ileng a tlhotlheletsa Dikwalo Tse di Boitshepo gape o ne a di boloka go ralala dingwaga di le dintsi e le gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.”—1 Timotheo 2:4.

^ ser. 3 Lefoko “Gnostic” le le ka kayang “kitso e e fitlhegileng” le lefoko “Apocryphal” le le ka kayang “go fitlha ka kelotlhoko” a tswa mo mafokong a Segerika. Mafoko ano a dirisiwa fa go buiwa ka dibuka tse di seng boammaaruri kgotsa tse di seng boitshepo tse di lekang go etsa Diefangele, Ditiro, makwalo le ditshenolo tse di mo dibukeng tse di boitshepo tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika.

^ ser. 11 Bothata jo bongwe malebana le dibuka tse go sa tlhomamisiweng boammaaruri jwa tsone ke gore go setse dikhopi di le mmalwa fela tsa tsone. Go setse kapetla e le nngwe e e nang le halofo ya mokwalo wa ntlhantlha le dikapetla tse pedi tse dinnye tsa Efangele ya ga Marea Magadalena. Mo godimo ga moo, go na le pharologanyo e kgolo mo mekwalong ya seatla e e leng teng.