Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Le wena o ka simolola gone jaanong go ipaakanyetsa go tshela kwa lefatsheng le lesha

Lefatshe la Paradaise le Gaufi!

Lefatshe la Paradaise le Gaufi!

Modimo o bopetse lefatshe gore batho ba ba ikanyegang ba nne mo go lone go ya go ile. (Dipesalema 37:29) O ne a naya Adame le Efa tshingwana e ntle a bo a ba naya boikarabelo jwa gore ba e leme le go tlhokomela lefatshe.—Genesise 1:28; 2:15.

Gompieno lefatshe ga le a nna jaaka fa Modimo a ne a ikaeletse. Le fa go ntse jalo, Modimo ga a ise a fetole maikaelelo a gagwe. O tla dira jang gore lefatshe le boe e nne Paradaise? Jaaka re ithutile mo ditlhogong tse di fetileng Modimo ga a tle go senya polanete ya rona. Go na le moo, o tlile go dira gore batho ba ba ikanyegang ba tshele mo go yone. Go tlile go nna jang fa Modimo a diragatsa maikaelelo a gagwe?

Puso e e busang lefatshe lotlhe

Go ise go ye kae, Bogosi Jwa Modimo bo tlile go busa lefatshe mme batho ba ba tlileng go tshela mo go lone ba tlile go itumelela go dira ditiro tse di ba itumedisang. Modimo o tlhomile Jesu Keresete gore a buse lefatshe. Gompieno babusi ba le bantsi ga ba kgathalele batho ba ba ba busang, mme Jesu ene o farologane ka gonne ka metlha dilo tse a di dirang di solegela batho molemo. Sengwe le sengwe se a tla bong a se dira se tla bo se tlhotlhelediwa ke lorato ka gonne o bonolo, o kutlwelobotlhoko e bile ga a tlhaole batho.—Isaia 11:4.

Batho botlhe ba tla utlwana

Batho ga ba kitla ba tlhola ba tlhaolana ka ditso le gore ba tswa kwa dinageng dife. Botlhe fela ba tla bo ba utlwana. (Tshenolo 7:9, 10) Batho botlhe ba ba tla bong ba tshela mo lefatsheng ba tla bo ba rata Modimo e bile ba ratana, gape ba tla diragatsa maikaelelo a Modimo a go tswa kwa tshimologong, a go dira gore lefatshe le nne lentle.—Dipesalema 115:16.

Dilo tsa tlholego ga di kitla di gobatsa batho

Fa Bogosi Jwa Modimo bo busa mo lefatsheng Mmopi wa dilo tsotlhe o tlile go laola maemo a bosa. (Dipesalema 24:1, 2) Jesu o ne a bontsha gore Modimo o mo neile maatla fa a ne a kgalemela phefo. (Mareko 4:39, 41) Fa Keresete a busa ga go na ope yo o tla tlholang a tshaba masetlapelo a tlholego. Fa Bogosi Jwa Modimo bo busa re tla bo re tshela ka kagiso le diphologolo e bile re tla bo re tshela mo lefatsheng le lentle le le le phepa.—Hosea 2:18.

Batho ba tla bo ba na le botsogo jo bo siameng e bile dijo e tla bo e le ntletsentletse

Batho ba tla nna le botsogo jo bo siameng. Ga go na ope yo o tla tsofalang, a lwala a bo a swa. (Isaia 35:5, 6) Batho ba tlile go itumelela go tshela mo lefatsheng le lentle le le le phepa fela jaaka banyalani ba ntlha ba ne ba tshela kwa tshimong ya Edene. Kwa lefatsheng le lesha, go tla nna le dijo tse dintsi fela jaaka go ne go ntse kwa Edene. (Genesise 2:9) Batho ba tla itumelela go ‘ja senkgwe sa bone ba bo ba kgora.’—Lefitiko 26:4, 5.

Batho ba tla itumelela go nna ka kagiso ba sa tshabe sepe

Kwa lefatsheng le lesha, batho botlhe ba tla nna ka kagiso e bile ba tla dirisana sentle. Go tla bo go se na dintwa, ga go na ope yo o tla gatelelang ba bangwe, e bile batho botlhe ba tla bo ba na le dilo tse ba di tlhokang. Baebele e solofetsa gore: “Mongwe le mongwe o tla nna ka fa tlase ga setlhare sa gagwe sa morara le ka fa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, mme ga go na ope yo o tla ba tshosang.”—Mika 4:3, 4.

Mongwe le mongwe o tlile go nna le lefelo le a nnang kwa go lone le tiro e a itumelelang go e dira

Malapa otlhe a tla nna le matlo, e bile ga a kitla ba tshaba gore tsatsi lengwe a tla tlosiwa mo matlong a one. Sengwe le sengwe se re tla bong re se dira, se tla atlega. Go tla nna fela jaaka Baebele e tlhalosa, fa e re: “Ga ba kitla ba dira ka natla ba direla lefela.”—Isaia 65:21-23.

Thuto ya maemo a a kwa godimo

Baebele e a re: “Lefatshe le tla bo le tletse kitso ya ga Jehofa.” (Isaia 11:9) Batho ba ba tla bong ba tshela mo lefatsheng ba tla ithuta ka botlhale jwa ga Jehofa le dilo tse a di bopileng. Ga ba kitla ba dirisetsa botlhale jwa bone go dira dibetsa kgotsa go gobatsa batho ba bangwe. (Isaia 2:4) Go na le moo, ba tla ithuta gore ba ka tshela jang ka kagiso le batho ba bangwe le gore ba ka tlhokomela jang lefatshe.—Dipesalema 37:11.

Ba tla tshelela ruri

Modimo o ile a tsaya matsapa fa a ne a bopa lefatshe gore re itumelele go tshela mo go lone. Maikaelelo a gagwe e ne e le gore batho ba tshelele ruri mo go lone. (Dipesalema 37:29; Isaia 45:18) E le gore Modimo a diragatse maikaelelo a gagwe, o tlile go “kometsa loso ka bosakhutleng.” (Isaia 25:8) Baebele e re solofetsa gore “loso lo tla bo lo sa tlhole lo le teng, e bile go tla bo go sa tlhole go na le khutsafalo kgotsa selelo kgotsa botlhoko.”(Tshenolo 21:4) Modimo o tlile go naya batho ba ba tla falolang fa a fedisa batho ba ba bosula, tshono ya go tshelela ruri, a bo a e naya le batho ba ba tla tsosiwang.—Johane 5:28, 29; Ditiro 24:15.

Gone jaanong, batho ba le bantsi ba setse ba ipaakanyetsa go tshela kwa lefatsheng le lesha ka gonne le gaufi. Le fa gone ba sa itekanela, ba leka go tshela ka tsela e Modimo a tla batlang gore batho ba ba tla tshelang kwa lefatsheng le lesha ba tshele ka yone. Ba dira seo jang? Ba ithuta ka Jehofa Modimo le ka yo a mo romileng e bong Jesu Keresete.—Johane 17:3.

Fa o batla go itse gore ke eng se o tshwanetseng go se dira gore o falole fa lefatshe leno le fedisiwa le gore o kgone go tshela kwa lefatsheng le lesha, Amogela thuto ya Baebele ya mahala go tswa mo Basuping ba ga Jehofa kgotsa tsena mo websaeteng ya www.jw.org.